Charley Johnson

Go tswa ko Wikipedia

Charley Lane Johnson (yo o tshotsweng ka Ngwanaatsele a le masome a mabedi le bobedi, 1938) e ne e le motshameki wa kgwele ya seAmerika (American football) yo e neng e le quarterback mo National Football League (NFL). O tshamekile kgwele ya seAmerika ya mmadikole (college football) kwa New Mexico State Aggies. Johnson o tshamekile mo NFL dingwaga di le lesome le botlhano le ditlhopha tse tharo: St. Louis Cardinals, Houston Oilers, le Denver Broncos. Morago ga tiro ya gagwe ya go tshameka, o ne a nna motlhatlhelela dithuto mogolo (professor) wa chemical engineering.

Tiro ya Mmadikole[fetola | Fetola Motswedi]

Motlholegi wa kwa Big Spring, Texas, Johnson pele o ne a tshwanetse go tshameka kgwele ya seAmerika ka scholarship kwa Schreiner Institute, mme sekole seo sa emisa kgwele fa setlha se goroga. O ne a fudugela kwa New Mexico State University, mme a dira seo ka scholarship go ya go tshameka basketball mme o ne a tshameka kgwele a sena scholarship koo (walk-on), mme kwa bofelong a fenya go nna mosimolodi e le quarterback.[1]

Nako ya fa a dira tiro ya gagwe ya kgwele ya seamerika ya mmadikole (college football) kwa New Mexico State e nnile ene fela go fitlha tsatsi jeno go bitswa motshameki yo o tlhwatlhwa-Most Valuable Player wa Sun Bowl mo dingwageng tse di tlhomaganeng, a fenya tlotla yeo ka 1959 le 1960.[2] Ke leloko la NMSU Sports Hall of Fame ebile ke motshameki wa ntlha mo ditsong tsa kgwele ya seAmerika kwa NSMU go nna le nomore ya jeresi (33) ya gagwe e ntshiwa mo tshamekong.

Tsa Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a tlhophiwa ka legato la bofelo ke San Diego Chargers ya AFL le St. Louis Cardinals ya NFL, mme a tlhopha go ya kwa St. Louis. Morago ga diteko di le lesome le boraro mo setlheng sa gagwe a le mosha ka 1961, o ne a nna mosimolodi kwa Cardinals mo dingwageng tse tlhano tse di latelang. O ne a bitswa go ya kwa NFL Pro Bowl ka 1963 morago ga go dira sentle ga dikgato tse 3,280 tsa go fitisa kgwele le ditlhago tsa touchdown di le masome a mabedi le boferabobedi, o ne a tlhagelela mo khabareng ya Sports Illustrated ga bedi, ka Sedimonthole a le malatsi a le lesome le bone, 1964 le ka Ngwanaatsele a tlhola gangwe, 1965. Ka 1964, o ne a eteletse liki ka dipheleletso tse 223, ditekeletso tse 420, dikgato tsa ditlhago di le 3,045, le dikgoreletso tse masome a mabedi le bone. Ka 1966, o ne a na le go tswa ko morago ga karolo ya bone mo go neng go ga isa go mmeile kwa pele mo liking. O ne a tshameka e le motshwareledi wa ga Jim Hart ka 1967, le fa a ne a simolotse metshameko e le mebedi fela, o ne a tswelela ka go tswa ko morago ga karolo ya bone, gabedi mo liking ka 1968. O ne a kgaogana nako le Hart ka 1969 pele ga a rekisediwa Houston. Koo o ne a simolola metshameko e le lesome le bone mo ditlheng tse pedi (1970–71), pele ga a fetsa tiro ya gagwe ka go nna dingwaga tse nne kwa Denver. O ne a simolola metshameko e robabongwe kwa Broncos ka 1972, le metshameko yotlhe ka bo lesome le bone ya setlhopa sa 7–5–2 ka 1973. Ka 1974, mo setlheng sa gagwe sa bo lesome le bone, o ne a etelela liki ele lantlha ka dikgato mo tekeletsong tse 8.1. A simolola ngwaga wa gagwe wa bofelo (final year) ka tlhago ya touchdown ya dikgato dile masome a ferabongwe a e isa kwa go Rick Upchurch kgatlhanong le Kansas City Chiefs, ele yone fela tlhago ya 90+ mo dingwageng tse some ya Bronco.[3] Go fitlha ka 2017, kgato ya gagwe ya 16.45 mo tekeletsong mo motshamekong e santse e le rekote ya setlhopha seo, ebile ke leloko la Denver Broncos Ring of Fame.

