Harry Jerome

Go tswa ko Wikipedia

"Harry" Winston Jerome OC (Lwetse a le masome a mararo, 1940-Sedimonthole a supa, 1982) e ne e le motabogi (track and field sprinter) wa lefatshe la Canada ebile ele morutabana wa dithuto tsa itshidilo mmele (physical education). O fentse seetsele sa bronze kwa 1964 Olympics kwa Tokyo abo a baa direkote di di le supa palogotlhe mo tirong ya gagwe ya botabogi.

Botshelo jwa pele[fetola | Fetola Motswedi]

Harry Jerome o tsholetswe kwa Prince Albert, Saskatchewan, e le ngwana wa ga Harry Vincent Jerome le Elsie Ellen Howard, mme a fudugela kwa North Vancouver, British Columbia, a le dingwaga di le lesome le bobedi. Rraagwemogolo e ne ele John Howard, yo o neng a tsaletswe kwa Amerika a bereka mo ditereneng a kuka dibeke (railway porter) yo o neng a emela lefatshe la Canada kwa 1912 Summer Olympics. Morwadiarraagwe Harry ebong Valerie Jerome, le ene e ne e le Olympian yo o neng a tabogela Canada kwa 1960 Summer Olympics kwa Rome.[1]

Tiro ya gagwe ya mabelo[fetola | Fetola Motswedi]

Jerome o ne a gaisana kwa mmadikole a tabogela Bill Bowerman kwa University of Oregon. E ne e le leloko la setlhopha sa mabelo sa Canada ka 1960, 1964, le 1968 Summer Olympics, a fenya seetsele sa bronze mo lebelong la 100 metre ka 1964. Jerome o ne a apara diaparo tsa gagwe tsa University of Oregon go na le sesha sa go apara diaparo tsa lefatshe mo diponalong tsotlhe tsa Olympic, go ikatisetsa 100 metres kwa di Olympic tsa Tokyo. O ne a fenya seetsele sa gauta (gold) kwa 1966 British Empire and Commonwealth Games tse di neng di tshwaretswe kwa Kingston, Jamaica.

Mo tirong ya gagwe, jerome o ne a baa di rekote di le supa tsa lefatshe, go balelwa go lekanya ya 100 metre ka disekonte dile 10.0 ka 1960, a lekantsha le mmaraka o o neng o beilwe ke mojeremane e bong Armin Hary. Morago ga foo o ne a lekanya rekote ya lefatshe ya 100 yard dash ka disekonte di le 9.3 (1961), se o se dira gore Jerome a nne mongwe wa batabogi ba ba palonyana ba ba neng ba nna le rekote ya 100 yard le ya 100 metre ya lefatshe ka nako e le nngwe. Jerome e ne e le leloko la setlhopha sa lebelo la neelano la 4 x 100 m sa University of Oregon se se neng sa lekanya rekote ya lefatshe ka disekonte di le 40.0 ka 1962; ka setlha sa 1962, Harry o ne a taboga disekonte di le 9.2 mo lebelong la 100 yard dash ga bedi. Ka 1966 o ne gape a lekanya rekote ya lefatshe ka nako ya 9.1 mo lebelong la 100 yard. Go tswa ka 1963 go ya ko go 1966 o ne a tshwere kana a lekanya di rekote tsa lefatshe di le nne ka go tlhomagana. O santse e le e ne fela monna yo o kileng a tshwara rekote ya 100 yard ya lefatshe makgatho a le mararo ka go farologana ebile ke ene motho yo motona go gaisa wa go tshwara rekote ya 100y a le dingwaga tse masome mabedi le botlhano; yo monnye ke Houston McTear ka nako ya disekonte tse 9.0 fa a le dingwaga tse lesome le boferabobedi. Jerome ga a ise e nne ene monnga rekote ya lefatshe ya100y kana 100m a le nosi mme o ne a lekanya le bankane ba gagwe.[2][3]

Jerome o ne a tsweledisa go taboga sentle go fitlhela ka dingwaga tsa 1960, le fa a ne a nna le kgobalo e e masisi ka 1962 kwa Perth Commonwealth Games kwa dingaka ko ntlheng di ne di dumela gore o tla nna le bogole botshelo jwa gagwe jotlhe.[citation needed]

