Fran Tarkenton

Go tswa ko Wikipedia

Francis Asbury Tarkenton (o tshotswe ka Tlhakole a tlhola ga raro, 1940) ke motshameki wa pele wa kgwele ya seAmerika (football) yo o neng a tshameka e le quarterback mo National Football League (NFL) ditlha di le lesome le borobabobedi, thata-thata kwa Minnesota Vikings. O tshamekile kgwele ya mmadikole (college football) kwa University of Georgia, kwa a neng a lemogiwa gabedi kwa All-SEC, ebile a tlhophilwe ke Vikings mo legatong la boraro la 1961 NFL Draft. Fa a sena go tlogela kgwele, e nne ya nna mmega dikgang le motsamaisi wa tsa computer software.

Loeto la ga Tarkenton kwa Vikings le tsere ditlha tse lesome le boraro tse di sa tlhomaganang. O tshamekile ditlha tse thataro kwa Minnesota go tswa ka 1961 go ema 1966 fa a tla a rekisediwa New York Giants ditlha tse tlhano, mme a boela gape kwa Minnesota ditlha tsa gagwe tse supa tsa bofelo go tswa ka 1972 go ema ka 1978. Ka nako ya fa a tlogela tiro, Tarkenton o ne a na le direkote tsa quarterback. O ne a tsenngwa mo Pro Football Hall of Fame ka 1986 le College Football Hall of Fame ka 1987.

Mo godimo ga tiro ya gagwe ya kgwele, Tarkenton o dirile e le mosekaseki mo Monday Night Football gape a tshwaraganela kgaso mo That's Incredible!. O ne gape a dira Tarkenton Software, kompone e e dirang computer-program, a tsaa loeto mo U.S. a rekisa CASE (computer-aided software engineering) a na le Albert F. Case Jr. wa Nastec Corporation. Tarkenton Software moragonyana e ne ya kopana le KnowledgeWare (Tarkenton e le tautona), go fitlha fa kompone e rekisetswa Sterling Software ka 1994.

Botshelo jwa pele le Thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Fran Tarkenton o tshotswe ka Tlhakole a tlhola ga raro, 1940 kwa Richmond, Virginia. Rraagwe, Dallas Tarkenton, e ne e le moruti wa Methodist.[1][2] Tarkenton o tsene sekolo kwa Athens High School in Athens, Georgia, mme morago a tsena kwa University of Georgia, kwa e neng e le quarterback mo setlhopheng sa Bulldog football team sa kgwele ya seAmerika ebile e le leloko la mokgatlho wa Sigma Alpha Epsilon.[3]

Ka tlase ga mokatisi mogolo Wally Butts le Tarkenton e le quarterback, Georgia ya fenya bosimega jwa Southeastern Conference ka 1959.[4] Tarkenton o ne a tlhophiwa mo setlhopheng sa ntlha sa All-SEC ka 1959 le 1960.[5][6]

Tiro ya gagwe ya kgwele[fetola | Fetola Motswedi]

Katoloso (expansion) ya Minnesota Vikings e ne ya tlhopha Tarkenton mo legatong la boraro (palogotlhe ya bo masome a mabedi le borobabongwe) ya 1961 NFL Draft, gape o ne a tlhophiwa mo legatong la botlhano la AFL draft ke Boston Patriots. O ne a baa monwana wa gagwe kwa Vikings. Tarkenton, a le dingwaga tse masome mabedi le motso, o tshamekile motshameko wa gagwe wa NFL wa ntlha (ebile e le motshameko wa Vikings wa ntlha) ka Lwetse a le malatsi a le lesome le bosupa kgatlhanong le Chicago Bears, a tswa kwa ntle go ta go etelela Vikings gore e boe kwa morago e bo e fenye ka go dira ditlhago tse 250 le ditlhago tsa di touchdown di le nne mme a taboga gape[7] fa Vikings e fenya Bears 37-13.[8] E ne e le ene fela motshameki mo ditsong tsa NFL go dira tlhago ya di touchdown tse nne mo motshamekong wa gagwe wa NFL, go fitlhelela Marcus Mariota a boeletsa tiragalo eo kwa Tennessee Titans ka pulo ya setlha sa 2015 kgatlhanong le Tampa Bay Buccaneers.[9]

