Jump to content

George S. Patton Sr.

Go tswa ko Wikipedia

Mokolonele George Patton Sr. (Seetebosigo 26, 1833 - Lwetse 25, 1864) e ne e le

George S. Patton Sr.
Leina la tsaloGeorge Patton
TsaloJune 26, 1833
Fredericksburg, Virginia, U.S.
LesoSeptember 25, 1864 (aged 31)
Winchester, Virginia, U.S.
Buried
Stonewall Cemetery, Winchester, Virginia
AllegianceTempolete:Country data United States of America
Tempolete:Country data Confederate States of America
Tiro/Lefelo la tiroTempolete:Army
Tempolete:Army
Dingwag tsa a le mo tirong1852–61 (USA)
1861–64 (CSA)
Maemo Colonel
Commands held22nd Virginia Infantry Regiment
DintwaAmerican Civil War
LosikaWaller Tazewell Patton (brother)
George S. Patton (son)
George S. Patton (grandson)

mokolonele wa Confederate ka nako ya Ntwa ya Selegae ya Amerika. E ne e le rremogolo wa mogenerale wa Ntwa ya Lefatshe II e bong George S. Patton. George Patton gape e ne e le rremogolo wa Major General George Patton IV, yo o tlhokafetseng ka 2004.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

George Smith Patton o tshotswe ka June 26, 1833, kwa Fredericksburg, Virginia, mme a golela kwa Richmond. E ne e le morwa wa radipolotiki John Mercer Patton. George o ne a aloga kwa Virginia Military Institute (VMl), Class of 1852, a le wa bobedi mo tlelaseng ya ba le 24. Fa a sena go aloga, o ne a ithutela molao mme a dira tiro ya gagwe kwa Charleston, Virginia (e jaanong e leng West Virginia). O ne a nyala Susan Thornton Glassell ka 1855.

Tirelo ya Ntwa ya Selegae le loso[fetola | Fetola Motswedi]

Fa ntwa ya selegae ya Amerika e ne e simologa, o ne a direla kwa 22nd Virginia Infantry of the Confederate States of America, a tlhatloga go tswa go go nna mokapotene go ya go go nna mokolonele wa mophato.[1] Jaaka lefotenente mokolonele o ne a gobala mo legetleng kwa Ntweng ya Scary Creek kwa West Virginia ya segompieno ka Phukwi 17, 1861. O ne a boa mme a gobadiwa gape kwa Giles Court House ka Motsheganong 10, 1862; mo lekgetlhong leno mo mpeng. Mo Ntweng ya Opequon, e gape e itsegeng jaaka Ntwa ya Boraro ya Winchester,[2] o ne a gobadiwa botlhoko mme a tlhokafala ka Lwetse, 1864. O fitlhilwe kwa mabitleng a Stonewall kwa Winchester

Boswa[fetola | Fetola Motswedi]

Patton o tlogetse ngwana wa mosimane, George William Patton, mongwe wa bana ba le bane, yo o tsetsweng ka 1856 kwa Charleston, Virginia (e jaanong e leng West Virginia). George William Patton o ne a fetola leina la gagwe go nna George S. Patton ka 1868. O ne a aloga kwa Virginia Military Institute ka 1877, Patton wa kokomana ya bobedi o ne a direla jaaka Los Angeles County, California, District Attorney le mmueledi wa ntlha wa toropo ya Pasadena, California, le ratoropo wa ntlha wa San Marino, California. E ne e le leloko la Wilson Democratic.

Legae la gagwe Elmgrove jaanong le bidiwa Craik-Patton House ka bontlhabongwe go mo tlotla. Setlogolo sa ga Patton e ne e le Mojenerale George S. Patton[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "On the Death of Col. George S. Patton", Cotton Boll Conspiracy, September 23, 2013
  2. Allardice, p. 300
  3. "Craik-Patton House". mysite. Retrieved 2018-09-27.[1]