Go ruta le tiro ya fa a feditse go taboga[fetola | Fetola Motswedi]

Jerome o ne a amogela bachelor's degree ya physical education go tswa kwa University of Oregon ka 1964 mme a ruta kwa Richmond School Board (1964–65) go tswa foo a ya kwa Vancouver School Board (1965–68). Ka 1968, a amogela master's wa physical education go tswa kwa Oregon.[4]

Fa tlogela go taboga ka 1969, Jerome o ne a lalediwa ke Prime Minister Pierre Trudeau go thusa go aga Lephata la metshameko le lesha la Canada. Jerome o ne a tshwara maemo a le mmalwa a a kwa godimo mo lephateng leo mme a itlhola tiro morago ga goromente a sutlha tshwaragano ya public-private e a neng a ibueletse le ba Kellogg's go rotoetsa banana go tsenelela metshameko. Ka bo 1980, Jerome a etelela Premier's Sport Award program kwa British Columbia.

Jerome o tlhokafetse ka ntata ya go thubega letha la boboko (brain aneurysm) ka sedimonthele a supa ka ngwaga wa 1982 a le dingwaga tse masome a mane le bobedi kwa North Vancouver.[5]

Ditlotla le Tlotlo[fetola | Fetola Motswedi]

Statue sa ga Harry Jerome kwa Stanley Park, Vancouver, British Columbia

Ka 1970, Jerome o ne a dirwa Officer of the Order of Canada.[6] Mo ngwageng o o latelang o ne a tsenngwa mo Canada's Sports Hall of Fame. Jerome o ne a tsenngwa mo Canada's Walk of Fame ka 2001 a setse a tlhokafetse mme a bidiwa Person of National Historical Significance ka 2010.[7]

Ka 1984, Labatts International Track Classic Pre-Olympic meet e ne ya fetolwa leina go bitswa Harry Jerome International Track Classic.[8][9] Meet oo o tshwara ngwaga le ngwaga kwa Swangard Stadium in Burnaby, British Columbia. Harry Jerome Sports Complex kwa North Vancouver, e e gautshwane le North Vancouver High School kwa a simolotseng go taboga teng ka 1958, le Harry Jerome Sports Centre, e eleng legae la Burnaby Velodrome, di reeletswe ka Jerome, le weight room ya University of Oregon le lebala la mabelo kwa Prince Albert. Lekoma la lewatle la Stanley Park kwa Vancouver le na le statue sa bronze se se 2.7-metre (9ft) sa ga Jerome.

Harry Jerome Awards tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga, dijo tsa maitseboa tsa national awards tsa batho bantsho ba Canada tse di tshwarwang ke ba Black Business and Professionals Association (BBPA), e biditswe ka ene.[10]

Meet o mongwe, o o bidiwang Harry Jerome Indoor Games o ne wa tlhamiwa ka 2011. O tshwarelwa kwa Richmond Olympic Oval, kwa go kileng ga bo go tshwarela ditirelo tsa Speed Skating ka 2010 Vancouver Olympics, mme mo bogompienong e dirisiwa e le ntlo lehalahala ya metshameko ka go farologana. Meet o o tsenelelwa thata ke bana ba dikolo tse di kgolwane ba emetse ditlhopha tsa lower mainland, le bana ba bangwe ba batshameki ba bo mmadikole, le batabogi ba bannye.

