Ian Farlam SC

Go tswa ko Wikipedia

Ian Farlam SC ke mo Aforika Borwa yo o tlogetseng tiro ya boatlhodi ka bogodi. One a eteletse pele komiti ya ditlhotlhomiso mabapi le kgatlampolo ya batho kwa Marikana ka ngwaga wa 2012.

Dithutego le botshelo jwa Pele[fetola | Fetola Motswedi]

Farlam o tsholetswe kwa Capetown mme ka 1961 a amogela digerata tsa gagwe tsa molao(LLB) go tswa mo sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Capetown. Mo ngwageng one oo ene ele ……. Martin Theron.[1]

Tsa Mmereko[fetola | Fetola Motswedi]

E nnile mosekisi mo kantorong ya babueledi go tloga ka ngwaga wa 1964 go tsena 1968, lantlha kwa Gramstown mme morago aya Capetown. E nnile leloko la Cape Bar ka 1968 mme one a newa maemo a mosekisi mogolo (Senior Council) ka 1981. E rile ka 1988, Farlam a tshwarelela  lekgetho la ntlha jaaka moatlhodi mo Orange Free State Provisional Division mo kgotla kgolo ya ditsheko. Mme ene yare ka kgwedi ya Phalane e rogwa, ngwaga wa 1993, a tlhophiwa jaaka moatlhodi mo Cape Provincial Division mo kgotla kgolo ya ditsheko. Ngwaga wa 2000 one a tlhophiwa jaaka moatlhodi mogolo mo kgotla kgolo ya boikuelo,maemo ao a tshwareletseng go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2009.[2]

Botshelo Morago ga Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

One a eteletse pele komiti ya ditlhotlhomiso mabapi le kgatlampolo ya batho kwa Marikana ka ngwaga wa 2012.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "News on the judiciary" (PDF). Consultus. 7 (1): 60. 1994 – via General Council of the Bar of South Africa
  2. Supreme Court of Appeal: History". www.supremecourtofappeal.org.za. Retrieved 2 March 2021.
  3. "Ian Farlam". whoswho.co.za. Archived from the original on 22 July 2015. Retrieved 17 July 2015.