Jeso Keresete

Go tswa ko Wikipedia
Jeso Keresete
Jeso Keresete a bapotswe mo Serapanong
Ka ga gagwe
Tsalo4 BC
LesoAD 30 ( a nale dingwaga di le 33 goya ko tse 36)
Se se bakileng lesoO bapotswe
BatsadiJosefa le Maria
O itsege kaMorwa Modimo wa Bakeresete

Jeso Keresete o itsegeng gape e le Jeso wa Nazareth kana Jesus Christ ka sekgowa e ne ele moruti wa Bajuda gape e le mogolwane wa tumelo. Badumedi ba bakeresete ka bontsi ba dumela gore ke morwa Modimo.

Bontsi go ya ka segologolo ba dumela gore e ne ele moJudah go tswa ko lefelong le le bidiwang Judea, ko toropong e e bidiwang Nazareth, ye gompieno e bidiwang Israel. Gape ba dumetse gore e ne ele Moruti gape ga hodisa, le gore o kolobeditswe le Johane wa mokolobetsi. Ba dumela gape gore o bapotswe mo sefapanong a swela dibe tsa bone, le gore o ne a tsoga morago ga malatsi a mararo.[1]Jeso o na a ruta go rata le go itshwarela ba bangwe, ga mmogo le go nna boikobo mo tumelong. O ne a ruta thata ka bogosi jwa Modimo le gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.[2] O ne a ruta gore ba ba ithokomolosang Modimo ga ba tshwanelwe ke masego a gagwe, mme Modimo o tla ba itshwerela fela fa ba ikopa maitshwarelo.

Go ya ka ba bangwe[fetola | Fetola Motswedi]

Jeso ke Moruti[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba bangwe ba e seng bakeresete ba ba neng ba tshela ka nako ya tumelo, ba ne ba sa dumele fa Jeso e le morwa Modimo. Ba ne ba dumela gore e ne ele mothofels o siameng, gongwe Moruti kana moporofita.

MaIslam ba dumela fa e le morongwa wa bobedi[fetola | Fetola Motswedi]

MaIslam ba dumela fa e ne e le morongwa wa bobedi go ya ko bofelong. Ba dumela fa Muhammad e ne ele moporofita wa bofelelo. Gape ba dumela gore Jeso le Muhammad e ne ele batho fela ba ba thopilweng ke Modimo, Jaaka baporofiti.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Brown, Raymond E. (1994). The death of the Messiah : from Gethsemane to the grave : a commentary on the Passion narratives in the four Gospels. New York: Doubleday, Anchor Bible Reference Library: Doubleday. p. 964. ISBN 978-0-385-19397-9.
  2. "Bible Gateway passage: Mark 1:15 - New International Version". Bible Gateway. Retrieved 2018-10-01.