Dick Wood

Go tswa ko Wikipedia

Malcolm Richard Wood (Tlhakole a tlhola malatsi a le masome a mabedi le metso e roba bongwe, 1936- Moranang a tlhola gane, 2015) e ne ele motshameka morago wa kgwele ya seAmerika (American football quarterback) le mokatisi yo o neng a tshameka kgwele ya seAmerika ya mmadikole (college football) kwa Auburn le tiro mo American Football League (AFL). Morago ga tiro ya gagwe, Wood o ne a dira e le mothusa mokatisi wa kgwele ya mmadikole le mo National Football League (NFL) go feta dingwaga tse masome a mane.[1]

Fa e le Motshameki[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a tshamekela Lannett High School, Wood o ne a bidiwa kwa setlhopheng sa All-state kwa Alabama ka ngwaga wa 1954.[2] O ile a thusa Auburn go fetsa setlha sa 1958 ba sa latlhegelwa.[3] O ne a tlhophiwa ke setlhopha sa Baltimore Colts sa National Fooball League (NFL) ka ngwaga wa 1959. O ne a seka a tshamekela setlhopha seo sa Colts, mme a baa monwana wa gagwe kwa setlhopheng sa Denver Broncos sa American Footbal League (AFL) ele motshameki yo o ikemetseng ka nosi (free agent) ka ngwaga wa 1962. Fa setlha seo se ya motsubong, Wood o ne a nna le nako e ntsi ya go tshameka kwa setlhopheng sa San Diego Chargers, a tshameka metshameko e le merataro mme a simolola e le mebedi (a emetse batshameki ka ene ebong Jack Kemp le John Hadl). O ne a nna ditlha tse pedi (1963 and 1964) kwa New York Jets, a simolola metshameko e le lesome le bobedi ngwaga mongwe le mongwe. Jets e ne ya tlhopha Joe Namath ka 1965, mme ka jalo Wood a iphitlhela ele motshwareledi kwa Oakland Raiders, a simolola metshameko ele meraro go simolola Tom Flores. Mo ngwageng o o latelang, o ne a nna leloko la Miami Dolphins mo setlheng sa bone sa ntlha (inaugral season).[4]

Bokatisi[fetola | Fetola Motswedi]

Mo dingwageng tse di masome a mararo morago ga dinako tsa gagwe ele motshameki, Wood o ne a nna mothusa-mokatisi wa ko pele makgetho a le mantsinyana. O berekile ka fa tlase ga ga Hank Stram kwa New Orleans e le mokatisi wa kwa morago, le Archie Manning a le ha gare. Go tswa foo, o ne a le mo babereking ba setlhopha sa ntlha sa Atlanta Falcons go ya kwa mantshanong ka ngwaga wa 1978. O katisitse Randall Cunningham le Philadelphia Eagles ka dingwaga tsa pele tsa 1900s. O ne a tlogela tiro ya go katisa ka ngwaga wa 1997.

Dipalopalo le bogaka[fetola | Fetola Motswedi]

Wood o simolotse metshameko ele masome a mararo le boraro mme a fetsa ditlhago di le makgolo a matlhano le masome a mabedi le metso e le mebedi, touchdowns di le masome a matlhano le bongwe le dikgoreletso di le masome a supa le bongwe mo tirong ya gagwe.[5]

O tshameketse ditlhopha di le tlhano tse di farologanyeng tsa AFL ka nako ya tiro ya gagwe ya kgwele ya seAmerika,[5] ele ene fela motshameki yo o dirileng jalo.

Wood ke ene motshameka-morago wa ntlha go dira touchdown kwa lebaleng la Shea.[6]

Ka 1966, Wood e ne ya nna motshameka-morago wa ntlha go simolola mo ditsong tsa Miami Dolphins.

Kwa ntle ga kgwele[fetola | Fetola Motswedi]

Wood o ne a nyetse Peggy Bartlett, yo le ene a neng a tswa kwa gae la gagwe la Lannett. Ba ne ba na le ngwana wa mosetsana le wa mosimane. Fa a sena go nna le dementia, Wood o ne a tlhokafala kwa Atlantla. O ne a le dingwaga tse masome a supa le boferebongwe.[7]

Kitso Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Dick Wood athletic career, photos, articles, and videos https://web.archive.org/web/20150103231241/http://www.fanbase.com/Dick-Wood Fanbase Retrieved 12/10/2023.
  2. Alabama High School Football History. [1] www.ahsfhs.org. Retrieved 24/10/2023.
  3. 1958 Auburn Tigers Stats [2] Sports-Reference.com. Retrieved 24/10/2023.
  4. Dick Wood Stats [3] Pro-Football-Reference.com. Retrieved 24/10/2023.
  5. 5.0 5.1 Dick Wood Statistics – Pro-Football-Reference.com. Retrieved 24/10/2023.
  6. MSNsportsNET Legends [4] MSNSportsNET. Retrieved 24/10/2023.
  7. Former Auburn quarterback Malcolm Richard 'Dick' Wood dies. [5] OANow.com. Retrieved 24/10/2023.