Jump to content

FC Utrecht (bomme)

Go tswa ko Wikipedia
FC Utrecht
Leina ka botlaloStichting Vrouwenvoetbal Utrecht
Tshimologo2007
Dissolved30 January 2014
LebalaSportpark Elinkwijk, Utrecht
Palo5,000[1]
ModulasetiloWilco van Schaik
LekiEredivisie Vrouwen (2007 to 2012)
BeNe League (2012 to 2014)
2023–247th
MaranyaneClub website

FC Utrecht Vrouwen e ne e le karolo ya kgwele ya dinao ya bomme ya setlhopha sa Dutch sa FC Utrecht se se kwa Utrecht. Se tlhamilwe ka ngwaga wa 2007, jaaka nngwe ya maloko a a simolotseng kgwele ya dinao ya bomme ya Dutch, setlhopha se ne sa gaisana mo liking go tswa mo setlheng sa yone sa ntlha (2007-08) go fitlha ka 2011-12 le BeNe League (Belgian le Dutch league) go tloga ka 2012-13 go fitlha setlhopha se kgaogana ka Firikgong wa 2014. Setlhopha se ne sa fenya Dutch Cup gangwe le Dutch Super Cup gangwe.[2][3]

Kwa bokhutlong jwa Phukwi 2021 go ne ga begwa gore FC Utrecht e ne e batla go simolola gape setlhopha sa bomme mo Eredivisie Vrouwen mo setlheng sa 2023-24[4]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 20 Mopitlo wa 2007, Royal Dutch Football Association (KNVB) e ne ya senola semmuso, kgwele ya dinao ya bomme ya Dutch (Eredivisie Vrouwen) ditlha di le tharo go simolola ka 2007-08 le FC Utrecht gareng ga ditlhopha di le thataro tse di tsayang karolo.[5][6]

Setlhopha se ne sa tshameka motshameko wa sone wa ntlha ka Phatwea le masome mararo ka 2007, ba fenngwa ke AZ ka 0-2 kwa Sportcomplex Zoudenbalch mo motshamekong wa bone wa ntlha wa Eredivisie mo setlheng sa 2007-08.[7][8] Setlhopha se ne sa nna le setlha se se siameng, se fetsa e le sa boraro mo liking le sa bobedi mo KNVB Women's Cup (Dutch Cup), morago ga go latlhegelwa ke makgaolakgang ka 3-0 go FC Twente.[9]

Ba ne ba fetsa mo maemong a bone mo setlheng sa 2008-09 mme la latelwa ke maaemp a botlhano mo setlheng se se latelang (2009-10), mo go sone setlha seo, setlhopha se ne sa fenya Dutch Cup, ka Motsheganong wa lesome le botlhano ka 2010 ka go fenya Ter Leede ka 3-0 mo makgaolakgannyeng,[10] mme morago ga moo, ka Phatwe a le masome matlhano le bosupa ka 2010 ba ne ba fenya 3-1 (morago ga nako ya tlaleletso) bommampodi ba Eredivisie AZ go fenya Dutch Super Cup.[11][12]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Sportpark Elinkwijk –". Stadiumdb.com. 2015-12-09. Retrieved 2022-08-22.
  2. "FC Utrecht Women". soccerway.com. Retrieved 8 January 2018.
  3. "Official Club site". FC Utrecht. Archived from the original on 24 May 2012. Retrieved 18 March 2012.
  4. van Dam, Jan (2021-07-30). "FC Utrecht onderzoekt herstart vrouwenvoetbal: 'Als we het doen, dan op serieuze en professionele manier'". Algemeen Dagblad (in Dutch). Retrieved 2023-11-22.
  5. "Zes profclubs in eredivisie vrouwen". NU.nl (in Dutch). ANP. 20 March 2007. Retrieved 29 December 2017.
  6. "Vrouwen beginnen met zes clubs". NOS (in Dutch). 20 March 2007. Archived from the original on 26 September 2012. Retrieved 27 October 2010.
  7. "Oefenprogramma FC Utrecht-vrouwen". FC Utrecht (in Dutch). 7 August 2007. Archived from the original on 10 January 2018. Retrieved 7 January 2018.
  8. "Complimenten maar geen punten vrouwenteam". FC Utrecht (in Dutch). 30 August 2007. Archived from the original on 10 January 2018. Retrieved 7 January 2018.
  9. "Vrouwen FC Utrecht verliezen bekerfinale". FC Utrecht (in Dutch). 24 May 2008. Archived from the original on 10 January 2018. Retrieved 7 January 2018.
  10. "Vrouwen winnen KNVB Beker". FC Utrecht (in Dutch). 15 May 2010. Archived from the original on 10 January 2018. Retrieved 7 January 2018.
  11. "FC Utrecht-vrouwen winnen Supercup". FC Utrecht (in Dutch). 27 August 2010. Archived from the original on 10 January 2018. Retrieved 7 January 2018.
  12. "FC Utrecht wins the 2010 Super Cup". Vrouwen Voetbal Nederland (in Dutch). Archived from the original on 2012-09-19. Retrieved 2011-12-26.