Jump to content

Gisulf II of Friuli

Go tswa ko Wikipedia

Gisulf II (Gisulfo II di Friuli; abt. 545 - 611) e ne e le Kgosana ya Friuli go tloga ka 591 go fitlha a tlhokafala. E ne e le morwa le motlhatlhami wa ga Grasulf I wa kwa Friuli. [1]

Gisulf le Gaidoald ba Trent ba ne ba sa utlwane le Kgosi Agilulf go fitlha ba dira kagiso ka 602 kgotsa 603. Gisulf le ene o ne a dira kgolagano le Ba-Avar go ya go lwa le Istria.

Gisulf o ne a tseneletse mo kerekeng ya lefelo leo. Bobishopo ba "ba-Istria le ba-Venetia ba ba neng ba batla go ipusolosetsa", jaaka Paulo wa Mo-Deacon a ba bitsa, ba ne ba tshabela kwa go Gisulf gore a ba sireletse. Gisulf gape o ne a tsaya karolo mo go tlhomamiseng go tlhatlhama ga ga Candidianus go nna tlhogo ya kereke ya Aquileia ka 606.

Tiragalo e e botlhokwa thata ya puso ya gagwe e ka tswa e diragetse ka 611.[2]Fa Ba-Avar ba ne ba tlhasela Italy, naga ya ga Gisulf e ne e le ya ntlha e ba neng ba feta mo go yone. Gisulf o ne a phutha masole a mantsi mme a ya go ba kgatlhantsha. Le fa go ntse jalo, Ba-Avar ba ne ba le bantsi go ba feta, mme go ise go ye kae ba ne ba fenya Ba-Lombard. Gisulf o ne a swela mo ntweng, mme mmusomogolo wa gagwe o ne wa thopiwa. O ne a tlogela barwa ba le banè le barwadi ba le banè ka mosadi wa gagwe e bong Romilda (kana Ramhilde).

Bana ba basimane ba babedi ba bagolwane, e bong Tasso le Kakko, ba ne ba mo tlhatlhama. Bana ba basimaneGisulf ba babotlana, e bong Radoald le Grimoald, ba ne ba tshabela kwa go Arechis I wa kwa Benevento, yo e neng e le wa losika lwa ga Gisulf. Kgabagare bobedi jwa bone ba ne ba nna dikgosana tsa Benevento ka go latelana, mme Grimoald o ne a bo a nna kgosi. Gisulf o ne a tlogela bomorwadie ba babedi, Appa le Geila (kana Gaila). Paul the Deacon o bolela gore mongwe o ne a nyetse Kgosi ya Ba-Alemanni (ga a tlhomamisege) mme yo mongwe ene o ne a nyetse Kgosana ya Bavaria, gongwe e le Garibald II wa Bavaria, mme ga a tlhalose gore ke mang yo o nyetseng mang

  1. Hodgkin, Thomas (1916). Italy and her Invaders. Clarendon Press. p. 48.[1]
  2. It has been dated as early as 602. However, Gisulf certainly took part in the confirmation of Candidianus in 606.