Jump to content

Caroline Southwood Hill

Go tswa ko Wikipedia

Botshelo le Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Caroline Southwood Hill (née Smith; o tshotswe ka 21 March 1809 – a tlhokafala ka letsatsi la 31 December 1902) ene ele morutabana wa Sekgoa le mokwadi. Ka ngwaga wa 1837 o ne a simolola, ebile a etelelapele Pestalozzian infant school kwa Wisbech; gompieno kago ya teng e dirisiwa ke badiragatsi ba dipolelo ba Angles Theatre[1]. Mme Hill o ne a tsaya karolo mo mananenong a mantsi a badiragatsi, mme a felela a nna le badiragatsi ba ba ne ba batla go fetola diemo tsa nabo ya bone. O ne a kwala dibuka tse di itebagantseng le bana, a thusa go oketsa dikwalo tse di seng tsa gatisiwa jaaka The Nineteenth Century le Charles Dickens's Household Words[2].

Caroline Southwood Hill

Mme Caroline Southwood Hill ene le morwadie Thomas Southwood Smith (1788–1861), yo ene ele ngaka le motho yo o ne a lwela ditshwanelo tsa gore mafelo a nne phepha, le gore botsogo jwa batho, gore e nne jo bo siameng. Ka ngwaga wa 1832 Mme Hill o ne a nna motlhokomedi wa bana ba le thataro (6) ba ga James Hill, fa a sena go latlhegelwa ke mosadi wa gagwe wa bobedi, Eliza (1802-1832). Mme Caroline le Rre James Hill ba ne ba nyalana ka letsatsi la masome a mabedi le bongwe, kgwedi ya Phukwi, ngwaga ele le 1835.

Mme Hill o ne a tshola Gertrude ka ngwaga wa 1837, Gertrude o ne a gola, a nyalwa ke Charles Lee Lewes stepson sa ga George Eliot[3], bana ba gagwe ba bangwe ene ele Octavia Hill (1838–1912) and Miranda Hill (1836–1910), Octavia le Miranda ba ne ba lwela phetogo mo diemong tsa lefatshe nako eo le ditshwanelo tsa batho. Bana ba ga Mme Hill ba bangwe ene e le Emily Hill (a tshotswe ka 1840) le ene o ne a nyalwa, Rragwe monna wa gagwe ele ele F.D. Maurice yo ene ele Christian Socialist. Ngwana wa ga Mme Hill wa bofelo ke Florence a tshotswe ka 1843[2].

Lefelo ka Octavia Hill Birthplace House, kwa South Brink, Wisbech le ne la tlhokomelwa ke Octavia Hill Society, ebile go beilwe dilo di le dintsi tsa lelwapa la bo Rra Hill, go nale mokwalo o o kwaletsweng James and Caroline Hill, mo kagong eo e ba e agileng ka ngwaga wa 1837[4].

Tiro e e gatisitsweng[fetola | Fetola Motswedi]

  • Southwood Hill, Caroline (1870). Wild-Flowers and their uses. London: Chambers.
  • Southwood Hill, Caroline (1906). Notes on Education. London: Seeley and Co.
  • Southwood Hill, Caroline (1907). Roundling and Other Fairy Tales. London: Seeley and Co

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Wright, Neil R (2016). Treading the Boards. Society for Lincolnshire History & Archaeology.
  2. Gleadle, Kathryn. "Hill [née Smith], Caroline Southwood (1809–1902)". "Oxford Dictionary of National Biography" (online ed.). Oxford University Press. dot: 9780198614128-e-60328. Subscription or UK public library membership required.)
  3. Darley, Gillian. "Hill, Octavia (1838-1912)". "Oxford Dictionary of National Biography" (Subscription or UK public library membership required.)
  4. "Angles Theatre". Historic England. Retrieved 15 July 2023.
  1. https://en.wikipedia.org/wiki/Angles_Theatre
  2. 2.0 2.1 https://www.oxforddnb.com/display/10.1093/ref:odnb/9780198614128.001.0001/odnb-9780198614128-e-60328
  3. https://en.wikipedia.org/wiki/Dictionary_of_National_Biography#Oxford_Dictionary_of_National_Biography
  4. https://historicengland.org.uk/listing/the-list-entry/1125904