Jump to content

Carol Beckwith

Go tswa ko Wikipedia

Carol Beckwith (o tshotswe ka Phukwi a thlola lesome ka ngwaga wa 1945) ke motsayaditshwantshô wa kwa Amerika, mokwadi, le motaki

Carol Beckwith
Angela Fisher (left) and Carol Beckwith (right), Hatchards, London, November 2018
Tsalo (1945-07-10) July 10, 1945 (age 78)
Alma materSchool of the Museum of Fine Arts, Boston
TiroMotsayaditshwantsho
Notable work
Maasai, Nomads of Niger, African Ceremonies, Passages, Lamu, African Ark, Dinka

yo o itsegeng ka tiro ya gagwe ya bobegakgang jwa ditshwantsho a kwala ka ditso tsa setso sa merafe ya Afrika, segolo thata ka tirisanommogo le motsayaditshwantshô wa kwa Australia Angela Fisher. Beckwith le Fisher ba gatisitse dibuka di le lesome le bone, mme dinepe tsa bone di tlhageletse mo National Geographic, Natural History, African Arts, The Observer Magazine, Time, Life, Vogue, Marie Claire le Elle.

Ba tsweletse go bontsha le go ruta kwa di gallery le dimusiamo lefatshe ka bophara, go akaretsa The American Museum of Natural History le The Explorers Club kwa New York City, The Smithsonian Institution kwa Washington, DC, le Royal Geographical Society kwa London.[1]Gape ba dirisane mmogo mo difiliming di le nne tse di buang ka dingwao tsa Seaforika. Mmogo ba amogetse ditlotlomatso di le dintsi, go akaretsa le United Nations Award for Excellence, Royal Geographical Society's Cherry Kearton Medal, di le pedi tsa Anisfield-Wolf Book Awards, The Explorers Club's Lowell Thomas Award, le WINGS WorldQuest Lifetime Achievement Award[2].

Ka gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Botshelo jwa gagwe go tswa pele

Carol Beckwith o belegetswe kwa Boston, Massachusetts, kwa a ileng a ya go tsena kwa Sekolong sa Museum of Fine Arts, Boston le Goucher College kwa Maryland. Morago ga go bona dikirii ya gagwe ya Painting and Photography, o ne a gapa sekgele sa go ya kwa mafelong a a farologaneng a a neng a abelwa ke Musiamo wa kwa Boston, e leng se se neng sa dira gore a kgone go etela dinaga tse dingwe lekgetlho la ntlha.

O ne a nna dikgwedi di le supa kwa Japane, a nna mo tempeleng ya Zen mme a ithuta go taka ka mokwalo wa seatla. O ne a tswelela go ralala borwabotlhaba jwa Asia le New Guinea, kwa a neng a bona "sing-sing", kokoano ya batlhabani ba kwa dithabeng ba le 90,000, kwa Mount Hagen, mme a palama Chambri Lakes ka mokoro, maitemogelo a a neng a a bitsa "e nngwe ya maitemogelo a mantle, le ka tsela e e bopang, mo botshelong jwa me".

Loeto lwa gagwe lwa ntlha kwa Afrika e ne e le ka 1973, fa a ne a lalediwa go ya go fetsa Keresemose le tsala kwa Kenya. Beckwith o ne a reka tekete ya malatsi a le masome a mane le botlhano ya go ya le go boa mme a feleletsa a ntse dikgwedi di le robedi. Fa a le koo o ne a kopana le Bamasai ba ba neng ba mo laletsa go tla go bona moletlo wa go rupisiwa ga basadi. E re ka a ne a gakgamaditswe ke moetlo ono, o ne a swetsa ka gore a fetse nako e ntsi le Bamasai[3]

Tiro

Beckwith o ne a ithuta go tsaya dinepe kwa kholetšheng mme kwa tshimologong o ne a ikaeletse go nna motaki. E ne e le ka nako ya fa a ne a etela New Guinea fa a ne a lemoga mesola ya go tsaya dinepe, a re "go ne go na le dilo tse dintsi tse di kgatlhang tse ke neng ka simolola go di tsaya dinepe, ke di tsaya ka leitlho la motaki ka lesedi, mmala le popego ya tsone. Ke ne ke batla gore ditshwantsho tseno e nne dilo tse di farologaneng tse di ka diragalelang motho ka tsela e e tshwanang le ya go taka. [Go tsaya ditshwantsho] e ne e lebega e le sediriswa se se siametseng go tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo. Tirisanommogo ya ntlha ya ga Beckwith e ne e le le Tepilit Ole Saitoti, moithutaditshwantshô le motlhabani wa pele wa Maasai yo a kopaneng nae kwa Boston ka nako ya nngwe ya dipontsho tsa gagwe tsa go taka. Tirisanommogo ya bone e ne ya dira gore go kwalwe buka ya Maasai (Abrams, 1980). O ne gape a dira mmogo le Marion van Offelen go tlhagisa Nomads of Niger (Abrams, 1983), buka e e buang ka badisa ba dikgomo ba Wodaabe. Le fa a ne a se na katiso ya semmuso ya thutoloago, ka go dira a le esi le ba bangwe ba ba jaaka Saitoti, van Offelen le Linda Donley-Reid, o ne a "kgona go itse mekgwa ya go botsolotsa, go ithuta dipotso tse a tshwanetseng go di botsa gore a kgone go batlisisa dintlha tse dintsi tsa botshelo jwa setso sa Seaforika.

