Gaona Dintwe
Gaona Dintwe | |
|---|---|
| Tsalo | 1 May 1983 |
| Thuto | Monash South Africa |
| Tiro | Presenter, TV personality, talk show host, event host, broadcast journalist |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2006–present |
| Maranyane | gaonadintwe |
Gaone Nketso Dintwe ( O tshotswe Motsheganong a rogwa ka 1983) ke mogasi mo sesupa ditshwantsho sa Botswana, pinagare ya thulaganyo ya tsa bogasi, pinagare ya tsa ditiragalo, mogwebi[1][2] mo go tsa bobega dikgang le maranyane go tloga ka 2006. O berekile ele mogasi mo seromamoweng le telebishine mo seromamoweng sa bobedi sa Botswana le Botswana Television a gasa dithulaganyo dile mmalwa di akaretsa tsa seromamowa sa bobedi sa Botswana mo motshegareng ' Urban Flavas' le thulaganyo ya maphakela ya Botswana TV. Gape o nnile mogasi mo dithulaganyong tse dingwe gape tsa sesupo ditshwantsho mme mo nakong ya gompieno o eteletse thulaganyo ya Gaona Live[3]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2006, Dintwe o simolotse loeto lwa gagwe mo go tsa maranyane ka go tsena mo seromamoweng sa bobedi sa Botswana ele mogasi wa seromamowa. Se ene ele fela fa a fetsa go aloga kwa Monash South Africa ka BA mo dithutong tsa Communications and Media. Kwa seromamoweng sa bobedi sa Botswana, o rulagantse thulaganyo ya motshegare ya Urban Flavas, thulaganyo e ya fa gare ga beke ya motshegare ya seromamowa ka tsa bagolo ene e diretswe barati ba tsa puo ya batho e hapegileng etla enale pina tse di monate ele dipina tse di sha.[1] O ne a tsena mo telebishining ya botswana, BTV, a oketsa boitsaanape jwa gagwe a maranyane ka go nna mmega dikgang mo seromamoweng sa ntlha sa Botswana le seromamowa sa bobedi sa Botswana ebile ene ele mmega dikgang mo telebishineng ya Botswana. Mo makgetlhong a le mmalwa, o ne a nna le tshono ya go gasa ka tlhamalalo go tswa kwa palamenteng, State Of The Nation Address ka Tautona gammogo le go gasa ka Puo ya Kabo Madi a Setshaba ka Tona ya Madi le Ditlhabololo, go mo dira mongwe wa baitseanape ba metswedi ya dikgang ba le mmalwa mo Botswana.[4]
GaonaLive Productions
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Ngwanatsele 2015 Gaona o ne a tlhama GaonaLive Productions, e leng kompone e e tsamaisiwang ke basadi ya Premier Television Production le Online Channel, e ga jaana e tshwarwang mo dithulaganyong di le pedi, e leng GaonaLive Online le NOW TV- channel 290 mo DSTV. [citation needed]
I-RISE Ka Gaona
[fetola | Fetola Motswedi]Gaona o tlhomile letshwao la diaparo ka 2018 le le tsepamisitseng mo go tlhagiseng diaparo tsa boroko tsa basadi, diaparo tsa go ikhutsa le tsa tlhogo.[citation needed]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Dintwe o nyalane le Thobo Tlhasana, tsala ya gagwe ya nako e telele le modirikaene, ka Lwetse 2012.[citation needed] Ba ne ba kgaratlha go ima mo lenyalong la bone la dingwaga tse tharo mme ka Tlhakole 2015, Tlhasana o ne a nna lentswe la basadi ba ba neng ba lwantshana le go tlhoka tsholo fa a ne a tswa mme a bua ka kgaratlho ya gagwe kgatlhanong le endometriosis.[5][6] Ka Sedimonthole 2014, Tlhasana le monna wa gagwe ba ne ba kgaogana mme ba tlhalana ka Lwetse 2015 ka ntlha ya go sa utlwane.[7]
