Jordyn Woods

Go tswa ko Wikipedia
Jordyn Woods
Woods in 2019
Tsalo (1997-09-23) September 23, 1997 (age 26)
Los Angeles, California, U.S.
Maina amangweHeir Jordyn[1]
Tiro
  • Socialite
  • model
Dingwaga tsa a le mo tirong2016–present
TelevisionLife of Kylie
The Masked Singer

Jordyn Woods o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e le malatsi a le masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa 1997, ke mmabontle e bile e le motho o o itsegeng katsa kapari le mo mohameng wa itlosobudutu. O itsege ka seabe sa gagwe mo thulaganyong ya telebishini ya Life of Kylie.

Botshelo jwa gagwe a le monnye[fetola | Fetola Motswedi]

Jordyn Woods o tsholetswe kwa Los Angeles ka kgwedi ya Lwetse e le masome mabedi le boraro ka ngwaga wa 1997. Ke ngwana wa ga John Woods o e leng motegeniki wa tsa modumo wa telebishini[2][3][4]wa lotso lwa Dominican, le Elizabeth Woods o e leng mookamedi wa ditalente le matshwao.[3][5] O na le bokgaitsadie ba le babedi ebong John Jr. le Joshua, le monnawe wa mosetsana a bidiwa Jodie.[6][7]O godiseditswe kwa lefelong le go nnang teng batho basweu kwa Oak Park kwa California, o gakologelwa e le mongwe wa basetsana ba bantsho ba le babedi fela kwa sekolong sa gagwe.[8][2] Batsadi ba ga Woods ba ne ba tlhalana, ka jalo a nna a fuduga kgapetsakgapetsa, mme phelelong ba tsaya tshwetso ya go mo rutela mo lwapeng morago ga gore lolwapa lo fudugele kwa Calabass kwa California fa a le dingwaga di le lesome le boraro.[2][3] Rragwe Woods o ne a tlhokafala ka ntlha ya kankere fa Jordyn a le dingwaga di le lesome le borobabongwe.[4][9][8]


Rragwe o berekile mo The Fresh Prince of Bel-Air, lolwapa lwa bone lo gaufi thata le Will Smith le Jada Pinkett Smith, ba a ba bonang e le malomaagwe le mmamalomaagwe.[2][3][10][11][12]

Woods o kile a dira ditiro tsa bommabontle ka nakwana fa a santse a le ngwana.[13]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mmabontle[fetola | Fetola Motswedi]

Woods o ne a bereka le Wilhelmina ka ngwaga wa 2015 morago ga gore agente e mmone mo Instagram ya mmotsa fa a na le kgatlhego mo go gateng mmabontle.[12] [13]ka Motsheganong ngwaga wa 2019 Wood o ne a gata mmabontle kwa Lane Bryant le Chrsitian Siriano.[2][12][14]Woods o gatetse kompone ya diaparo ya ga Khloe Kardashian ya Good American go tswa ka ngwaga wa 2016 go tsena 2019.[10][15]

Ka ngwaga wa 2017, Woods o ne a gata mo moletlong wa beke wa New York Fashion Week.[12][16] O tlhageletse mo makasineng wa Cosmopolitan UK ka Lwetse ngwaga wa 2019.

Telebishini[fetola | Fetola Motswedi]

Woods o tlhageletse mo dikgaolong tsotlhe tsa thulaganyo ya telebishini ya Life of Kylie, a tlhagelela gape mo dingweng tsa Keeping up With The Kardashians. [17]Woods e ne e le moeng o o itsegeng kwa Hip Hop Squares.[18][19] Woods o ne a gaisana mo kgaolong ya boraro ya The Masked Singer e le Kangaroo.[20][21]


Woods o simolotse go diragatsa mo thulaganyong ya grown-ish a tshameka Dee. Moanelwa o a neng a mo tshameka o ne a nna mo borokong jwa sekolo a akanya go ikgapela botshelo, mokaedi o ne a leka go tsibosa batho ka malwetsi a tlhaloganyo mo bathong bantsho kwa dikolong[22][7]. O ne a tlhagelela gape mo filiming ya BET ya film Sacrifice,[23] a nna moanelwa mogolo mo filiming ya BET ya Trigger e le Vanessa Mass.[23][24]

