Ebere Orji
|
| |||
| Motshameki wa kgwele ya dinao | |||
|---|---|---|---|
| Letsatsi la tsalo | 23 December 1992 | ||
| Lefelo la tsalo | Enugu, Nigeria | ||
| Bolele | Tempolete:Convinfobox/pri3 | ||
| Club information | |||
Current team | Sundsvall DFF | ||
| Youth career | |||
| – | Bayelsa Queens[1] | ||
| Tiro ya gagwe* | |||
| Dingwaga | Setlhopha | Metsh | (Dinno) |
| 2009 | Delta Queens | ||
| – | Rivers Angels | ||
| – | Bayelsa Queens | ||
| – | Rivers Angels | ||
| – | Ferencváros | ||
| – | Umeå | ||
| – | Linköpings | ||
| – | IFK Kalmar | ||
| Setlhopha sa setshaba | |||
| – | Nigeria U-17s | ||
| *Metshameko ya gagwe le dinno | |||
Mme Ebere Orji ( o tshotsweng kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a le masome mabedi le borara ngwaga wa 1992) motshamiki wa bolo wa lefatshe la Nigeria yo o tshamekelang mafatshe a sele[2]. O tshamekela setlhopha sa Sundsvall DFF mo Sweedish Elitettan. O tshameketse ditlhopha tse dintsi mo mafatsheng a Nigeria, Sweeden le Hungary,[3] bogologo jang ba Ferencváros ko Hungarian Női NB I le Rivers Angels mo Women Premier League. O kile gape a emela lefatshe la Nigeria ko mafatsheng a sele mo makgaolagangnyeng a dikgaisanyong tsa 2011 FIFA Women's World Cup le sejana sa mafatshefatshe sa batshamiki ba ba ka fa tlase ga digwaga tse masome a mabedi le ba ba tse dilesome le bosupa.
Mo Perekong ya gagwe le Mekgatlho
[fetola | Fetola Motswedi]Fa tshamekela setlhopha sa Rivers Angels, mo maitekong a bone a go fenya dikgaisanyo tsa Federation Cup tsa ngwaga wa 2014, o ne a nosa dinno tse tharo mo tshamekong kgatlhanong le setlhopha sa COD United Ladies fa ba se fenya ka dinno tse thataro go e le ngwe fela.
Ka ngwaga wa 2015, o ne a gapa bommampodi jwa Hungarian (Női NB I) le kopi ya Hungarian. Mo pakeng ya 2016 yo ya go 2017, Orji o ne a nna mo monosadino yo o gaisitseng botlhe ko Női NB I ka dinno tse di masome a madedi le bosupa.
Ka 2019 Orji o ne a tswa mofenyi wa maemo a Elitettan le ba Umeå IK morago ya go nosa dinno di le lesome le bongwe mo dikgaisanyong tsa metshameko di le masome a mabedi le borataro.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Client". CMG. Archived from the original on 26 October 2021. Retrieved 3 November 2019.
- ↑ "Falcons not scared of Germany – Ebere Orji – Vanguard News". Vanguard News. 23 June 2011. Retrieved 7 December 2014.
- ↑ "Ebere Orji :: Ebere Orji :: Umea IK". www.playmakerstats.com. Retrieved 3 November 2019.