Jump to content

Charity Wayua

Go tswa ko Wikipedia

Charity Wayua (o tshotswe ka ngwaga wa 1985) ke mme wa moKenya yo eleng chemist le motho yo o tlhotlhomisang dilo the di farologanyeng (researcher), o bereka ele Corporate Strategy Associate ko International Business Machines (IBM), kompone e e kwa Greater New York City area[1].

Charity Wayua
Tsalo1985 (age 38–39)
LetsoKenyan
Ke moKenya
Alma materAlliance Girls High School
(High School Diploma)
Xavier University
(Bachelor of Science in Chemistry)
Purdue University
(Doctor of Philosophy in Medicinal and Pharmaceutical Chemistry)
TiroResearch Scientist
Dingwaga tsa a le mo tirong2007 — present
O itsegi kaAdministrative Skills, Research
TitleCorporate Strategy Associate at International Business Machines
MosadiPeter Ayiro
MasikaKen Mbuki (sibling)

Botshelo le Thutego

[fetola | Fetola Motswedi]

Charity o tsene sekolo ko Alliance Girls High School, sekolo se se kwa teropong ya Kikuyu, e e kwa Kiambu County, o ne a fiwa High School Diploma ka ngwaga wa 2002[1]. A felela a tsena kwa Xavier University kwa United States, a fetsa ka ngwaga wa 2007, a fiwa setlankana sa Bachelor of Science degree in Chemistry. Purdue University, unibesithe e e kwa Indiana state kwa Amerika e ne ya mo fa setlankana sa Doctor of Philosophy degree, se remeletse mo Pharmaceutical Chemistry, ka 2011[1][2][3]

Mme Wayua o ne a ithuta kwa dikolong tse dikgolwane kwa United States, a sponsorisa ke Zawadi Africa Education Fund, e e tlhamilweng ebile e thusiwa ka madi ke Mme Susan Mboya, yo eleng ngwana wa ga Rre Tom Mboya, mongwe wa batho ba ne ba lwela independence ya Kenya. Zawadi Fund e kwadisitse kwa lefatsheng la Amerika, ke mokgatlho o o sa berekeleng madi (non-profit), e bereka go thusa bana ba basetsana kwa Kenya ba ba botlhale mme ba sena ditshono le ditsompelo tsa go ithuta kwa dikolong tse dikgolwane, kwa mafatsheng a sele, ba bo ba boela kwa Kenya go thusa lefatshe gore le tlhabologe[4].

O ne a feletsa a nyalwa ke Rre Peter Ayiro, yo eleng morutabana wa puo ya se Geremane kwa sekolong se a kileng a tsena kwa go sone, Alliance Girls' High School.

Pereko ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Erile a fetsa setlankana sa gagwe sa ntlha kwa Unibesithe, Charity o ne a ruta bana ba ba simololang Unibesithe (Undergraduates) Chemistry, ele mothusa morutabana, kwa Purdue University, ko West Lafayette, Indiana, go fitlhela Phatwe 2009[1].

Fa a fetsa dithuto tsa gage tsa bongaka, o ne a hirwa ke IBM ele research scientist, a hirelwa Afrika region, a berekelwa kwa Nairobi, teropo kgolo ya Kenya[1][2][5].

O etelela setlhopha ya batho ba ba dirang research e e filweng tletla ya go dira le go simolola "commercially viable technologies" e e tla thusang mebuso go bereka le go thusa batho ba lefatshe. Tiro e e dirwang ke Mme Wayua le setlhopha sa gagwe ba bereka le mmuso wa Kenya go simolola ka ngwaga wa 2013 go felela ka ngwaga wa 2014. Tiro ya bone go bereka le mmuso wa Kenya, e lemogilwe fa e thusitse lefatshe la Kenya mo palamela maemo a le masome a mabedi le bongwe (21 spots) mo pading tsa World Bank annual Ease of Doing Business[2][6].

Ka kgwedi ya June, ngwaga wa 2018, Mme Charity Wayua o ne a tlhatogiswa maemo go nna Corporate Strategy Associate kwa IBM, o tswelela go berekela kwa Nairobi, Kenya, diofisi tse ditona tsa IBM di kwa Armonk, New York State[1].

Temogo ya tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetse, ngwaga wa 2018, Charity Wayua, mme wa moKenya, o ne a lemogiwa ke Business Daily Africa, go kwadilwe ka Sekgoa, a balelwa mo "Top 40 Under 40 Women in Kenya in 2018"[5].

O ka bona le ba ba latelang

[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi e e kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 "Charity Wayua: Corporate Strategy Associate at IBM". LinkedIn Retrieved 24 November 2018.
  2. 2.0 2.1 2.2 IBM (24 Phatwe 2016). "Charity Wayua: Research Manager: Public Sector, IBM Research - Africa" . Armonk, New York State: International Business Machines (IBM), Retrieved 24 November 2018.
  3. Innovations for Poverty Action (2018). "The Education of Charity Wayua, Research Scientist at IBM Research, Africa". Washingtonian, DC: Innovations for Poverty Action. Retrieved 5 May 2019.
  4. Muiruri, Billy (30 June 2007). "Pursuing a Father's dream". Daily Nation. Nairobi. Retrieved 26 November 2018.
  5. 5.0 5.1 Nation Media Group (September 2018). "Top 40 under 40 Women, 2018.pdf. Nairobi: National Media Group. Retrieved 24 November 2018.
  6. World Bank (21 June 2017). "Charity Wayua: A few ways to fix a government." (Video). Washington, DC: World Bank Group, Retrieved 26 November 2018.