Dikeledi Moropane

Go tswa ko Wikipedia

Dikeledi Moropane( a tshotswe 12 Mopitlo 1976) ke motabogi wa mo Aforika Borwa wa mabelo a makhutshwane yo o tlogetseng, mme ane a itsege ka go taboga lebelo la dimmithara tse di makgolo a mane(400m).

Kgaisano ya gagwe ee kwa godimo ke fa a gaisana mo mabelong a bommampudi jwa mafatshefatshe ka 2001(2001 World Championships) a gaisana mo lebelong la dimmithara di le lekgolo (100m) lefa ntswa ane aseka a fitlhelela makgaolakgang.[1]

Ka ngwaga wa 1999 mo dikgaisanong tsa Aforika (All Africa Games) o gaisane mo lebelong la dimmithara tse di lekgolo(100m) fa mo lebelong la neeletsano, batho bale bane dimmithara dile lekgolo mongwe le mongwe (4×100m relay) Aforika Borwa e ile ya fetsa  mo maemong a bone. Ka ngwaga wa 2003 mo dikgaisanong tsa Aforika o gaisane gape  mo lebelong la dimmithara tse di lekgolo mme a gapa sejana sa boronse(bronze) mo lebelong la neeletsano, batho bale bane dimmithara dile lekgolo mongwe le mongwe (4×100m relay). Fa ko mabelong a bommampudi jwa Aforika ka ngwaga wa 2004 a gaisane mo lebelong la dimmithara tse di lekgolo mme a gapa sejana sa selefera(silver) mo lebelong la neeletsano batho bale bane dimmithara dile lekgolo mongwe le mongwe (4×100m relay). Nako ya gagwe ee ko godimo ke  metsetso ele lesome le bongwe le metsotswana ele masome a mararo le boferabobedi (11:38 seconds) kwa Pretoria[1] ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2000.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Dikeledi Moropane at World Athletics