Elizabeth Griffin

Go tswa ko Wikipedia

Elizabeth Constance Griffin o belegwe kgwedi ya Motsheganong ele tlhano, ngwaga wa 1945, mme a tlhokafala ka Seetebosigo ale lesome ka ngwaga wa - 2015. [1][2] E ne e le mosadi wa ntlha go nna mmueledi mo British Crown Colony ya Montserrat.[3]

[fetola | Fetola Motswedi]

Griffin o tsholetswe ko setlhakatlhakeng sa Antigua. Batsadi ba gagwe ele Charles Griffin, M.D. le mmaboipelego Patricia Griffin.[1][4] Fa ale ngwaga tse borobabobedi oile a fudugela ko Lontone, Enyelane le ba lelwapa la gagwe.

Thuto le tiro[fetola | Fetola Motswedi]

O dirile digarata tsa gagwe mo go tsa Molao, kwa Yunibesithing ya Oxford. Mo nakong ya teng, oile gape a dira sentle mo seetseleng sa Duke of Edinburgh's Award.

Morago ga go aloga, o ne a boela kwa Montserrat go ya go berekela Moatlhodi-Kakaretso wa Montserrat jaaka mothusi wa semolao jaaka karolo ya baithuti ba gagwe pele ga a nna mmueledi. [3]Ka 1969, o ne a bilediwa kwa kgotlatshekelo jaaka mosadi wa ntlha wa Montserrat.[5]a pele ga kgotlatshekelo e e neng e lebelelwa thata ke bomme, Griffin o ne a bolela gore , "o itlama le go ikemisetsa go tlhoma ditekanyetso tse di kwa godimo tsa bomme ba ba tla mo salang morago kana ba mo tlhatlhama".[3]


Morago Griffin o ne a ruta kwa West Kent College kwa Tonbridge, Enyelane. Ka 1993, fa a boela kwa Lontone, o ne a simolola go ruta kwa Inns of Court School of Law.[2]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1970, Griffin o ne a nyalwa ke Andrew George Prideaux (yo o tshotsweng ka 1945). Bana ba gagwe ke Michael (yo o tshotsweng ka 1971) le moswi Louisa (yo o tsetsweng ka 1974). O na le ditlogolwana di le tharo, Flora (o tshotswe ka 2004), Ned (o tshotsweng ka 2006) le William Prideaux (o tshwerwe ka 2009). O fudugetse kwa Lewes, East Sussex, Enyelane, [6] yare morago a fudugela ko Stockbridge Hampshire, kwa aileng a tlhokafalela teng ka ngwaga wa 2015

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Nicola Mott (2006-02-17). "Stamp of approval!". Lancashire Telegraph. Retrieved 2017-11-25.
  2. 2.0 2.1 "In memoriam Elisabeth Prideaux (Griffin 1963) 5 May 1945 – 10 June 2016 (The Ship)" (PDF). St. Anne's College - University of Oxford. 2015. Archived from the original (PDF) on 24 October 2016. Retrieved 12 October 2023.
  3. 3.0 3.1 3.2 "First Female Barrister Admitted To the Bar". Virgin Islands Daily News. 1969-07-10. Retrieved 2017-11-25.
  4. J.N. Houterman. "Royal Navy (RN) Officers 1939-1945 - P". Unithistories.com. Retrieved 2017-11-25.
  5. "First female barrister". Standard-Speaker. 1969-07-09. Retrieved 2017-11-25.
  6. "THE DESCENDANTS OF John Arbuthnot of Whitehill and Toddlehills". Kittybrewster. Retrieved 2017-11-25.