Dikgwebo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe ngwaga wa 2018, Woods o ne a simolola kompone ya gagwe ya diaparo tsa mebele yotlhe ya SECNDNTURE.[14][10][25][7]

Ka Lwetse 2018, Kylie Cosmetics e ne ya simolola ditlolo tse di tlhakanetsweng ke Kylie le Jordyn.[26][3]Ka Seetebosigo 2019, Woods o ne a simolola kgwebo ya kapari le ba Boohoo.com.[7][27]

Ka Phukwi 2019, Woods o tlhageletse mo setshantshong sa motshikinyego sa pina ya ga Rick Ross.[4][28] Ka Phalane 2019 a simolola thekiso ya meriri le ba Easilocks.

Ka Phalane 2020, Woods o ne a bereka le PrettyLittleThing ba dira diaparo tsa kiletso mesepele.[29][30]

Ka ngwaga wa 2021, Woods o ne a simolola maranyane a go itekanela e bidiwa FRSTPLACE. O dirile maranyane a go thusa batho ba aba itseng go ipaya kwa pele, ba tokafatse botsogo jwa bone jwa tlhaloganyo le mmele. Maranyane a a fa batho mananeo a a dirilweng ke baitseanape le mekgwa ya go apaya dijo ke baapei ba tlhwatlhwa.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Woods o abelane le sechaba ka dikgwetlho tse a nnileng le tsone fa go tla ka fa a itebang ka teng le seabe sa go golela mo Hollywood.[13][14][31]

Woods o ne a na le botsalano ebile a nnile le Kylie Jenner go fitlhelela ka Tlhakole 2019, o ne a thusa Jenner go tlhokomela ngwana wa gagwe Stormi Webster. [15][12]Bobedi bo ne ba boelana ka Phukwi 2023.

