Jump to content

Kathellen

Go tswa ko Wikipedia
Kathellen
Kathellen playing for Brazil in 2019
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Kathellen Sousa Feitoza
Letsatsi la tsalo (1996-04-26) 26 April 1996 (age 28)
Lefelo la tsalo São Vicente, São Paulo, Brazil
Bolele 1.81 m (5 ft 11 in)[1]
Maemo Centre back
Club information
Current team
Real Madrid
Number 14
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2018–2020 v 33 (3)
2020–2022 Internazionale 11 (0)
2022– Real Madrid 26 (1)
Setlhopha sa setshaba
2018– Brazil 30 (1)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 19 May 2023
‡ National team caps and goals, correct as of 31 October 2023

Kathellen Sousa Feitoza (yo o tshotsweng ka Moranang a le masome mabedi le borataro ka 1996), yo o itsegeng thata ka Kathellen, ke motshameki wa kwa Brazil wa kgwele ya dinao e e porofeshionale yo o tshamekang kwa morago fa gare kwa setlhopheng sa Primera División sa Real Madrid CF le setlhopha sa setshaba sa bomme sa Brazil.[2] Ke leungo la thulaganyo ya kgwele ya dinao ya tiro ya ithutelo ditiro ya Amerika.

Tiro ya setlhopha[fetola | Fetola Motswedi]

Fa ele mosetsana yo monnye, Kathellen o ne a rata kgwele ya dinao mme o ne a tshameka futsal thata. O ne a bona ditshono mo lebaleng la kgwele ya dinao di se dintsi kwa gaabo kwa Baixada Santista segolo bogolo jang fa letlhakore la bomme la Santos FC le tswalwa ka 2012.

Kathellen o ne a dira kopo ya go nna le borutegi jwa metshameko kwa Amerika mme a tlhophiwa ke Monroe College ya National Junior College Athletic Association. Mme morago ga dingwaga tse pedi tse di atlegileng kwa Monroe College a nna dingwaga tse pedi tse di setseng tsa sekolo le Louisville Cardinals le UCF Knights kwa NCAA Division I.[3]

Morago ga moo a amogela tlaletso go tswa kwa FC Girondins de Bordeaux mme a ya kwa setlhopheng seo sa French Division 1 Féminine setlha sa 2017–18 se le fa gare.[4] Ka Motsheganong wa 2018 o ne a saena a oketsa tumalano ya gagwe ka ngwaga tse pedi.[5]

Morago ga go atlega kwa sejaneng sa lefatshe sa bomme sa FIFA ka 2019 le Brazil, le tiragatso e e gaisang kgatlhanong le France, Kathellen o ne a golaganngwa le ditlhopha di le mmalwa tse di kwa godimo kwa Yuropa go akaretsa le se se neng se le sesha go tlhatlosiwa sa CD Tacón, se se neng se tlaa nna Real Madrid mo setlheng sa 2020–21.[6] Mme o ne a nna kwa Bordeaux setlhe se sengwe gape mme a ya kwa setlhopheng sa Serie A sa Inter Milan ka Phatlwe wa 2020.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Start list" (PDF). FIFA. 23 June 2019. Retrieved 15 September 2020.
  2. "Kathellen Sousa becomes Real Madrids fourth signing | Real Madrid CF". Real Madrid C.F. - Web Oficial.
  3. Júnior, Muniz (14 July 2018). "BR no Mundo: Kathellen Sousa" (in Portuguese). Blog De Bate e Pronto. Retrieved 22 April 2019.
  4. "Kathellen Sousa : " C'est une chance unique d'intégrer les Girondins ! "" (in French). FC Girondins de Bordeaux. 31 March 2018. Archived from the original on 22 April 2019. Retrieved 22 April 2019.
  5. "Kathellen Sousa prolonge à Bordeaux" (in French). FC Girondins de Bordeaux. 23 May 2018. Archived from the original on 22 April 2019. Retrieved 22 April 2019.
  6. Gil, Aimara G. (22 July 2019). "El Real Madrid negocia con el Girondins por Kathellen Sousa" (in Spanish). Diario AS. Retrieved 10 August 2019.
  7. "Kathellen Sousa signs for Inter Women". Inter Milan. 3 August 2020. Retrieved 15 September 2020.