Jump to content

En Avant Guingamp (bomme)

Go tswa ko Wikipedia
Guingamp
Setshwantsho:En Avant Guingamp logo.svg
Leina ka botlaloEn Avant Guingamp Féminines
Tshimologo1973 as CS Saint-Brieuc
1999 as Saint-Brieuc FF
2003 as Stade Briochin
2009 as EA Guingamp
LebalaStade du Roudourou,
Guingamp
Palo18,462
PresidentFred Le grand
MotsamaisiFrédéric Biancalani
LekiDivision 1 Féminine
2022–23Division 1 Féminine, 9th of 12
MaranyaneClub website

En Avant Guingamp Féminines ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa kwa Fora sa kwa Saint-Brieuc, e leng toropo ya kwa kgaolong ya Brittany.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha se e ne e le karolo ya bomme ya setlhopha sa kgwele ya dinao sa borre sa Stade Briochin mme e ne ya tlhamiwa ka 1973 ka fa tlase ga leina la Chaffoteaux Sports Saint-Brieuc. Go tloga ka 1999 go fitlha ka 2003, setlhopha se ne se tshameka ka leina la Saint-Brieuc Football Féminin, se fetogela kwa Stade Briochin morago ga go fela ga setlha sa 2002-03. Setlhopha se se tshameka mo liking ya Division 1 Féminine, kgaisanong ya ntlha ya kgwele ya dinao ya bomme kwa Fora, mme se katisiwa ke Frédéric Biancalani.

Ka Phatwe a le lesome le boferabobedi ka 2011, tautona wa setlhopha sa borre sa En Avant Guingamp le Stade Briochin ba ne ba itsise gore ditlhopha di fitlheletse tumalano ya go tshwaragana, e e tla tsenang mo tirisong ka tshimologo ya setlha sa 2011-12. Go ya ka tumalano, Stade Briochin e tla phatlalala mme e tshameke jaaka setlhopha sa bomme sa Guingamp. Dilo tse dingwe tsotlhe tse di setseng mo setlhopheng seo ga di a fetoga, tse di tshwanang jaaka tautona, motsamaisi le batshameki.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "L'En Avant Guingamp version féminine". French Football Federation (in French). 19 August 2011. Archived from the original on July 24, 2012. Retrieved 19 August 2011.