Jump to content

Karabo Motlhanka

Go tswa ko Wikipedia

Karabo Motlhanka (a tshotswe 17 Moranang 1992) ke lekawana la motswana le le tshamekang motshameko wa bolo le molangwana(cricket).[1] O tshamekile mo dikgaisanong tsa ngwaga wa 2015 tsa bolo le molangwana tsa legato la mafatshefatshe (2015 ICC world Cricket League division 6).[2] E rile motlhanka a tshwara dingwaga tse di masome a mabedi le boraro a tlhophiwa go nna moeteledipele wa Botswana.[3] Oile a etelela pele setlhopha sa Botswana mo ditlhopheng tse di mo kgaolong ya borwa ko dikgaisanong tsa goipatlela phatlha tsa 2018-19 ICC World Twenty 20 Cricket Africa qualifiers ) ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2018.[4] Oile a nosa dinno tse di masome matlhono asa fengwa ka motshameko wa pula madibogo,mme ya nna ene motshameki yo o gaisetseng wa letsatsi.[5] Ene ele ene a eteletseng pele ka metabogo mo Botswana ko dikgaisanong, ka metabogo ele lekgolo, masome a ferabongwe le borataro (196 runs ) mo metshamekong ele merataro.[6] Ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2019 one a supiwa jaaka moeteledipele wa setlhopha sa Botswana mo makgaolakgannyeng a kgaolo  a 2018-19 ICC T20 World Cup Africa Qualifiers aa neng a tswaretswe kwa Uganda.[7] [8][9]O tshamekile motshameko wa gagwe wa ntlha wa Twenty20 International (T20i) mo setlhopheng sa Botswana  kgatlhanong le Uganda ka  kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi ale masome a mabedi ngwaga wa 2019.[10] Mme ene yare ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2021 ,a etelela setlhopha  sa Botswana pele  mo metshamekong ya setlhopha sa bobedi(Group B) ya 2021 ICC Men’s T20  Africa World Cup Qualifier kwa Rwanda.[11] O tshamekile motshameko wa gagwe wa ntlha wa selebego sese kwa godimo(first class) ka kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ngwaga wa 2022 fa ane a tshamekela setlhopha sa Tuskers  kwa Zimbabwe mo sejaneng sa Logan sa 2021-22( 2021-22 Logan Cup).[12] [13]Ke makgwetho aa mmalwa a ntse a bitswa go ya go tshameka kwa Zimbabwe morago ga gore bontsi jwa batshamiki ba Tuskers ba nne karolo ya Zimbabwe’s Tour of Sri Lanka ka kgwedi ya Firikgong ngwaga wa 2022.[14]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Karabo Motlhanka". ESPN Cricinfo. Retrieved 7 September 2015.
  2. ICC World Cricket League Division Six, Botswana". ESPN Cricinfo. Retrieved 10 October 2019
  3. Motlhanka, an embodiment of the present, future of cricket". Mmegi Online. Retrieved 8 February 2022.
  4. World Twenty20 Africa C Qualifier off to a flying start". International Cricket Council. Retrieved 28 October 2018
  5. 1st Match, ICC World Twenty20 Africa Region Qualifier C at Gaborone, Oct 28 2018". ESPN Cricinfo. Retrieved 28 October 2018
  6. ICC World Twenty20 Africa Region Qualifier C, 2018/19 - Botswana: Batting and bowling averages". ESPN Cricinfo. Retrieved 3 November 2018
  7. "Six teams looking to keep T20 World Cup dreams alive in Africa final". International Cricket Council. Retrieved 14 May 2019.
  8. Cricket team in Uganda for World Cup qualifiers". Mmegi Online. Retrieved 18 May 2019
  9. African men in Uganda for T20 showdown". International Cricket Council. Retrieved 18 May 2019
  10. 6th Match, ICC Men's T20 World Cup Africa Region Final at Kampala, May 20 2019". ESPN Cricinfo. Retrieved 20 May 2019.
  11. Botswana Cricket Association are proud to announce the traveling squad to take part in the ICC Men's T20 world cup Africa Sub regional qualifiers in Rwanda, Kigali". Botswana Cricket Association (via Facebook). Retrieved 27 October 2021
  12. 9th Match, Harare, Jan 17 - 20 2022, Logan Cup". ESPN Cricinfo. Retrieved 17 January 2022
  13. Botswana captain Motlhanka makes first class debut in Logan Cup". 3-Mob. Retrieved 17 January 2022
  14. Motlhanka makes impressive first class debut". Mmegi Online. Retrieved 23 January 2022

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Karabo Motlhanka at ESPNcricinfo