O tshameketse Vikings go tswa ka 1961 go fitlha ka 1966. Dingwaga tsa gagwe a le mosha mo setlhopheng se o ne a faraferwe ke mathata a neng a solofetswe mo setlhopheng se sesha go dirwa, Vikings e ne ya fenya metshameko e le lesome e kopantswe mo ditlheng tsa yone tsa ntlha tse taro, Tarkenton a fenya tse boferabobedi tsa tsone. O ne a tika di touchdown tse lesome le borobabobedi le dikgoreletso di le lesome le bosupa mo dikgatong tse 1,997 mo setlheng sa gagwe sa ntlha. O ne a kgomoga mo dikgatong di le 308 mo dikgatong mo go tse masome matlhano le borataro tsa di touchdown tse tlhano. Ngwaga o o latelang, o ne a tika di touchdown tse masome mabedi le bobedi le di kgoreletso tse masome mabedi le botlhano mo dikgatong tse 2,595. O ne a kgomoga dikgato tse 361 mo go tse masome mane le motso tsa di touchdown tse pedi.

Tarkenton o ne a rekisediwa New York Giants ka Mopitlo wa 1967 ka ditlhopho tse tharo tsa draft (le motshameki yo o ta a bolelwang morago),[10] ka nako e a ileng a fudugela kwa ntle ga toropo kwa New Rochelle, New York.[11] Mo motshamekong wa gagwe wa ntlha wa setlha sa 1969, Giants e ne e tshameka le Vikings. Morago ga go salela morago ka 23-10 mo karolong ya bone, Tarkenton a tika ditlhago tse pedi tsa touchdown go netefatsa go boa ko morago ba fenya setlhopha sa gagwe sa pele ka 24-23.[12] Dintlha tse masome mabedi le bone tse di neng tsa nosiwa lemorago la Minnesota e ne e le tse di maswe thata mo setlheng sa setlhopha seo, ntlha e le nngwe go feta tse Vikings e di leteletseng fa ba latlhegelwa ke Super Bowl IV kgatlhanong le Kansas City Chiefs ka Firikgong.[13]

Tarkenton o ne a itumelela setlha sa gagwe se se gaisang le Giants ka 1970. Ba ne ba rarabolola tshimologo ya bone ya 0-3 ka diphenyo di ferabongwe mo metshamekong e e lesome e e latelang mme ba ya kwa maemong a ba fenyeditseng bommampodi jwa NFC East division mo bekeng ya lesome le bone. Mme, New York ya betswa 31-3 ke Los Angeles Rams kwa Yankee Stadium go fetsa ka 9-5, motshameko o le mongwe fa morago ga bommampodi ba lephatla leo Dallas Cowboys le ba ba neng ba sa solofelwa ba Detroit Lions. Setlha sa 1970 Giants e ne ya tla gaufi le go ya kwa metshamekong ya mantshano ka nako ya leuba la dingwaga tse lesome le bosupa, go tswa ka 1964 go ema ka 1980.

Ka Firikgong a le masome mabedi le bosupa, 1972, Tarkenton o ne a rekisetswa Vikings gape ba mo fetola le quarterback Norm Snead, receiver Bob Grim, running Back Vince Clements, le mongwe wa legato la ntlha ka 1972 (palogotlhe ya 24-Larry Jacobson wa defensive lineman) le wa legato la bobedi ka 1973 (palogotlhe ya masome mane-Brad Van Pelt ele linebacker).[14][15][16] Tarkenton a etelela Vikings go ya kwa National Football Conference championships tse tharo, mme Vikings ya latlhegelwa mo di Super Bowl tsotlhe. Ka 1974 Super Bowl, Minnesota ya latlhegelwa kgatlhanong le Miami Dolphins ka 24-7 kwa Houston. Ba latlhegelwa ke 1975 Super Bowl ba betswa ke Pittsburgh Steelers 16–6 kwa New Orleans, gape (mo Super Bowl ya Minnesota ya bofelo go fitlhela gompieno) ba latlhegelwa ke 1977 Super Bowl kgatlhanong le Oakland Raiders ka 32-14 kwa Rose Bowl kwa Pasadena, California.

