Hammerskjoeld Simwinga

Go tswa ko Wikipedia

Hammerskjoeld Simwinga ke rre wa tsa tikologo wa mo Zambia. Oile a amogela tlotla ya Goldman Environmental Prize ka 2007, mo maitekong a gagwe a go emisa bogodu jwa ditlou ka go tla ka mananeo a itshetso mo setshabeng.[1] O teeletswe jaaka mokwaledi wa pele wa UN ebong Dag Hammarskjold( United Nations Secretary General Dag Hammarskjold) yoo tlhokafetseng ka 1961,morago ga go phatlakana ga sefofane mo Zambia. Ene yare ka kgwedi ya Phalane  ka 2007, Hammer Simwinga a tlhagelela mo Times Margazine, ee neng e supile bagaka mogo tsa tikologo.[2] Hammer ke motlhami ebile ke   moeteledipele wa Foundation for  Wildlife and Habitat Conservation eo dikantoro dikgolo tsa yone di leng ko kgaolong ya  Muchinga mo bokone jwa Zambia. Mo bogompienong ke ene a di gogang kwa pele mo tlhamong kana tshimolodisong ya  Mukungule Nature Conservation eo  etlabong ele yone ya ntlha go itirelwa le go itsamaisediwa ke morafe. Bontsi jwa mafelo a a sireleditsweng a tshotse matlotlo a tlholego  mo Aforika kea batswakwa fa a mangwe a tsamaisiwa ke batswakwa kana batho basweu ba ka nako tse dingwe ba sotlakakang le go koba beng gae.

Mukungule Nature Conservation e ikaelela go tla ka mothale o mosha wa go akaretsa morafe mo go tsa tshomarelo,.....

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Zambian wins 'Nobel green prize'", BBC News, 26 April 2007
  2. Hammer Simwinga - Heroes of the Environment - TIME - October 2007