Dikgato tsa lenao la ga Matsieng

Dikgato tsa lenao la ga Matsieng ke go gabiwa ga dikgato tse di bonweng kwa borwa jwa Botswana mo bokone jwa toropo kgolo ya Botswana ebong Gaborone labofelo ngwaga wa makgolokgolo a mabedi, ngwao e tlhalosa ka mogaka wa badimo ba Batswana (ngwao ya morafe) yo o neng a etelela batho go aga mo bogareng jwa lefatshe. Lefelo le le batlile go tlholwa ke merafe wa Basarwa ba bogologolo. Dikgato tse ga di bonale o kare ke tsa nnete ka tholo,ka jalo mongwe o ka di bona o kare ke dikgato tse di tshwantshitsweng. Metsi aa mo mesimeng go dumelwa fa a dirisiwa mo ditirelong tsa morafe gape go solofelwa gore dikgato tse e ka tswa e le bontlha bongwe jwa ditirelo tse di neng di direlwa gaufi le mesima ya metsi kgotsa se e ka tswa e ne e le ditsheto tsa bogologolo.
Lefelo le le nale digajo di le lekgolo,lesome le bosupa le mesima e le meraro mo mantsweng ee gabilweng gare ga[1]ga ngwaga tse di makgolokgolo a le mararo le makgolokgolo a le lesome[2].
Thutamarope
[fetola | Fetola Motswedi]Matsieng ke lefelo le le kwa borwa-bolthaba jwa Botswana, gaufi le toropokgolo Gaborone. Le itsege ka botaki jwa majwe kgotsa go gabiwa ga majwe mo go bidiwang Matsieng Footprints. Lefelo le le na le dikhuti tse go akanngwang di ka tswa di tlhamilwe ke makgwamolelo. A tlala ka metsi, mme gape gantsi batho ba mo gae ba a dirisa go baya metsi. Go na le mahuti a mabedi a a boteng mo lefelong leo; kwa bokone botlhaba ke kwa bontsi jwa btaki bo fitlhelwang teng.[3]
Bontsi jwa lefel le na le dikgato tse di gabilweng, tsa batho le tsa diphologolo, mme gape go na le ditshupo tsa diphologolo tse di tlwaelesegileng jaaka dithutlwa. Dikgato di dirilwe ka go kobonya, tsela ga go gaba ya batho ba bogologolo.[4] Mo lefelong le, go na le bosupi jwa dilo tse di epolotsweng tsa bogologolo tse di kwadilweng kgwedi ya pele ga motlha wa lejwe, mme dibago tsone di ka tswa di dirilwe pele ke batsomi, kgotsa borrarona mogolwagolwane ba Basarwa.[3]
Matsieng o mogodimo ga majwe a motlhaba. Lefelo le le ne le dirisiwa e le lehuti la metsi la diruiwa tsa badisa ebile mekwalo le botaki jo bo koo bo itemogetse tshenyego ka ntlha ya go tsamaya kwa lefelong leo ka dinao mo go ntsi go fitlhelela mo bosheng. Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe lesome le borobabobedi, tshekatsheko ya dikgato tsa Matsieng ne ya diriwa ke Maria Wilman, o a neng a tsaya motshaso wa mekwalo e e farologaneng ya lefelo leo.[3] Dikgato tsa batho mo lefelong leo di farologanngwa ka popego ya tsone, gantsi di le mo sebopegong sa tlhaka u kgotsa v wa direthe ka menwana e e supagalang sentle le boleele jwa di milimithara di le lekgolo le masome a mabedi le makgolo a mabedi le masome a robabongwe - fa go ntshiwa kgato e le nngwe ya dimilimithara di le makgolo a mararo le masome a mane.[3] Dikgato ga se gantsi di bonwa di le pedi, ke di le palo potlana fela tse di supang gore ke kgato ya molema le ya moja; ga di supe tsela epe e e yang kwa lefelong lengwe ebile gantsi di patiwa ke maroo a a tshwanang le a katse.[3]
Dikakanyetso
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le dipolelo di le mmalwa tsa ka Matsieng a tlhodilweng ka teng. Leinane la Matsieng le a tshwana mo bathong ba mo gae mo mafelong a a mabapi.[3] Ngwao ya puo ya Batswana e supa fa Matsieng e le seganka se se neng se na le leoto le le lengwe, o a neng a tswa mo lehuting la metsi a na le diphologolo tsa gagwe. Dingwao tse dingwe di supa Matsieng a na le maoto a mabedi, mme phelelo ya polelo e ya tshwana. O ne a salwa morago ke Basarwa, Bakgalagadi le merafe ya Batswana.[5]
fa seganka le ba ba mo setseng morago ba tlhaga, ba ne ba tlogela dikgato mo lefatsheng le le borethe gaufi le lehuti la metsi, tse di neng tsa omelela mo tsamaong ya nako.[3] Le ntswa go na le mafelo a le mmalwa a a supiwang Matsieng a dule mo go one, lefatshe la Matsieng ke lone le botlhokwa ka le na le leina le le tshwanang le moanelwa wa leinane.
Ga go na o o itseng gore lefelo la Matsieng le ne le dirisediwa eng mo ditsong, le ntswa bontsi ba dumela le ne e le la go dira pula.[4] Go fitlhelela mo bosheng, lefelo le ne le dirisiwa ke beng gae. Ba ne ba tla ka diphologolo tsa bone go di nosa mo mahuting a a nang le metsi. Gompieno le dirisiwa e le lefelo la go dira ditirel tsa ngwao, kwa beng gae ba direlang meletlo go tsisa pula ka dipaka dingwe.[4] Le ntswa mekwalo e sa tlhole e dirisiwa go nosa, e sentswe ke go disetsa koo.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Popego ya lefatshe ya Botswerere jwa matlapa ka Christopher Chippindale, George Nash
- ↑ Popego ya lefatshe ya Botswerere jwa matlapa ka Christopher Chippindale, George Nash
- 1 2 3 4 5 6 7 8 Walker, Nick (1997). "In the Footsteps of the Ancestors: The Matsieng Creation Site in Botswana". South African Archaeological Bulletin. 52 (166): 95–104. doi:10.2307/3889074. JSTOR 3889074.
- 1 2 3 Van Der Ryst, Maria; Lombard, Marlize; Biemond, Wim (2004). "Rocks of Potency: Engravings and Cupules from the Dovedale Ward, Southern Tuli Block, Botswana". South African Archaeological Bulletin. 59: 1–11. doi:10.2307/3889317. JSTOR 3889317.
- ↑ Van Der Ryst, Maria; Lombard, Marlize; Biemond, Wim (2004). "Rocks of Potency: Engravings and Cupules from the Dovedale Ward, Southern Tuli Block, Botswana". South African Archaeological Bulletin. 59: 1–11. doi:10.2307/3889317. JSTOR 3889317.