Ka Motsheganong 2020, Woods o ne a simolola go ratana le motshameki wa basketball Karl Anthony Towns.[32][33] O firisitse ntlo kwa Los Angeles.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named Falcone
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 Gibson, Francesca (September 23, 2020). "10 things you probably didn't know about Jordyn Woods". Cosmopolitan. Retrieved April 29, 2021.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 3.4 Farley, Rebecca (February 21, 2019). "An Explainer On Jordyn Woods (For Gwyneth Paltrow)". Refinery29. Retrieved April 29, 2021.
  4. 4.0 4.1 4.2 "Rick Ross Music Video Gig ... MY DAD WOULD BE SO PROUD!!!". TMZ. July 19, 2019. Retrieved April 28, 2021.
  5. "JORDYN WOODS Gift From Kris Jenner's Line NOT A PEACE OFFERING". TMZ. April 25, 2021. Retrieved April 28, 2021.
  6. Drysdale, Jennifer (April 11, 2021). "Jordyn Woods Commissions Portrait of Boyfriend Karl-Anthony Towns' Late Mother". Entertainment Tonight. Retrieved April 28, 2021.
  7. 7.0 7.1 7.2 7.3 7.4 McNamara, Brittney (August 22, 2019). "Jordyn Woods Opens Up About Loss, Her Journal, and How She's Finding Herself". Teen Vogue. Retrieved April 29, 2021.
  8. 8.0 8.1 Little, Liv (July 30, 2019). "Jordyn Woods on trolls, Tristan Thompson and the truth". Cosmopolitan UK. Retrieved April 29, 2021.
  9. Corriston, Michele (August 31, 2017). "Life of Kylie Sneak Peek: Kylie Jenner Cries Picturing Her Parents' Deaths". People. Retrieved April 28, 2021.
  10. 10.0 10.1 10.2 Frey, Kaitlyn (February 19, 2019). "Jordyn Woods Modeled for Khloé Kardashian's Clothing Line Before Alleged Cheating Scandal". People. Retrieved April 28, 2021.
  11. "JADEN SMITH WHIPS IT GOOD AT COACHELLA ... With Special Guest Jordyn Woods". TMZ. April 13, 2019. Retrieved April 28, 2021.
  12. 12.0 12.1 12.2 12.3 12.4 Dambrosio, Christina (February 22, 2019). "Everything you need to know about Jordyn Woods, Kylie Jenner's best friend who's at the center of the latest Kardashian family scandal". Insider. Retrieved April 29, 2021.
  13. 13.0 13.1 13.2 Hou, Kathleen (July 11, 2016). "Jordyn Woods on Loving Your Body and Instagram". The Cut. Retrieved April 29, 2021.
  14. 14.0 14.1 14.2 Lawrence, Shammara (December 31, 2018). "Jordyn Woods on Body Positivity, Mental Health, and SECNDNTURE". Teen Vogue. Retrieved April 29, 2021.
  15. 15.0 15.1 "Jordyn Woods Moving Out of Kylie Jenner's House Amid Tristan Thompson Cheating Allegations: Source". PEOPLE.com. Retrieved February 21, 2019.
  16. "Transgender and plus-size models make this fashion's most diverse runway ever". Yahoo! News. September 9, 2017. Retrieved April 29, 2021.
  17. Otterson, Joe (April 10, 2017). "Kylie Jenner Spinoff Series 'Life of Kylie' Gets Greenlight at E!". Variety. Retrieved April 29, 2021.
  18. "VH1's 'Hip Hop Squares' kicks off a third season". ABC News. August 16, 2019. Retrieved April 29, 2021.
  19. Trevedi, Sachin (September 19, 2019). "Jordyn Woods Would Date This Man If He Were Last Person On Earth". International Business Times. Retrieved April 29, 2021.
  20. Falcone, Dana Rose (April 9, 2020). "Jordyn Woods Says She Plans to Release an Album After Her Time as Kangaroo on The Masked Singer". People. Retrieved April 28, 2021.
  21. Guglielmi, Jodie (February 3, 2020). "The Masked Singer Fans Think Jordyn Woods Is the Kangaroo: 'I'll Put Money on It'". People. Retrieved April 29, 2021.
  22. Mizoguchi, Karen (July 24, 2019). "Jordyn Woods Reveals How She Stays Mentally 'Positive' as She Makes Her TV Debut on grown-ish". People. Retrieved April 29, 2021.
  23. 23.0 23.1 Williams, Lexi (October 22, 2020). "Jordyn Woods' New Movie 'Trigger' Made Her "Nervous," But Not Because Of Haters — EXCLUSIVE". Elite Daily. Retrieved April 29, 2021.
  24. "Watch Trailer For 'Trigger' Starring Jordyn Woods, Jeremy Meeks And Wesley Johnson". BET. October 20, 2020. Retrieved April 29, 2021.
  25. Frey, Kaitlyn (August 30, 2018). "Jordyn Woods Launches Size-Inclusive Activewear Line and Gets Kylie Jenner's Stamp of Approval". People. Retrieved April 28, 2021.
  26. Robin, Marci (September 15, 2018). "The Highly Anticipated Kylie Cosmetics x Jordyn Woods Makeup Collection Is Finally Here". Allure. Retrieved October 12, 2020.
  27. "JORDYN WOODS NEW CLOTHING LINE SANS KARDASHIANS ... No 'BooHoo' Act Here". TMZ. June 26, 2019. Retrieved April 28, 2021.
  28. "JORDYN WOODS I'M A 'BOSS' ... Check Me Out in Rick Ross' Music Vid". TMZ. July 18, 2019. Retrieved April 28, 2021.
  29. "Make Headlines With Jordyn Woods' New PrettyLittleThing Collab". E Online. November 2020.
  30. "Jordyn Woods Talks Her Latest PrettyLittleThing Collab". Essence. November 2020.
  31. Slater, Georgia (January 25, 2020). "Jordyn Woods' Mom Claps Back at Trolls Accusing Her Daughter of Getting a Butt Lift". People. Retrieved April 29, 2021.
  32. "JORDYN WOODS NOT ENGAGED ... That Ring's No Thing!!!". TMZ. March 26, 2021. Retrieved April 28, 2021.
  33. Parker, Ashley Joy (April 27, 2021). "Jordyn Woods Wears Black & White Misbhv Outfit While Grabbing Dinner At Catch LA With Pal Jaden Smith — Get The Look". OK! Magazine. Retrieved April 28, 2021.