Joe Young(defensive end)

Go tswa ko Wikipedia
Joe Young
TsaloPhatwe a tlhola ga raro, 1933
Chicago, Illinois
LesoTlhakole a le masome a mabedi le bosupa, 2019 (a le dingwaga tse masome a robabobedi le metso e le metlhano (85) )
Bolele6 ft 3 in kgotsa (1.91 m)

Joe Young (Phatwe a tlhola ga raro, 1933-Tlhakole a tlhola masome a mabedi le bosupa, 2019)[1] e ne ele motshameka morago wa kgwele ya seAmerika ka nako ya American Football League e santse e simologa. O tshameketse setlhopha sa Denver Broncos ka fa molaong ka dingwaga tsa bo 1960.

Botshelo ja pele[fetola | Fetola Motswedi]

Young o tsholetswe kwa Chicago kwa Illinois[2] mme a tsena sekolo se segolwane sa Thomas Kelly High School gone kwa Chicago.[3] O ne a tshameka kgwele ya mmadikolo (college football) kwa Marquette University le University of Arizona.[4] O ne a biletswa kwa setlhopheng se se kgethegileng sa All-Border Conference ka ngwaga wa 1957.[5]

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Young o ne a tlhophiwa mo legatong la masome a mararo (ele motlhophiwa wa bo makgolo a mabedi, masome a ferabobedi le metso ele supa ka kakaretso) ke setlhopha sa Chicago Bears mo ditlhophong tsa batshameki ba NFL (1955 NFL Draft)[6] ka ngwaga wa 1955. O tshamekile ditlha di le pedi kwa setlhopheng sa Denver Broncos sa American Football League ka dingwaga tsa 1960 le 1961.[7]

Botshelo ja morago[fetola | Fetola Motswedi]

Young o tlhokafetse ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa, ngwaga wa 2019, a le dingwaga di le masome a ferabobedi le metso e le metlhano.[citation needed]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Joseph Albert Young https://www.evans-brownmortuary.com/tributes/Joseph-Young Evans-Brown Mortuary, Retrieved 09/10/2023
  2. Joe Young. [1] National Football League. Retrieved 24/10/2023.
  3. Joe Young. [2] databaseFootball.com. Retrieved 24/10/2023.
  4. Joe Young. [3] Pro-Football-Reference.com. Retrieved 24/10/2023.
  5. Arizona All-Americans [4] Arizona Foorball Media Guide. Retrieved 24/10/2023.
  6. 1955 Chicago Bears. [5] databaseFootball.com. Retrieved 24/10/2023.
  7. Joe Young. [6] Oldest Living Football Players. Retrieved 24/10/2023.