Joe Young (lyricist)

Go tswa ko Wikipedia

Joe Young o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e nale malatsi a le mane ka ngwaga wa 1889, o tlhokafetse ka ngwaga wa 1939[1]. E e ne ele mokwadi wa mafoko a a dirang dipina wa lefatshe la Amerika. O tsholetswe kwa New York[1]. Rre Young o berekeile thata go tsweng ka ngwaga wa 1911 go yeng ko mafelelong a dingwaga tsa 1930. O simolotse tIro ya gagwe a bereka e le seopedi le morotoetsi wa dipina tsa bantshi ba dipina ba ba farologaneng[1]. Ka nako ya ntwa ya mafatshe fatshe ya ntlha , o ne a tosa masole a lefatshe la Amerika bodutu, a etela Yuropo e le seopedi[1].

Ditiro[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya gagwe ya pele e ne e le pina e bidiwa ''Way Down East'' (©1910) e kwadilwe ka mafoko a ga Rre Cecil Mack , kopeloe ka Rre Joe Young le Rre Harold Norman , e eneng ya ntshiwa ke Gotham-Attucks Muisc Publishing Company.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Colin Larkin, ed. (1992). The Guinness Encyclopedia of Popular Music (First ed.). Guinness Publishing. p. 2756.ISBN 0-85112-939-0