Hansie Cronje

Go tswa ko Wikipedia

Wessel Johannes "Hansie" Cronje (25 September 1969 - 1 June 2002) e ne e le motshameki wa Kerikete wa boditšhabatšhaba wa Afrika Borwa le mokapotene mo <b>Setlhopheng sa bosetšhaba sa kerikete mono Aforika Borwa</b> 1990. Jaaka motshameki yo o dirisang letsogo lamoja, mokapotene Cronje o eteletse pele setlhopha sa gagwe o fentse metshameko e le 27 ya Teko le diOne Day International di le 99. Gape Cronje o eteletse pele Aforika Borwa a fenya kgaisano ya Mantshano ya Sefoka sa ICC ka 1998, e leng sone fela sefoka se segolo se setlhopha sa naga se se gapileng go fitlha ga jaana. Cronje o nnile le seabe segolo ka go dirisa bete go 61 a ise a tswe, mme a etelela pele setlhopha mo phenyong ka diwikete di le 4. O ne a tlhophiwa go nna wa bo11 yo mogolo mo Aforika Borwa ka 2004 le fa a ne a thibetswe go tshameka cricket botshelo jotlhe ka ntlha ya seabe sa gagwe mo matlhabisaditlhong a go rulaganya metshameko. O tlhokafetse mo kotsing ya sefofane ka 2002.[1]

  1. https://www.espncricinfo.com/cricketers/hansie-cronje-44485