Dombolo

Go tswa ko Wikipedia

Ledombolo,[1] (le gape le itsegeng jaaka lebako), dipapata ka Setswana le rostile ka IsiXhosa), ke borotho jwa setso sa Aforika Borwa. Ke dijo tse di rategang thata mo magaeng a le mantsi mo Aforika Borwa.[2] Borotho jo bo apewa mo teng ga kgamelo mo pitseng ya metsi a a belang.[2] Ledombolo le, le farologane le jwa setso ka gore lona le apewa ka go dirisa sekokomusi go na le lerole la go baka.[2] Go na le mefuta e e farologaneng ya dijo go ralala Aforika Borwa. Mo setsong sa amaZulu, ledombolo le apewa mo godimo ga nama e e nang le sopo go na le go apewa ka boyone mo pitseng e e farologaneng. Mofuta oo wa borotho o o apeilweng o itsiwe ke amaZulu jaaka uJeqe.[3] Ledombolo gantsi le jewa le mefuta e e farologaneng ya dijo tse di jaaka nama ya koko, nama ya kgomo, nama ya nku kgotsa malamogodu.[4]

  1. Dumplings: A Global History - Barbara Gallani - Google Books
  2. Biller, Hilary. "The great debate: are dombolo and dumplings the same thing?". TimesLIVE. Retrieved 2021-07-11.
  3. "Ujeqe". Zola Nene. 2020-09-02. Retrieved 2021-07-11.
  4. "RECIPE | Make dombolo and more with The Lazy Makoti's versatile dough". TimesLIVE. Retrieved 2021-07-11.