Jump to content

Eintracht Frankfurt (bomme)

Go tswa ko Wikipedia

Eintracht Frankfurt ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa bomme sa kwa Jeremane se se nang le botsamaisi kwa Frankfurt. Setlhopha sa yone sa ntlha se tshameka mo liking ya maemo a a kwa godimo ya Jeremane, Frauen-Bundesliga. Go tloga ka 1998 go fitlha ka 2020, setlhopha se ne se itsege jaaka 1. FFC Frankfurt.

Eintracht e fentse bommampodi ga supa ja kgwele ya dinao ya bomme ya Jeremane, rekoto ya Frauen DFB-Pokals di le robongwe, le dikgaisano di le nne tsa UEFA Women's Champions League (tse di latelang tsa Lyon fela). Eintracht e tshameka kwa Stadion am Brentanobad, mme diselammapa tsa bone ke 1. FFC Turbine Potsdam.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha se simolotse ele SG Praunheim. Kwa Praunheim go ne ga tlhomiwa lephata la kgwele ya dinao la bomme ka 1973.[1] Setlhopha se ne se sa tlhagelela mo kgaisanong ya setshaba kgotsa mo dikgaisanong tsa dikopi, fela se ne sa kgona go tsenela Bundesliga fa e ne e simololwa ka 1990. Mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1990 Praunheim e ne ya fitlhelela maduo a a fa gare ga tafole ka go tokafala go sekae go tswa mo setlheng se sengwe go ya go se sengwe.

Motheo wa katlego e e latelang ya setlhopha o ne wa bewa ka 1993-1994 fa mokapotene wa maloba Monika Staab, jaaka mokatisi le tlhogo ya setlhopha sa kgwele ya dinao sa basadi le Siegfried Dietrich jaaka molaodi le motshodi wa madi ba ne ba tlhama kgopolo ya seporofeshionale go isa setlhopha kwa katlegong e e nnelang ruri - kgopolo ya ntlha e e ntseng jalo mo kgweleng ya dinao ya bomme ya Jeremane.[1] Ka jalo setlhopha se ne sa iponna phatlha kwa metshamekong ya go tswa mang go tsena mang ya kgwele ya dinao ya Jeremane lekgetlho la ntlha ka 1995-96, ba latlhegelwa ke motshameko wa makgaolakgang 0-1 go TSV Siegen.[2] Mo ditlheng tse di latelang ba ne ba kgona go nna mo gare ga ditlhopha tse di kwa godimo mo kgweleng ya dinao ya Jeremane, mme ba se ka ba fenya dikgele. Gape ka nako eo ba ne ba nna ba bewa kwa morago ke diselammapa tsa mo gae FSV Frankfurt.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Die Erfolgsstory des 1. FFC Frankfurt" (in German). 1. FFC Frankfurt. 2008. Archived from the original on 7 November 2007. Retrieved 15 July 2009.
  2. "West Germany (women) 1995/96". Rec.Sport.Soccer Statistics Foundation. 15 January 2005. Archived from the original on 11 June 2009. Retrieved 16 July 2009.