Chibuku Shake Shake

Go tswa ko Wikipedia

Chibuku ke bojalwa jwa mabele jo bo rekisiwang bo remeletse mo setsong sa majalwa a se Africa a Umqombothi: jo bo itirelwang mo lapeng. Mase a dirisiwang ke a momela wa mabele le mmidi, etswa nako dingwe go dirisiwa lebelebele.[1]

Leina La Sekano[fetola | Fetola Motswedi]

"Chibuku" o tswa mo mokgweng wa ga Max Heinrich wa go gatisa ditshwaelo tsa baji bareki le diphetogo tse di diragalang mo tsamaong ya nako mo bukeng. Lefoko "Chibuku" le amogetswe go tswa mo temeng ya kwa Zambia ya Chibemba le le rayang "Buka". "Chi" ke tlhogo ya lefoko e e rayang 'tona' , "buk" a raya buka, fa mogatlana "u" o kaya gore bontsi jwa maina tota mo ditemeng tsa Africa a na le go felela ka tumanosi.[2]

Shake-shake ene o tswa mo mokgweng wa go kgotlhokgotlha/tshikhinya bojalwa pele ga o tsaya mothamo wa ntlha. Bojalwa jo, bo na le setache, germ le sebidiso (tse ka gale di sa tsenngwe mo majalweng a lager le ale). Ere ka diteng tse di tiileng di itsheka ko tlase ga sekgapha, bo tshwanetse ja tshikhinngwa pele ga go nowa.

Diteng Tsa Bojalwa[fetola | Fetola Motswedi]

Seelo sa bogale jwa Chibuku e nchwa se ko tlasenyana, go tloga ka bo 0.5%ABV mo letsatsing le le lengwe. Ere go le jalo, go bela go santse go tsweletse mo sekgapheng, ga bo nna sebaka se se leele pele bo nowa, bo nna bogale le go feta. Bo kgona go fitlha ko go 4%ABV pele ga bo tswa mo go ka noweng morago ga malatsi a magareng ga a mane le a marataro morago ga bo tsenngwa mo dikgapheng.[3].

Letshwao La Itshupo[fetola | Fetola Motswedi]

Chibuku ke letshwao le le tlotlomatsang Africa la bojalwa ja mabele bo bo dirwang ke batlhotlhi ba ba farologaneng ba Africa. [4] [5] Bontlha jwa mabaka a katlego ya letshwao le na ke gore bo tlhotlhwa go rekisiwa ka tsamaiso e netefatsang fa bo le tlhwatlhwa ebile bo babalesegi go banwi.

Chibuku gantsi ke seno se se ikgethelwang ke banwi ba ba sa kgoneng go reka bojalwa jo bo mo mabotlolong, mme ebile se e ka tswa e santse ele se se diragalang mo bontsing jwa banwi kwa Zimbabwe, Zambia, Malawi le Botswana. Le fa go ntse jalo, go na le banwi mo setlhopheng sa ba ba itsholetseng ba ba itumelelang bojalwa jo ka ntlha ya tatso le kamanyo ya jone le botsogo.

Kapeo[fetola | Fetola Motswedi]

Chibuku jaanong e tlhotlhiwa Africa ka bophara ke batlhotlhi ba ba faroloaneng.

  • Botswana e tlhotlhwa ke ba Botswana Breweries Limited e amanang le Kgalagadi Breweries Limited
  • Ghana e tlhotlwa ke Accra Brewing Limited
  • Malawi ke Chibuku Products Ltd
  • Mozambique ke Cervejas de Mocambique
  • South Africa ke United National Breweries (SA)
  • Tanzania ke Tanzania Breweries Limited
  • Uganda ke Nile Breweries Limited
  • Zambia ke National Breweries PLC (Zambia)
  • Zimbabwe ke Delta Corporation - Chibuku e tlhotlhilwe lantlha ko Fort Victoria ka 1962

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Umqombothi
  • Mabele a rekisiwang

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "The Beer Fontier". The Economist. Retrieved 07 October 2023.
  2. "Chibuku". Archived from the original on 10 September 2015. Retrieved 07 October 2023.
  3. SABMiller takes Chibuku across Africa". Retrieved 7 October 2023 .
  4. "UNB Our Beer Brands". Retrieved 8 April 2015.
  5. "Chibuku Brand page". Delta Corporation. Archived from the original on 4 May 2017. Retrieved 20 June 2014.