Tirisanommogo le Angela Fisher

Beckwith o ne a utlwa ka Angela Fisher la ntlha ka morwarraagwe Fisher e bong Simon ka ngwaga wa 1974, fa a ne a palame balunu ya moya o o mogote kwa nageng ya Ba-Masai. Ba ne ba kopana ka nako ya pontsho ya ga Fisher ya dibenyane tsa setso tsa Afrika kwa Nairobi, koo ba neng ba lemoga gore ba na le keletso e e tshwanang ya go kwala ditso tsa setso tsa Afrika. Mo bekeng e le nngwe fela, ba ne ba setse ba tsaya dinepe tsa mokete wa masole a Maasai mmogo.[4]

Mo dingwageng tse di fetang masome a mararo ba ntse ba dira mmogo, ba dirile African Ark (Abrams, 1990), African Ceremonies (Abrams, 1999), Passages (Abrams, 2000), Surma (Taller Experimental, 2002), Karo (Taller Experimental, 2002), Maasai, Himba, Hamar (Taller Experimental, 2002), Faces of Africa (Abrams, 2004), Lamu: Kenya's Enchanted Island (Abrams, 2009), le Dinka (Abrams, 2010). Ga jaana (2011) ba dira ka go feleletsa patlisiso ya bone ya Pan-African ya botaki jwa go penta mmele ka buka e e nang le setlhogo sa Africa: Spirit of Paint, mmogo le mo thulaganyong ya bone ya boraro le ya bofelo ya African Ceremonies, e e nang le setlhogo sa African Twilight, e e rulaganyeditsweng go phasaladiwa ka ngwaga wa 2013. Beckwith o nna kwa New York City mme Fisher ene o nna kwa Lontone.

Metswedi ya tshedimosetso[fetola | Fetola Motswedi]

Dibuka

  • 1980 Maasai (text by Tepilit Ole Saitoti.). USA: Abrams; UK, Germany and France: Abradale.
  • 1983 Nomads of Niger (text by Marion van Offelen.). USA: Abrams; France: Abradale.
  • 1990 African Ark: People and Ancient Cultures of Ethiopia and the Horn of Africa (co-authored with Angela Fisher and Graham Hancock). USA, UK, France, Germany and Italy: Abrams.
  • 1999 African Ceremonies I (co-authored with Angela Fisher). USA, UK, France, Germany and Italy: Abrams. United Nations "Award for Excellence" for 1999.
  • 1999 African Ceremonies II (co-authored with Angela Fisher). USA, UK, France, Germany and Italy: Abrams. United Nations "Award for Excellence" for 1999.
  • 2000 Passages (co-authored with Angela Fisher). USA and France: Abrams.
  • 2002 African Ceremonies Concise (co-authored with Angela Fisher). USA and France: Abrams.
  • 2002 Surma (co-authored with Angela Fisher). Santiago, Chile: Taller Experimental.
  • 2002 Karo (co-authored with Angela Fisher). Santiago, Chile: Taller Experimental.
  • 2002 Maasai, Himba, Hamar (co-authored with Angela Fisher). Santiago, Chile: Taller Experimental.
  • 2004 Faces of Africa (co-authored with Angela Fisher). USA and France: National Geographic Society.
  • 2008 Dinka: 2008 (co-authored with Angela Fisher). Chile: R.E.Producciones; California, USA: Timeless Art Productions. HP Indigo Award.
  • 2009 Lamu: Kenya's Enchanted Island (co-authored with Angela Fisher, David Coulson and Nigel Pavitt). USA: Rizzoli. ForeWord Reviews' "Book of the Year" Award for 2009.
  • 2010 Dinka: Legendary Cattle Keepers of Sudan (co-authored with Angela Fisher). USA: Rizzoli.
  • 2012 Painted Bodies: African Body Painting, Tattoos and Scarification. USA: Rizzoli
  • 2018 African Twilight: The Vanishing Rituals and Ceremonies of the African Continent. USA: Rizzoli

filimi le thelebishene[fetola | Fetola Motswedi]

  • 1986 Way of the Wodaabe
  • 1988 Nomads of Niger
  • 1990 The Painter and the Fighter
  • 1992 Millennium: Tribal Wisdom and the Modern World

Dikgele le Ditlhompho[fetola | Fetola Motswedi]

  • 1991: Anisfield-Wolf Book Award in race relations for "outstanding contributions to the understanding of cultural diversity and prejudice”
  • 1999: United Nations Award for Excellence
  • 2009: Book of the Year Award from ForeWord Reviews
  • 2009: Image Award from Sociedad Geográfica Española
  • Cherry Kearton Medal from the Royal Geographical Society of London for their "contribution to the photographic recording of African ethnography and ritual”
  • 2010: Lowell Thomas Award from The Explorers Club honoring men and women who have distinguished themselves in the field of exploration
  • 2010: Lifetime Achievement Award from WINGS WorldQuest honoring the accomplishments of visionary women

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Alad Archived August 7, 2013, at the Wayback Machine
  2. African Ceremonies Archived July 21, 2011, at the Wayback Machine (official site)[1]
  3. "An Interview with Carol Beckwith", African Arts, Vol. 18, No. 4 (Aug. 1985), pp. 38–45.
  4. "Faces of Africa" Photographers on Their 30-Year Endeavor