James M. Jackson
James Monroe Jackson (Sedimonthole 3, 1825 - Tlhakole 14, 1901) e ne e le mmueledi le
| James M. Jackson | |
|---|---|
Memorial to J. M. Jackson by J. Massey Rhind | |
| Member of the U.S. House of Representatives from West Virginia's 4th district | |
| In office March 4, 1889 – February 3, 1890 | |
| Pele Ga Gagwe | Charles E. Hogg |
| Morago Ga Gagwe | Charles Brooks Smith |
| Judge for the Wood County Criminal Court | |
| In office 1891–1901 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Sedimonthole 3, 1825 Parkersburg, Virginia (now West Virginia) |
| O Tlhokafetse | Tlhakole 14, 1901 (aged 75) Parkersburg, West Virginia |
| Mokgatlho | Democratic Party |
| Alma mater | Princeton University |
| Tiro |
|
radipolotiki wa Democratic go tswa kwa West Virginia yo o neng a direla jaaka Moemedi wa United States kwa 51st United States Congress.
Botshelo jwa gagwe le lelwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Jackson o tsholetswe kwa Parkersburg kwa Wood County, Virginia (e jaanong e leng West Virginia). Rraagwemogolo e bong John G. Jackson o ne a kile a direla kwa U.S. Ntlo ya Baemedi mmogo le U.S. Moatlhodi wa Kgaolo, mme pelenyana e ne e le Mojenerale wa Brigade mo sesoleng sa Virginia. Rraagwe gape e ne e le Mojenerale John Jay Jackson (wa masole a kwa Virginia). Bomorwarraagwe ba ne ba nna Moatlhodi wa Puso ya Federal e bong John Jay Jackson, Jr. le Moatlhodi wa Kgaolo le Mmusisi wa West Virginia e bong Jacob B. Jackson.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a aloga kwa sekolong se se golwane sa ya Princeton ka 1845. Fa a sena go ithuta molao, o ne a amogelwa go nna mmueledi ka 1847. O ne a bula ofisi ya gagwe kwa Parkersburg. O ne a fenya ditlhopho jaaka mmueledi wa kgaolo ya Wood ka 1856 le 1860. O ne a direla jaaka leloko la West Virginia House of Delegates ka 1870 le 1871.
E ne e le leloko la kopano ya molaotheo ya Puso ka 1872. O ne a direla jaaka moatlhodi wa kgotlatshekelo ya potologo ya botlhano go tloga ka 1873 go fitlha ka 1888, fa a ne a tlogela tiro ka go bo a ne a akanya gore o tlhophilwe go nna leloko la U.S. Kongerese e mo kgaisanong e e atamalaneng thata le Charles Brooks Smith wa Repaboliki. Le fa Jackson a ne a neelana ka ditlankana tsa gagwe tsa go nna leloko la Democratic le le tlhophilweng kwa Khonkereseng ya Masomehlano le bongwe mme a direla go tloga ka Mopitlwe 4, 1889, go fitlha ka Tlhakole 3, 1890, Smith, o ne a fenya ditlhopho mme a direla ngwaga wa bofelo wa paka pele a fenngwa ke Democrat James Capehart.
Leso le boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Jackson o ne a tlhokafala kwa Parkersburg, West Virginia ka Tlhakole 14, 1901. O ne a fitlhwa kwa mabitleng a Riverview. Jackson Memorial Fountain kwa Parkersburg e neetswe lelapa la ga Jackson.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Nimfa H. Simpson (January 1984). "National Register of Historic Places Inventory Nomination Form: Jackson Memorial Fountain" (PDF). State of West Virginia, West Virginia Division of Culture and History, Historic Preservation. Retrieved September 15, 2011.