Jump to content

Kabza De Small

Go tswa ko Wikipedia

Kabelo Petrus Motha (o tshotswe ka 27 November 1992) ke moletsi le motsamaisi wa rekoto wa Afrika Borwa, yo o itsegeng thata jaaka Kabza De Small. Ke motho wa maemo a a kwa godimo mo mminong wa di-amapiano wa house.[1][2][3] Kwa ntle ga tiro ya gagwe a le nosi, Motha ke leloko la Scorpion Kings. Motha o ne a itsege lefatshe ka bophara morago ga go gololwa ga "Umshove", ka ngwaga wa kete some le borobedi (2018).

Alebamo ya boraro ya studio ya ga Kabza ya "I Am the King of Amapiano: Sweet & Dust" ya ngwaga wa (2021), e ne ya simolola go nna ya ntlha mo Aforika Borwa.

Forbes Afrika e ne ya baya Motha mo maemong a bo some le borobedi (18) mo Forbes Africa 30 ka fa tlase ga 30. Dituelo tsa gagwe di akaretsa di le lesome tsa "South African Music Awards", di le nne tsa Metro FM Music Awards, tse tharo tsa AmaPiano Music Awards, Mzansi Viewers Choice Awards tse pedi, e le nngwe ya Sunday Times GenNext, le e le nngwe e le Dance Music Awards South Africa.

O belegwe le go golela kwa eMalahleni, Mpumalanga, moragonyana Motha, le lelapa la gagwe, ba fudugela kwa Pretoria. Tiro ya gagwe ya mmino e simolotse ka ngwaga wa kete some a robongwe (2009). O ne a gatisiwa ke Tyrique de Bruyne mme a golola alebamo ya gagwe ya ntlha Avenue Sound ka 2016 ka fa tlase ga Bestbyfar Records.[4] Kabza o simolotse setlamo sa gagwe sa rekoto sa PianoHub.

Pina ya gagwe e e tumileng ya "Umshove" e e nang le moopedi wa Afrika Borwa Leehleza e ne ya gololwa ka 2018.[5] Ka 1 October 2019, o ne a golola Piano Hub le DJ Maphorisa. The Extended play e ne ya amogelwa jaaka 3× platinum mo Aforika Borwa.[6] The Return of Scorpion Kings e ne ya gololwa ka 29 November 2019.[5]

  1. Conteh, Mankaprr (2021-07-02). "South African Star Kabza De Small's Key Amapiano Tracks". Rolling Stone. Retrieved 2022-05-11.
  2. "'It was tough': Kabza De Small used to 'cut grass' before music [watch]". The South African. 2022-01-17. Retrieved 2022-05-11.
  3. Conteh, Mankaprr (2021-07-02). "Inside the Rise of Amapiano, the Genre That's Taking Over South Africa and Coming to a Dance Floor Near You". Rolling Stone. Retrieved 2022-05-11.
  4. Mzila, Philani (2019-06-30). "KABZA IN RECORD LABEL MESS | Dailysun". DailySun. Retrieved 2022-05-15.
  5. 5.0 5.1 Maune, Bernice (2019-04-12). "Kabza de Small: The sound of Spotify success for amapiano muso". TheSouthAfrican. Retrieved 2022-05-14.
  6. "Kabza And DJ Maphorisa's Reach Multi-Platinum Status - ZAlebs". ZAlebs. 2020-09-18. Archived from the original on 2023-02-01. Retrieved 2022-05-14.