Go Tsaya Karolo ga Setšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong 2014, Dintwe o ne a ya kwa USA jaaka karolo ya setlhopha sa tlhomamiso ya Young African Leaders Initiative, Mandela Washington Fellowship. Lenaneo la Fellowship ke maitlamo a ga Tautona Barack Obama a go beeletsa mo isagong ya Aforika.[1] E ne e le mongwe wa Batswana ba le lesome le botlhano ba ba neng ba tlhophilwe go nna karolo ya setlhopha sa baeteledipele ba basha ba Aforika ba le makgolo matlhano ba ba rometsweng kwa ditheong di le masome mabedi go ralala USA.[8] O ne a fetsa dibeke di le thataro kwa Yunibesithing ya YALE. O tsere thuto ya boeteledipele jwa kgwebo mme mo godimo ga dithuto kwa Yale, o tsere karolo mo dithutopuisano tsa kgwebo tse dintsi. O ne a ikgolaganya le baeteledipele ba kgwebo ba mo lefelong leo le ba mo kgaolong eo mme a nna le seabe mo diporojekeng tsa tirelo ya setšhaba koo ba neng ba kopana le banni ba mo lefelong leo kwa New Haven, Connecticut. Katiso e ne ya mo fa tshono ya go tsenelela kopano kwa Washington, D.C. koo baemedi ba neng ba kopana le Tautona Barack Obama le Mosadi wa Ntlha wa USA, Michelle Obama.[9] Jaaka karolo ya Mandela Washington Fellowship, Dintwe o sa tswa go fetsa dikgwedi di le tharo kwa Lagos, Nigeria, mo internship kwa International Centre for Leadership Development (ICLD) Nigeria,[4] mokgatlho o o sa direng dipoelo o o tlamelang ka Thuto ya go Ruta, Kaelo ya Tiro/Thapiso ya Bokgoni jwa Tiro le Tlhabololo ya Boeteledipele. ICLD Nigeria e ikaelela go nonotsha baeteledipele ba basha ba Aforika ka go ba tlamela ka bokgoni le didiriswa tsa Boeteledipele le Technology ya Metswedi e Mesha, go ba thusa go lemoga bokgoni jwa bone ka botlalo le go nna baagi ba ba nang le mosola mo baaging ka bone.
Go Tsaya Kgato le go Buelela Batho
[fetola | Fetola Motswedi]Fa dingwaga di ntse di feta, Gaona o ne a nna molweladiphetogo wa Endometriosis le mmueledi wa yone.
Dikgele le go tlotlomadiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Mo patlisisong e e sa tswang go dirwa ke BOCRA mo lefatsheng lotlhe, o tlhageletse jaaka mogasi wa mosadi yo o tumileng go gaisa mo diteisheneng tsotlhe tsa seromamowa tsa kgwebo mme ke moamogedi wa BOMU Music Awards wa Sekgele sa Mmegadikgang yo o Gaisang.[4]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Nketso Gaona Tlhasana". irex.org. Archived from the original on 2016-04-27.
- ↑ '"RISINGSTAR – GAONA TLHASANA (MEDIA ENTREPRENEUR)date=5 February 2015". Africans Making Money. Lagos, Nigeria. Archieved from the original on 5 May 2016. Retrieved 9 Phalane 2025.
- ↑ "Gaona Shares Her 10 Lessons From Trying Times!". Botswana Youth Magazine. 27 January 2016.
- 1 2 3 "Gaona Tlhasana-Not Your Average Girl Next Door!". Botswana Youth Magazine. 2 September 2015.
- ↑ fifyloewen.com https://web.archive.org/web/20160326054911/http://fifyloewen.com/2015/05/about-endometriosis-and-infertility-with-gaona-mothers-day-guest-post/. Archived from the original on 2016-03-26. Retrieved 2016-04-17.
{{cite web}}: Empty citation (help): Missing or empty |title= (help) - ↑ Staff Writer (22 November 2015). "Mmegi Online :: Gaona opens up about her life experiences". Mmegi Online.
- ↑ Media Institute of Southern Africa. "Media Institute of Southern Africa".
- ↑ "Mandela Washington Fellows". irex.org. Archived from the original on 2016-04-27.
- ↑ "Tlhasana's USA trip pays off - Sunday Standard". sundaystandard.info. Archived from the original on 2016-04-27. Retrieved 9 Phalane 2025.