Goshwe
Goshwe ke motse o o mo kgaolong ya Legare ya Botswana. O gaufi le molelwane wa Zimbabwe mme ebile ona le sekolo se se potlana se se bidiwang sekolo-potlana sa Goshwe le sekolo se segolwane. Baagi ba ne ba le 1 156 ka palobatho ya ngwaga wa 2001.[1]
Motse wa Goshwe o tumile thata ka leruo le temo.Motse wa Goshwe o itsege thata e le lefelo la diphologolo le dijwalo.lefelo le gape le nale matlapa a fitlhegileng a a nang le ditshwantsho tsa botaki a a iseng a bonwe.Motse wa Goshwe o kgaogantswe ka maphata a mabedi e bong;legare la motse kwa go naleng kgotla teng, sekole se se potlana le sekole se segolwane. Malapa a batho a dikaganyeditse dikago tsa puso. Sephatla se sengwe sa motse o wa Goshwe ke Chilokoti kwa go lengwang teng.
Goshwe e bokgakala jwa dikhilomitara di le masome a mabedi go tswa kwa motseng o o bidiwang Tutume, mme fa o goroga mo motseng oo ka YouTube o tla lemoga go lela ga dipodi le dinku le go lela ga dikgomo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 24 November 2007. Retrieved 1 January 2008.