Johnson o ne a iponagatsa e le leferefere ka Tlhakole a le lesome le bone, 1966 mo kgatisong ya setshwantsho sa motshameko mo CBS sa To Tell the Truth. O ne a itshupa gore ke mang ka nnete morago ga a bona tlhopho e le nngwe.[4]

O ne a tlogela tiro ka 1975 ka rekote ya 59–57–8 e le mosimolodi, ka dipheleletso tse 1,737 ( mo nakong eo, o ne a beilwe mo maemong a bo lesome le boraro a motshameki wa kgwele ya seAmerika wa nako tsotlhe) ka ditekeletso di le 3,392 (13th), mo dikgatong di le 24, 410 (14th), le di touchdown di le 170 (15th), le dikgoreletso di le 181 (14th) le go fetisa ditlhago (passer rating) mo maemong a 69.2 (20th).[5]

Kwa ntle ga kgwele[fetola | Fetola Motswedi]

Moenjeneere wa kwa NMSU, Johnson o tsere bachelor's degree ya chemical engineering kwa NMSU ka dintlha di le 4.0 tsa GPA ka 1961. Johnson o ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe nako ya fa a santse a le kwa NFL mme a tsaya master's le doctorate tsa chemical engineering kwa Washington University kwa St. Louis a ntse a tshameka mo NFL. Fa a dira degree tsa gagwe tsa ntlha, Johnson e ne e le leloko la NMSU Army ROTC; o ne a dirisa go tsena sekolo ga gagwe ga graduate go diya go biletswa kwa sesoleng (commission) go fitlha ka 1967, fa a biletswa go ya sesoleng (active duty). O ne a lemogiwa fa a sa itekanela go ya ntweng, mme o ne a bewa le ba NASA a bereka le bone e le second lieutenant mo United States Army Reserve dingwaga tse pedi (fa a ntse a tshamekela Cardinals ebile a bereka mo dithutong tsa gagwe tsa doctoral).[6][7] Morago ga tiro ya gagwe ya kgwele le sesolo di fela, o ne a bereka mo industry, a bula Johnson Compression Services kwa Houston ka 1981 ebile bereka e le moenjeneere gape a dira didirisiwa go fitlha 1999.[8] Ka 2000, o ne a firwa go nna tlhogo ya lephata la boEnjeneere la New Mexico State, maemo a neng a a tshwara go fitlha ka 2004, mme a nna moprofesa mo lephateng leo go fitlhela a tlogela tiro ka Motsheganong 2012.[7] Johnson e ne gape e le mokatisi mogolo wa sebakanyana wa setlhopha sa kgwele sa NMSU fa setlha se ise se simologe, morago ga go kobiwa ga ga Hal Mumme ka Firikgong 2009.[8]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Bronco Legends – Charley Johnson [1] Bronco Planet Forum. Retrieved 18/10/2023.
  2. Charley Johnson - Legends of the Sun Bowl - Hyundai Sun Bowl - December 31, 2018 - El Paso, Texas. [2] www.sunbowl.org. Archived from the original on December 3, 2017. Retrieved 23/10/2023.
  3. See List [3] Archived December 15, 2017, at the Wayback Machine of 90+ passing TDs by Broncos.
  4. To Tell the Truth. [4] CBS. Archived from the original on December 22, 2021. Retrieved 23/10/2023.
  5. See pro-football-reference.com [5] Archived February 4, 2018, at the Wayback Machine lists. Retrieved 23/10/2023.
  6. NFL legend/engineering professor to retire in May. [6] nmsu.edu. Archived from the original on December 3, 2017. Retrieved 23/10/2023.
  7. 7.0 7.1 Where Are They Now: Charley Johnson. [7] denverbroncos.com. Archived from the original on December 27, 2017. Retrieved 23/10/2023.
  8. 8.0 8.1 epopulate. Ag great continues to support program - Las Cruces Bulletin. [8] www.lascrucesbulletin.com. Archived from the original on December 3, 2017. Retrieved 23/10/2023.