Jump to content

Fardosa Ahmed

Go tswa ko Wikipedia

Fardosa Ahmed (o tshotswe ka ngwaga wa 1985) ke ngaka ya moKenya yo eleng mogwebi le mme yo o berekang mo lephateng la botsogo. Gape Mme Ahmed ke moeteledipele wa Premier Hospital kwa Mombasa, sepatela se se eteletsweng pele ke kopone e a e e tlhamileng le batho ba bangwe[1].

Fardosa Ahmed
Tsalo1984 (age 39–40)
Nairobi, Kenya
Alma materUniversity of Nairobi
(Bachelor of Medicine and Bachelor of Surgery)
(Postgraduate Diploma in Healthcare Management)
TiroPhysician and Health Administrator
Dingwaga tsa a le mo tirong2016—
TitleCEO of Premier Hospital, Mombasa
Maranyanehttps://www.premierhospital.org/

Botshelo le Thutego[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Ahmed o tsholetswe kwa Nairobi, teropo kgolo ya Kenya ka ngwaga wa 1985. O ne a tsena sekolo ko Makini Primary School, kwa Nairobi, Kenya. A ya le go tsena ko Loreto Convent Valley Road School, sekolo se se le sone se leng mo teropong ya Nairobi, a fetsa dithuto tsa gagwe teng, mme a fiwa setlankana sa go fetsa Senior school eleng High School Diploma. Mme Ahmed o ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa sekolong se se tona sa University of Nairobi kwa a neng a ithuta boNgaka jo bo thusang batho, a fetsa ka setlankana sa Bachelor of Medicine and Bachelor of Surgery degree[1]. A fitlhelela a dira le Postgraduate Diploma in Healthcare Management[2].

Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Erile a fetsa ngwaga wa pereko e e tlhokegang (internship), a hudugela kwa teropong ya Mombasa, kwa a neng a ne a nale setsha mo lefelong la Nyali. A dirisa madi a gagwe, le a batho ba ne ba mo thusa mo lenaneong la gagwe go aga lefelo le le tona la matlhatlhagane, go le dirisa go hirisetsa bakgwebi. Mme Ngaka Ahmed a felela a fetola kago gore e nne Premier Hospital go ne kwa Mombasa[1].

Premier Hospital ke sepatela sa kgwebo, se se diretsweng go dira madi, mme se thusa balwetse ka go farologanya, le ba ba naleng malwetse a a sa tlwaeletsegang. Se nale malao a a ka robatsang balwetse ba le 70, se nale babereki ba ba fetang 200, gape ba nale lefelo la go thusa bana ba ba lwalang mme ba sa robatswe, lefelo la loaro, lefelo la go thusa ba ba robegileng marapo, lefelo la go thusa basadi le baimana ka tsa pelegi, lefelo le le thusang batho ba ba naleng kankere, level le le thusang ba ba lwalang diphilo le lefelo le le dirang di endoscopy[1][3].

Temogo ya Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetse, ngwaga wa 2018, Business Africa Daily moKenya ebong Mme Ahmed o ne a tlhophiwa go nna Lekoko la bomme ba, "Top 40 Under 40 Women in Kenya in 2018"[2].

O ka leba ba ba latelang[fetola | Fetola Motswedi]

Gladys Ngetich

Charity Wayua

Juliet Makanga

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Winnie Atieno and Lucy Njeshuri (24 June 2019). Doctor targets foreign-bound patients with Sh1bn hospital. Business Daily Africa. Nairobi, Kenya. Retrieved 24 June 2019.
  2. "Top 40 under 40 Women in Kenya, 2018" (PDF). Business Daily Africa. Nairobi. September 2018. Retrieved 24 June 2019.
  3. Maxwell (2017). New state-of-the-art hospital opened in Mombasa. Nairobi: Hivisasa.com. Retrieved 25 June 2019.
  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 https://www.businessdailyafrica.com/corporate/enterprise/Doctor-targets-foreign-bound-patients/4003126-5170032-cmckvz/index.html
  2. 2.0 2.1 https://cdn.nation.co.ke/pdfs/Top40under40Women2018.pdf
  3. https://hivisasa.com/posts/new-state-of-the-art-hospital-opened-in-mombasa

O ka leba tsebe tse di latelang[fetola | Fetola Motswedi]

Website of Premier Hospital

Why Kenya must invest in human capital