Tarkenton a bitsa matshwao kwa Minnesota Vikings

Mo ditlheng tsa gagwe tsa NFL tse lesome le borobabobedi, Tarkenton o ne a feleletsa ditlhago tse 3,686 mo tse 6,467 mo dikgatong tse 47,003 le di touchdown tse 342, dikgoreletso tse 266, tsotlhe tse e ne e le direkote tsa NFL ka nako ya fa a tlogela tiro. Dikgato tsa ditlhago tse 47,003 Tarkenton di mmaya mo maemong a lesome le bone nako yotlhe, fa ditlhago tse 342 tsa touchdown di mmaya mo maemong a bo lesome le motso nako tsotlhe mo ditsong tsa NFL. Gape o mo maemong a borobabobedi nako tsotlhe mo moleng wa diphenyo tsa setlha sa tlwaelo e le quarterback e e simololang ka diphenyo di le 124. O ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go tlhakatlhakanya to kokoanya dikgato di le 3,674 tsa go kgomoga le di touchdown tse masome a mararo le bobedi mo go kapeng go le 675. Ka nako ya tiro ya gagwe, Tarkenton o tabogile go ya kwa touchdown mo ditlheng tse lesome le botlhano tse di farologanyeng, e le rekote ya NFL mo batshameking ba quarterback. O mo maemong a borataro mo dikgatong tsa dikgomogo mo go ba quarterback, fa morago ga ga Randall Cunningham, Steve Young, Michael Vick, Cam Newton, le Russell Wilson. Gape ke mongwe wa ba le bane ba quarterback ba go kgomoga mo dikgatong tse makgolo a mararo mo ditlheng tse supa ka go farologana; ba bangwe ke Cam Newton, Michael Vick le Tobin Rote. Fa a tlogela tiro, Tarkenton o ne a tshwere rekote ya NFL ya go leka tlhago, go feleletsa, dikgato, di touchdown, dikgato tsa kgomogo ka quarterback, le diphenyo tsa quarterback e e simololang.

Vikinhgs e ne ya fetsa setlha sa 1975 rekote e e gaisang mo NFC ya 12-2 mme Tarkenton a fenya tlotla motshameki wa tlhwatlhwa ya NFL Offensive Player of the Year Award ka fa a gapa le tlotla ya All-Pro. O ne gape a le mo setlhopheng sa bobedi sa All-Pro ka 1973 mme a iponna tlhopho ya All-NFC ka 1972 le 1976. O ne a bidiwa kwa setlhopheng sa bobedi sa All-NFC ka 1970 le 1974. Tarkenton o ne a tlhophilwe go tshameka mo Pro Bowl tse robangbongwe.

Tarkenton o ne a tsietsega ka go tlogela tiro ga gagwe mo dingwageng tse supa tsa bofelo tsa tiro ya gagwe ya go tshameka.

Le fa a ne a retelelwa ke go fenya Super Bowl, o ne a fenya metshameko ya mantshano e le merataro, mme ka 199 o ne a bewa mo maemong a #59 mo moleng wa The Sporting News wa Batshameki ba ba lekgolo ba ba gaisang mo kgweleng ya seAmerika.

Tarkenton o ne a tsenngwa mo Georgia Sports Hall of Fame ka 1977, Pro Football Hall of Fame ka 1986, College Football Hall of Fame ka 1987, le Athens, Georgia Athletic Hall of Fame ka 2000.

Dibuka[fetola | Fetola Motswedi]

Buka ka botshelo jwa ga Tarkenton e e bidiwang Better Scramble than Lose e ne ya gatisiwa ka 1969. E sala morago buka e Tarkenton a e kwadileng ka ga ene ka 1967 ya No Time for Losing mme e eteletse pele ka dingwaga buka ya gagwe e nngwe ya botshelo jwa gagwe e a e kwadileng le Jim Klobuchar ka 1977 ya Tarkenton. Tarkenton o kwadile buka le Brock Yates ka 1971 e e bidiwang Broken Patterns: The Education of a Quarterback, e supang ditiragalo tsa setlha sa 1970 sa New York Giants.

Ka 1986, Tarkento, ka thuso ya mokwadi Herb Resincow, a kwala buka e bidiwa Murder at the Super Bowl, e le polelo ya ke mang yo o se dirileng e mo go yone mokatisi wa kgwele a bolailweng pele ga setlhopha sa gagwe se tsenelela motshameko wa bommampodi.

Tarkenton o kwadile dibuka tsa go ithusa, tsa kgotlhatso e bong Playing to Win ka1984, le How to Motivate People: The Team Strategy for Success ka 1986. Gape o kwadile buka ya kgotlhatso ya go ithusa mme e le ya kgwebo e e bidiwang What Losing Taught Me About Winning, le Every Day is Game Day. Ka 1987, Tarkenton o ne a gasa ipapatso ya Think and Grow Rich mo thelebishineng e e neng e rekisa buka yeo le audio cassette (audio cassette tseo di ne di na le matseno le bokhutlo bo dirilwe ke Tarkenton.

