Felicia Mabuza-Suttle
Felicia Mabuza-Suttle | |
|---|---|
| Tsalo | Seetebosigo a le malatsi a mararo ngwaga wa 1950 Sophia Town, Aforika Borwa |
| Letso | South African |
| Thuto | St Michael's Girls School kwa Manzini, Dithuto tsa bobega dikgang le dipuisano kwa Marquette University |
| Tiro | Mogwebi |
| Mosadi | Earl Suttle |
| Bana | Lindiwe, Zanele |
| Maranyane | http://www.feliciainc.com |
Felicia Mabuza-Suttle (o belegwe ka 3 Seetebosigo 1950)[1] [2] ke moamogedi wa lenaneo la puisano le rakgwebo wa Aforika Borwa.[3] Mo lenaneong la thelebishene ya Great South Africans, o ne a tlhophiwa jaaka Moaforika Borwa wa bo 70 yo mogolo go gaisa botlhe mo patlisisong ya setshaba e e sa rulaganngwang.[4]
Botshelo jwa a sa le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Mabuza-Suttle o tsholetswe kwa Sophiatown, e leng lefelo la batho bantsho kwa Johannesburg, Aforika Borwa, ka nako ya tlhaolele. Rraagwemogolo wa gagwe, Ben Mabuza, o ne a mo godisa mme e ne e le ene a tlhotlheleditseng thata gore atlege moragonyana. Ka fa letlhakoreng le lengwe, rraagwe, yo o neng a na le nngwe ya dikolo tsa ntlha tsa go kgweetsa mo setšhabeng, o ne a tlamela lelapa ka lotseno lo lo tlhomameng. Fa a sa ntse a le ngwana o ne a simolola go kgatlhegela go bina, e e neng ya nna selo se a se ratang botshelo jotlhe.[5]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Mo dingwageng tsa bo 1960 le bo 70, palo e kgolo ya batho ba bantsho ba Aforika Borwa ba ne ba ya kwa moseja go ya go ithuta go tila puso ya tlhaolele. Mabuza-Suttle o ne a le mongwe wa bone, a ithuta kwa Marquette University kwa United States. Mo dingwageng tsa bo80, o ne a nna leloko la ntlha la lelapa la gagwe go fitlhelela dikirii ya kholetšhe fa a ne a bona BA mo go tsa bobegadikgang, a latelwa ke MA mo go tsa Mass Communication.[5]
Mo godimo ga go ithuta, Mabuza-Suttle gape o ne a kwalela World Newspaper, koo a neng a kopana le batho ba ba tumileng ba ba kgatlhanong le tlhaolele, go akaretsa le Steve Biko, moeteledipele wa Black Consciousness Movement. Seno se ne se tla dira gore a nne le seabe mo dipolotiking fa a boela kwa Aforika Borwa.[5]
Pereko kwa Aforika Borwa
[fetola | Fetola Motswedi]Mabuza-Suttle o ne a boela mo Afrika Borwa ka nako e khutshwane ka 1982 go ya go berekela Radio Bophutatswana, koo a neng a tshwaiwa diphoso ka ntlha ya go sa ikanyege mo dipolotiking.[5]
Ka ngwaga wa 1990, Mabuza-Suttle o ne a boela kwa Aforika Borwa, a amogela maemo kwa komponeng ya difofane ya South African Airways. Ka ngwaga wa 1992, o ne a simolola pereko mo setshwantshong sa motshikinyego orago ga go fiwa tiro e le motlhatlhelela dipuisano kwa South African Broadcasting Corporation.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Chelemu, Khethiwe (4 June 2012). "FORMER talk show host Felicia Mabuza-Suttle has pulled the plug on her famous entertainment eatery, Back of the Moon". Sunday World. Archived from the original on 11 July 2012. Retrieved 28 August 2013.
- ↑ Ed, 11th (1 August 1992). WORLD WHOS WHO OF WOMEN 1992-93. Taylor & Francis. ISBN 978-0-948875-80-9 – via Google Books.
- ↑ Chelemu, Khethiwe (4 June 2012). "FORMER talk show host Felicia Mabuza-Suttle has pulled the plug on her famous entertainment eatery, Back of the Moon". Sunday World. Archived from the original on 11 July 2012. Retrieved 28 August 2013.
- ↑ "Suuret Suomalaiset – Ehdokkaat | yle.fi | Arkistoitu". yle.fi. Retrieved 25 August 2025
- 1 2 3 4 "Felicia Mabuza-Suttle". Gale Contemporary Black Biography. Retrieved 28 August 2013.