Ka Lwetse a le malatsi a le masome mararo ka 2019, Google e ne ya ipelela matsalo a ga Harry Jerome a masome a supa le boferabongwe ka Google Doodle.[11]

Ditiro ka ga Jerome[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Moranang ka 2009 setshwantsho sa motshikinyego sa botshelo se se bitswang Mighty Jerome se ne sa simolola go diriwa. Se tsamaisiwa ke Charles Officer ebile se dirwa ke National Film Board of Canada (NFB) kwa Vancouver, setshwantsho seo se ne se tlhotlhelediwa ke buka ya ga Fil Fraser e e bidiwang Running Uphill.[12][13]

Modiri wa NFB Selwyn Jacob o ne a ya kwa go Officer, a na le batsamaisi ba bangwe ba bane-ka 2007 ka kakanyo ya go dira setshwantsho ka Jerome. Kopo ya ga Officer e ne ya tlhophiwa ke Jacob le NFB, le ntswa a ise a tsamaise setshwantsho sa mmannete pele ga foo.[14] Setshwantsho seo sa mmala wa bontsho le bosweu (black and white film) se dirisa ditshwantsho tsa ditso (archival footage), dipotsolotso (interviews) le bodiragatsi (dramatizations) go lebelela botshelo jwa ga Jerome le tiro ya gagwe. Officer o ne a etsa di tlhomiwa tsa metlobo ya ditso kwa Toronto, Edmonton le Vancouver go botsolotsa bankane ba ga Jerome le ba lelwapa la gagwe. Morwadiarraagwe Jerome e bong Valeri o ne a gana go tsenelela mo setshwantshong seo ka ntlha ya go sa dumalane le ka fa a supiwang ka teng mo bukeng ya ga Fraser. Setshwantsho seo se ne sa supiwa ele lantlha kwa Vancouver International Film Festival ka Phalane a le malatsi a ferabobedi ka 2010.[14][15][16][17]

Bodiragatsi jwa ga Jerome jwa nako ya a fenya seetsele sa bronze mo lebelong la 100 metre kwa Tokyo 1964 Summer Olympics bo supilwe mo setshwantshong sa motshikhinyego sa Tokyo Olympiad (1965) se ne se tsamaisiwa ke Kon Ichikawa. Ditshwantsho tsa bonya le ditshwantsho tsa gaufi tsa ga Jerome (le batabogi ba bangwe) ba ipaakanyetsa lebelo di simolola ha motsotsong wa masome mabedi le borataro mme go tswa foo lebelo le supiwa go fitlhelela le felela ka lobelo la nnete.

Dikatlego[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Valerie Jerome Bio, Stats, and Results [1] Olympics at Sports-Reference.com. Retrieved 17/10/2023.
  2. https://www.sportshall.ca/accessible/hm_profile.php?i=19
  3. Progression of the IAAF World Records 2015 (PDF). [2] IAAF. 2015. Retrieved 22/10/2023.
  4. Harry Jerome. [3] The Canadian Encyclopedia. Retrieved 22/10/2023.
  5. BC Archives. [4] Royal BC Museum. Retrieved 22/10/2023.
  6. Mr. Harry W Jerome, O.C. [5] The Governor General of Canada. Retrieved 22/10/2023.
  7. Harry-Winston-Jerome-designated-as-one-of-Canada's-greatest-athletes-and-Olympic-medalist-and-national-historic-person. [6] The Afro News. Retrieved 22/10/2023.
  8. Meet History. [7] Harry Jerome International Track Classic. Retrieved 22/10/2023.
  9. Fleming, Andrew. [8] Archives: Sprinter Harry Jerome sets new Canadian record. Retrieved 22/10/2023.
  10. BBPA Harry Jerome Awards [9] Retrieved 22/10/2023.
  11. Harry Jerome's 79th Birthday. [10] Google. Retrieved 22/10/2023.
  12. Charles Officer begins production on NFB Harry Jerome documentary. [11] AfroToronto. Retrieved 22/10/2023.
  13. Running Uphill: The Fast, Short Life of Canadian Champion Harry Jerome. [12] Canadian Materials. Retrieved 22/10/2023.
  14. 14.0 14.1 VIFF 2010: Mighty Jerome a stylish portrait of one of Canada's greatest athletes. [13] Georgia Straight. Retrieved 22/10/2023.
  15. VIFF: The story of Harry Jerome is a moving piece of sports history. [14] Vancouver Sun. Retrieved 22/10/2023.
  16. REVIEW: Mighty Jerome. [15] Vancouver Province. Retrieved 22/10/2023.
  17. VIFF Preview: "Mighty Jerome". [16] Realscreen. Retrieved 22/10/2023.