Forbes 30 Under 30

Go tswa ko Wikipedia

Forbes 30 under 30 ke ditlhopha tsa dintlha tsa batho ba le masome mararo ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mararo ba ba tlhomogileng mo mehameng e e farologaneng, tse di ntshiwang ngwaga mongwe le mongwe ke makasine wa Forbes le ditlhabololo tsa one. Dintlha tsa kwa America di lemoga dikgwebo le mehama e le makgolo a marataro, batho ba ba masome a mararo ba ba tlhophiwa mo mehameng e le masome mabedi. Mafatshe a Asia le Europe one a na le dikarolo di le lesome mo ikgwebong tse di makgolo a mararo fa la Aforika lone le na le ntlha e le nngwe ya batho ba le masome a mararo. Forbes e tshwara bokopano le karolo nngwe ya maranyane a bone e e bidiwang 30 under 30. Mokgwa wa go tlhopha kwa Forbes 30 under 30 o buletswa sechaba, batho ba letlelelwa go itlhopha kgotsa go tlhopha motho o mongwe, se se tlhokegang ke gore a bo a le dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mararo.[1]


Ntlha ya bofelo ya 30 under 30 e gatisiwa ke Forbes e kgaogantswe ka dikarolo tse di farologaneng tsa mehama jaaka: metshameko, bogwebi, tlosobudutu, maranyane, botaki, madi, tshimololo ya dikgwebo, papatso, thuto, botsogo, thekiso, mmino, dijo le motlakase. [2]


Batho ba ba masome mararo ba mo mo mohameng mongwe le mongwe ba tlhophiwa ke bakwadi ba Forbes, baatlhodi ba ba ikemetseng, ba ba itsegeng le baitseanape mo mehameng eo. [3]

Ba ba kileng ba nna mo ntlheng e ba akaretsa: Emma Watson,[4] Margot Robbie,[5] Rihanna, mosimolodi wa Facebook Mark Zuckerberg, modimolodi wa Reddit Alexis Ohanian,[6][7] Miley Cyrus, Kylie Jenner, LeBron James, mosimolodi wa spotify Daniel Ek, mosimolodi wa Asana Dustin Moskovitz, mosimolodi wa Snapchat Evan Spiegel, mofenyi wa Nobel Peace Prize Malala Yousafzai le ba bangwe ba le bantsi ba dikgwebo le ba ba itsegeng.[8]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Forbes e simologile ka ngwaga wa 2011 ka thotloetso ya ga Randall Lane.[9] Ka ngwaga wa 2016, ba ba tlhophilweng ba ne ba tshwara dikete di le lesome le botlhane, bakwadi ba Forbes ba tlhophile bafenyi ba le masome mararo mo dikarolong tse di masome mabedi.[10]

Fa nako e ntse e tsamaya, Forbes e ne ya akaretsa mafatshe a Asia,[11] Europe[12][13]le Aforika.[14]

Forbes e dirisa leina la Under 30 go raya motswedi wa tshedimosetso mo maranyaneng a bone, le amangwa le app ya 30 under 30. [15]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Sternlicht, Alexandra. "Nominate Someone You Know—Or Yourself—For 2023 Forbes Under 30". Forbes. Retrieved January 5, 2023.
  2. Stoller, Kristen. "Meet the newest Forbes 30 under 30 of 2023". forbes.com. Forbes. Retrieved July 20, 2023.
  3. Stoller, Kristen. "By The Numbers: Meet The Forbes Under 30 Class Of 2023". forbes.com. Forbes.
  4. Forbes, Forbes. "Emma Watson Forbes 30 under 30 Forbes Profile". forbes.com. Forbes. Retrieved July 20, 2023.
  5. Forbes, Forbes. "Margot Robbie Forbes 30 under 30". Forbes.com. Forbes. Retrieved August 15, 2023.
  6. Barret, Victoria (December 19, 2011). "30 Under 30 – Technology – Forbes". Forbes. Archived from the original on August 26, 2014. Retrieved February 9, 2015.
  7. Victoria and Connie Guglielmo, Barret (December 17, 2012). "30 Under 30 – Tech – Forbes". Forbes. Archived from the original on August 26, 2014. Retrieved February 9, 2015.
  8. Forbes, Forbes. "Forbes 30 under 30 Hall of Fame". forbes.com. Forbes. Retrieved July 20, 2023.
  9. Kelly, Keith J. (December 6, 2017). "Forbes promotes its top magazine editor to content chief". New York Post. Retrieved August 5, 2020.
  10. Buczkowski, Brianna (January 6, 2016). "Forbes annual '30 under 30' lists boasts the best and the..." Red Alert Politics. Archived from the original on August 4, 2019. Retrieved July 31, 2016.
  11. Garcia, Pia (February 26, 2016). "10 Filipinos honored by Forbes in first 30 Under 30 Asia list". CNN Philippines. Archived from the original on July 14, 2016. Retrieved July 30, 2016.
  12. Adejobi, Alicia (January 19, 2016). "Forbes 30 Under 30: Adele and Andy Murray named among most influential young Europeans". International Business Times. Archived from the original on December 15, 2019. Retrieved July 30, 2016.
  13. Burrell, Ian (January 24, 2016). "Will Donald Trump or Forbes triumph in the battle of the brands?". The Independent (UK). Archived from the original on August 3, 2016. Retrieved July 31, 2016.
  14. Sanchez, Dana (June 6, 2016). "Spotlight On Forbes Africa's 30 Under 30: How A 15-Year-Old Founded A Top SA YouTube Channel". AFK Insider. Archived from the original on December 15, 2019. Retrieved July 30, 2016.
  15. Sutton, Kelsey (November 2, 2015). "Forbes launches 'Under 30' channel to try and reach millennials". Politico. Archived from the original on January 30, 2020. Retrieved July 31, 2016.