Letamo la Gaborone
Letamo La Gaborone
[fetola | Fetola Motswedi]
Letamo la Gaborone ke letamo le le mo nokeng ya Notwane ya selekanyo sa dimmithara tse di 141,100,000 (4.89*109 cu ft) mo lefatsheng la Botswana.[1]Letamo le, le okametswe ke kompone e kgolo ya Water Utilities e ,eleng yone e nosang toropo kgolo ya Gaborone .[2]
Lefelo
[fetola | Fetola Motswedi]Letamo la Gaborone le mo borwa jwa Gaborone go iphaphatha ka tsela ya Gaborone -Lobatse mme ebile ke lone lefang mafelo a ka bobedi metsi.[3]Letamo le le ikadile mo selekanyong sa bophara jwa dikilometara dile makgolo mabedi, masome a mabedi le botlhano go menagane (225sq mtrs), mme le kgadisiwa ke noka ya Notwane,Taung, Metsimaswaane le Nnywane. Magareng ga dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa (1970) le ketepedi (2000) selekanyo sa metsi a pula aa neng a tsena mo letamong le ene ele magareng ga makgolo a mane le botlhano(450mm) le makgolo a matlhano le botlhano(550mm). Selekanyo sa mogote se magareng ga lesome (10°C) ka nako ya mariga le masome a mararo le bosupa ka nako ya selemo(37°C). Selekanyo sa metsi aa latlhegang a tsewa ke phefo ee molelo ke sekete le makgolo a mane(1,400mm) ka ngwaga.
Tlhaloso
[fetola | Fetola Motswedi]Kago ya letamo le e simologile ka ngwaga wa sekete ,makgolo a robabongwe, masome a marataro le boraro (1963), e tsaa metsi mo letamong la Notwane , ka nako eo tlhabololo ya toropo ya Gaborone ene ele mo paakanyetsong. Letamo le, le agilweng ka go epiwa le feditswe ka ngwaga wa 1964. Mme ene yare ka nako ya pula tsa ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le botlhano (1965) go tsena ka 1966 letamo le la tlala go penologa.
Magare ga dingwaga tsa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabobedi le boraro (1983 ) e sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabobedi le botlhano (1985) letamo le lene la okediwa kwa godimo ka selekanyo sa dimithara di supa go oketsa selekanyo sa go tshwara metsi, se se dira gore le nne le boleele jwa dimithara dile masome a mabedi le botlhano(25m) goya kwa godimo, fa bophara ele dikilometara dile dikete dile tharo le masome a marataro (3.6 km). Go godisa letamo le go ne go tshwanetse go dirwa ka manontlhotlho go itsa go dutla ga lebota fa le neng le felela teng pele go tsena kwa le godisetswang teng. Bontsi jwa matangwana aa bolegetseng kwa ntle a boteng jwa selekanyo sa dimithara di le tharo. Tshoboko ya letamo le fa le tletse ke selekanyo sa dikilometara dile lesome le botlhano go menagane.
Letamo la Gaborone ene ele lone letamo le letona mo Botswana go fitlhela letamo la dikgatlhong le fela ka ngwaga wa ketepedi lesome le motso (2011.)
Dikgang tse di tsogileng morago gago bulwa ga letamo
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga pulo semmuso ya letamo le , metsi aa neng a tletse ane a simologa go fokotsega. Lengwe la mabaka a kolotlase kana phokotsego e, ene ele phetogo ya dipaka kana kafa pula e nang ka teng, se se fokotsa metsi aa tsenang mo nkgong ya metsi, mme go oketsega ditlamorago tse di bakwang ke metsi aa latlhwang ke mowa oo omileng mo tikologong ka ntlha ya kgotlelesego ya seemo sa loapi. Mo gongwe ene ele kgolo ya batho mo toropong mo go neng go baka tiriso e ntsi ya metsi jaaka batho bane ba dirisa metsi mo matangwaneng a metsi ago itimola mogote( swimming pool) le go tlhatswa dikoloi. Mafelo a ngwaga wa ketepedi le bobedi (2002), selekanyo sa metsi aa mo letamong ene ele masome a supa le borobabongwe (79%), mme kwa tshimologong ya ngwaga wa ketepedi le bone(2004) metsi a ne a le selekanyo sa masome a matlhano le bone(54%). Mme ene yare mafelong a ngwaga wa 2004 selekanyo sa metsi mo letamong ya bo ele diperesente fela di le masome a mabedi le bosupa(17%) seo seileng sa pateletsa goromete gotla ka ditsela tse di gagametseng ka ga tiroso ya metsi. Mme ene yare ka ngwaga wa ketepedi le botlhano, kgwedi ya Lwetse metsi a bo a wetse kwa tlase thata, diperesente dile lesome le bosupa fela (17%) kana masome a mararo le bone a dilitara(34l) tse di sielwang motho ale nosi mo Gabrone.
Tiriso ya Letamo
[fetola | Fetola Motswedi]Letamo le setse le dirisiwa jaaka lefelo la itlosoboduto. Phelelo ya letamo le Goya kafa bokone, le akanyediwa go dirisiwa jaaka lefelo la itlosoboduto le le bidiwang The Water Front .Gona le fa go tsamaya mekoro teng fa go bidiwang Gaborone Yacht Club, mo bokone jwa lecha. Mo bofelong jwa lecha kafa borwa gona le Kalahari Fishing Club le lefelo la morafe le le bidiwang City Scapes. Mo City Scapes gona le mafelo a bojanala, mabala a metshameko le mekoro. Letamo le tlwaelesegile ka batho baba ratang go lebelela dinonyane, go itlosa bodutu kago tshwara ditlhapi le windsurfers Lefa gontse jalo gagona, ditirelo tsa go thuma kana go shapa ka ntlha ya dikwena le parasitic bilharzias eo eka tlisang kana ya baka bolwetsi jo bo maswe jwa schistosomiasis.