Jump to content

FC Bayern Munich (bomme)

Go tswa ko Wikipedia
Bayern Munich
Leina ka botlaloFC Bayern München
Tshimologo7 Seetebosigo 1970; 54 years ago (1970-06-07)
LebalaFC Bayern Campus
Palo2,500
PresidentHerbert Hainer
General managerBianca Rech[1]
Head coachAlexander Straus
LekiBundesliga
2023–24Bundesliga, 1st of 12 (champions)
MaranyaneClub website

FC Bayern Munich ke setlhopha sa Jeremane se se porofeshionale sa kgwele ya dinao ya bomme se se kwa Munich, Bravia. Mo bogompienong ba tshameka mo Frauen-Bundesliga, liki e e kwa godimo ya bomme kwa Jeremane.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha sa bomme sa kgwele ya dinao sa Bayern se simolotswe mo go tlhomamisitsweng ka 1970 le fa bomme ba ne ba tshameka kwa setlhopheng seo e sale ka 1967. Le fa gontse jalo, ka gore DFB e ne e thibetse kgwele ya dinao ya bomme go tswa ka 1955 go ema ka 1970, Bayern e ne e ka kwadisa setlhopha fela ka 1979. Ba ne ba fenya bosimega ja bone ja ntlha ja setshaba ka 1976. Ka 1990 Bayern e ne e le basimolodisi ba Frauen-Bundesliga, mme ba ne ba lelelwa ke selepe sa magagane morago ga setlha se se latelang.

Setlhopha se ne sa boela kwa Bundesliga ka 2000. Ka 2009, Bayern e ne e le mo maemong a bobedi mo Bundesliga, ba le fa morago ga ditshimega Turbine Potsdam ka nno e le nngwe fela. Ka setlha sa 2011–12 season ka Motsheganong a le lesome le bobedi ka 2012, FC Bayern Munich ya folosa ditshimega tsa German Cup 1. FFC Frankfurt ka dino tse pedi go lefela mo makgaolakgang a 2011–12 kwa Cologne mme ba keteka katlego e kgolo mo ditsong tsa setlhopha e sale ba fenya liki ka 1976.[2] Ka 2015 ba fenya Bundesliga e le lantlha ba sena le fa ele tatlhegelo.[3] Ba fenya Bundesliga ya 2015–16, e nna gabedi ka tatelano.[4]

Ka Motsheganong wa 2023, Bayern Munich ya keteka bommampodi jo bo gabedi fa setlhopha sa bomme lesa borre di fenya bosimega ja lefatshe ja liki ya kgwele ya dinao mo malatsing a le mabedi.[5] Phenyo ya dino tse lesome le motso go e nngwe ya Turbine Potsdam mo letsatsing la bofelo la setlha ya a fa bomme ba FCB bosimega ja bone ja Bundesliga ja bone le bosimega ja setshaba ja botlhano palogotlhe, se se kaya phenyo ya setlhopha seo e tona mo ditsong.[6]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Karin Danner leaving – Bianca Rech becomes new head of department". FC Bayern Munich. 2 May 2023. Retrieved 23 August 2023.
  2. "FC Bayern ist Pokalsieger – im dritten Anlauf!" (in German). kicker.de. 12 May 2012. Retrieved 13 May 2012.
  3. "Münchnerinnen sind Frauenfußball-Meister!". kicker.de. 10 May 2015.
  4. "FCB women crowned champions". Archived from the original on 13 May 2016. Retrieved 12 May 2016.
  5. "FC Bayern celebrate German championship with men and women". fcbayern.com. FC Bayern München AG. 28 May 2023. Retrieved 24 August 2023.
  6. "FCB Women seal club's fifth league title". fcbayern.com. FC Bayern München AG. Retrieved 24 August 2023.