Tsa kgwebo le dipeeletso[fetola | Fetola Motswedi]

Mark McCormack o thusitse Tarkenton go beeletsa, a mo dira mohumi go ka " tlogela tiro mo bekeng e, fa a batla," ka fa New York magazine e ne e kwadile ka teng ka 1971. Tarkenton e ne e le moeteledi mo go tsa computer software, ebile a tlhamile Tarkenton Software, kompone e e dirang program. O ne a tsaa loeto mo Amerika a rekisa CASE kana "computer-aided software engineering" le Albert F. Case, Jr. wa Nastec Corporation,mme kwa bofelong a kopanya kompone ya gagwe ya software le ya ga James Martin ya KnowledgeWare, e neng Tarkenton e le tautona wa yone go fitlhelela ba rekisa kompone yeo ba e rekisetsa Sterling Software ka 1994.

Ka 1999, Tarkenton o ne a atlholwa ke ba federal regulators ele bontlha bongwe jwa ditlhotlhomiso tsa tsietso. Go ya ka LA Times, "Mo kgangnyeng ya ga Tarkenton, quarterback ya Hall of Fame le batsamaisi ba le lesome ba kompone ya gagwe ya computer software le consulting firm, KnowledgeWare Inc., ba ne ba latofadiwa ka go isa madi kwa godimo mo di repoteng tsa madi a a tseneng mo kompone eo fa ngwaga wa madi o wela ka Seetebosigo a le masome a mararo, 1994. Motshameki yoo wa pele wa quarterback wa setlhopha sa Minnesota Vikings a dumela go duela katlholo ya $100,000 le $54,187 go fetsa molato. O ne a seka a dumela melato epe"

Go tswa foo, Tarkenton o ntse a rekisa dilo ka bontsi le di tirelo ka bontsi di tshwana Tony Robbins le 1-800-BAR-NONE. Gape o tlhamile GoSmallBiz, website ya dikgwebo-potlana ya consulting. Gape o tsamaisa kompone e nngwe ya ipapatso e e bidiwang Tarkenton Financial.

Sepolotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2016 kwa Republican National Convention, Tarkenton o ne a ha molaetsa a bapatsa motlhophiwa wa botautona wa Republican e bong Donald Trump.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Tarkenton Fran. What Losing Taught Me About Winning: The Ultimate Guide for Success in Small and Home-Based Businesses ; Fireside Books; 1997; ISBN 0-684-83879-6
  2. Father of Tarkenton Dies During Telecast [1] New York Times. Retrieved 26/10/2023.
  3. Sigma Alpha Epsilon [2] omegafi.com. Retrieved 26/10/2023.
  4. History of all-time SEC football championships entering 2019 [3] Michael Wayne Bratton. Retrieved 27/10/2023.
  5. Auburn Lands 3 Lineman On All-Star Team [4] David M. Moffit. Retrieved 27/10/2023.
  6. Gibbs and Tarkenton Named on UPI All-SEC [5] The Delta Democrat-Times. Retrieved 27/10/2023.
  7. Countdown to the 2013 NFL Draft [6] National Football League. Retrieved 27/10/2023.
  8. Vikings, 49ers, Colts, Eagles win openers [7] Eugene Register-Guard. Retrieved 27/10/2023.
  9. A Look at Marcus Mariota's Rookie Accomplishments [8] Jim Wyatt. Retrieved 27/10/2023.
  10. Fran Tarkenton is the Giants' answer to rival Jets' Joe Namath [9] The Day. Retrieved 27/10/2023.
  11. Kriegel, Mark. Namath:A Biography; Penguin Books; 2005; ISBN 978-0143035350; p.210
  12. Minnesota Vikings at New York Giants - September 21st, 1969 [10] Pro-Football-Reference.com. Retrieved 27/10/2023.
  13. 1969 Minnesota Vikings [11] Pro-Football-Reference.com. Retrieved 27/10/2023.
  14. Fran Tarkenton traded to Minnesota [12] The Day. Retrieved 27/10/2023.
  15. Vikings Get Tarkenton For Snead and 4 Others [13] Koppett, Leonard. Retrieved 27/10/2023.
  16. 1972 NFL Draft Pick Transactions, February 1 (Rounds 1–7) & 2 (Rounds 8–17) [14] Pro Sports Transactions. Retrieved 27/10/2023.