Eucharia Oluchi Nwaichi

Go tswa ko Wikipedia
Dr.

Eucharia Oluchi Nwaichi

Ph.D, FWIS, mni
Tsalo
LetsoNigerian
Alma materUniversity of Port Harcourt
TiroBiochemist
Environmental scientist
Toxicologist
Dingwaga tsa a le mo tirong2003 - present
O itsegi kaL'Oréal-UNESCO Awards for Women in Science
Phytoremediation

Eucharia Oluchi Nwaichi ke moitseanape wa ditshedi tse di mo tikologong, mankge wa mmu gape e le moitseanape wa botlhole.

Kgatlhego ya gagwe mo patlisisong e itebagantse le tlhokomelo ya matlakala, go thibela go kgotlhelwa ga tikologo le tiriso ya dimela go thibela tshenyego ya tikologo, mo go akaretsang go rarabolola mathata a tikologo ka dimela tsa mo gae tse di thibelang mathata a tikologo go sa tlhokafale gore go epiwe se se kgotlhelang se bo se latlhelwa golo gongwe go sele. Ke mankge wa go tlosa tshipi e e bokete e e nang le botlhole jaaka cadmium,kopore, mercury, lead le arsenic mo mmung o o kgotlhetsweng.[1]

Thuto le Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

O na le dithuto tsa BSc, MSc le PhD mo go tsa ditshedi go tswa kwa University of Port Harcourt ko a neng a tloga a bereka e le motlhatlheleladithuto o mogolwane. Pele ga a berekela kwa University of Port Harcourt, o ne a bereka kwa komponeng ya lookwane ya Shell ngwaga o le mongwe wa 2009 go tsena ka 2010.[2]

O ne a diriwa morutintshi wa mafatshefatshe kwa 2013 L'Oreal-UNESCO Awards mo di Physical Sciences.[3] Ke leloko la makgotla a le mmalwa a dithuto jaaka Organization for Women in Science for the developing World, America Chemical Society, International Society for Environmental Technology, International Phytotechnology Society, Society for Functional Foods and Bioactive Compounds le Nigerian Institute of Management.[4]

Ka ngwaga wa 2022, o ne a atswiwa ka seele sa John Maddox Prize.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Eucharia Oluchi Nwaichi Port harcourt studies how to remove arsenic and copper from polluted soil". Star Africa. Archived from the original on April 23, 2015. Retrieved November 13, 2015.
  2. "Two Nigerian Scientists bag UNESCO LOreal 2013 award". Vanguard News. Retrieved November 13, 2015.
  3. Nigerian Shines UNESCO Science Laureate wins-$100,000-NAN". Sahara Reporters. Retrieved November 13, 2015.
  4. "Dr. Eucharia Oluchi Nwaichi - Department of Biochemistry". Uniport.edu.ng. Retrieved November 13, 2015.
  5. "Maddox Prize 2022". Retrieved November 1, 2022.