Jump to content

Da Nang

Go tswa ko Wikipedia
Da Nang

Da Nang ke toropo kgolo kwa Vietnam, Asian. E na le baagi ba le 1.046,876 (2015).

Toropo e ne e itsiwe jaaka Cửa Hàn ka nako ya Đại Việt, le jaaka Tourane (kana Turon) ka nako ya puso ya bokoloniale ya Fora. Pele ga 1997, toropo eno e ne e le karolo ya Quang Nam - Da Nang Province. Ka 1 Ferikgong 1997, Da Nang e ne ya kgaoganngwa le Porofense ya Quảng Nam go nna nngwe ya dimasepala tse nne tse di laolwang ke puso kwa Vietnam. Da Nang ke toropo ya maemo a ntlha, mme e na le seelo se se kwa godimo sa go nna mo toropong go feta diporofense tse dingwe tsa Vietnam kgotsa ditoropo tse di laolwang ke puso.

Da Nang Dragon Bridge
University of Đà Nẵng's main campus, on Le Duan Street.

Da Nang ke lefelo la kgwebo le thuto la Central Vietnam mme ke toropo e kgolo go gaisa mo kgaolong eo. E na le boemakepe jo bo sireleditsweng sentle, jo bo fitlhelelwang bonolo, mme lefelo la yone mo tseleng ya bosetšhaba ya 1 le mo tseleng ya seporo ya North-South Railway e dira gore e nne lefelo la dipalangwa. Ke dikilometara di le 100 go tswa kwa mafelong a le mmalwa a UNESCO World Heritage Sites, go akaretsa le Imperial City ya Huế, Old Town ya Hội An, le marope a Mỹ Sơn.