Ken Wiwa

Go tswa ko Wikipedia
Ken Wiwa
Tsalo
Kenule Bornale Tsaro-Wiwa

Lagos, Lagos State, Nigeria
Leso18 Diphalane 2016(2016-10-18) (aged 47)
London, United Kingdom
LetsoNigerian
Maina amangweKen Saro-Wiwa, Jr
Alma materUCL School of Slavonic and East European Studies
TiroJournalist
Dingwaga tsa a le mo tirong1999–2016
Notable work
In the Shadow of a Saint (2000)
Masika
  • Ken Saro-Wiwa (father)
  • Zina Saro-Wiwa (sister)
  • Noo Saro-Wiwa (sister)
  • Owens Wiwa (uncle)
  • Jim Wiwa (grandfather)

Kenule "Ken" Bornale Tsaro-Wiwa[1] o o itsegeng gape ka leina la Ken Saro-Wiwa Jr, mme ene a itlhophetse go dirisa leina la Ken-Wiwa,[2] o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi ngwaga wa 1968, a tlhokafala ka kgwedi ya Phalane e le malatsi a le lesome le boferabobedi ka ngwaga wa 2016. Ke mokwadi ebile ke mmegadikgang kwa Nigeria. Ke ngwana wa ntlha wa mosimane wa molwela-ditshwanelo Ken Saro-Wiwa, o berekile e le mogakolodi wa botautona ba kwa Nigeria ba le bararo.[3]

Ka fa a godileng ka teng[fetola | Fetola Motswedi]

Wiwa o tsholetswe kwa Lagos, Nigeria, ke morwa wa ntlha wa ga Ken Saro-Wiwa [4] o neng e le molwela ditshwanelo ebile ele mokwadi. O tsene sekolo kwa Nigeria pele ga a ya go nna kwa England le mmagwe le bomonnawe ka ngwaga wa 1978, kwa rragwe a neng a dumela gore o tla bona thuto ya maemo a a kwa godimo ka nako eo.[1] Wiwa o tsene sekolo kwa Stancliffe Hall School le Tonbridge School, a tswelela a ya go tsena kwa School of Slavonic and East European Studies kwa janong e leng bontlha jwa University College London. E ne e le morulaganyi wa New Media Lab, kwa a neng a kgobokanya diteng tsa pampiri ya Guardian ya kwa United Kingdom e e mo mafaratlhatlheng.

Bobegadikgang[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1999, Wiwa o ne a fudugela kwa Canada, kwa a neng a le mokwadi o santseng a ithuta kwa Massey College kwa University of Toronto, [4]a tswelela a le "fellow" kwa Saul Rae kwa Munk Center for International Studies kwa University of Toronto, a nna morutuntshi kwa Trudeau Foundation kwa Canada, a kwalela karolo ya The Globe and Mail ,[4] kwa a tlhophilweng go phadisanela seetsele sa National Newspaper Awards.[5]


Wiwa o file dipego kwa lekgotleng la European Union, Oxford Union, mme a bua kwa dikolong tse dikgolwane di le mmalwa di akaretsa sa Harvard University, McGill University le University of Cambridge. O berekile e le mmegi kwa bokopanong jwa United Nations jwa pharologanyo ya dingwao. O nnile mmegi mo metsweding ya tshedimosetso e megolo e akaretsa CNN, BBC, Al-Jazeera, o tlhageletse e le moeng mo mananenong a BBC a HARDTalk le Newsnight.


Ka ngwaga wa 2005, Wiwa o ne a tlhophiwa ke ba lekgotla la World Economic Forum e le mogogi o mmotlana (Young Global Leader) .[4] O simolotse lenaneo la Abuja Hub for the Globalshapers Programme la World Economic Forum, a nna bontlha bongwe jwa Africa Advisory Council ya lenaneo la kgosana wa kwa Wales la Rainforest.[6] O kwaletse dipampiri tsa The Guardian kwa United Kingdom,[4][6] le Washington Post, The New York Times le National Geographic kwa United States. O berekile e le mmegi wa Arise Magazine mme a tlaleletsa mo dikarolong dingwe tsa di makasine, dipampiri tsa dikgang le tsa maranyane.


Wiwa o tlhamile a bo a anela dithulaganyo tsa telebishini le seromamowa tsa BBC le CBC,[4][6] a kwalela National Public Radio ditlaleletso.

Buka ya gagwe ya In the shadow of a saint[fetola | Fetola Motswedi]

Buka ya botshelo jwa ga rragwe ya In the shadow of a saint, e gatisitswe ka ngwaga wa 2000,mme ya amogela dikakgolo tse dintsi. Sandra Jordan o kwadile gore "Ken Wiwa ga a itshomarele mo polelong e. O ntsha boammaruri jo a sa bo itumeleleng. O mo utlwela botlhoko. O utlwela rragwe botlhoko. Buka ya gagwe e e kwadilweng ka manontlhotlho e ama ditso tsa Nigeria le tsa lolwapa lwa gagwe, tse di neng di le makgwakgwa go sena tsholofelo. Buka e ke pina ya batho ba lotso lwa Ogoni, e e fa tshokolo ya bone le boitshoko jwa bone tlotla. Fa godimo ga foo, ke polelo e e buwang ka go ikepela mo ditiragalong tsa bogologolo; bana ba bagaka ba fitlhela matshelo a bone a tlhotlheleditswe ke batsadi ba bone, selo se Wiwa a se lemogang fa a kopana le Nkosinathi Biko o eleng ngwana wa ga Steve Biko, Zindzi Mandela le Aung San Suu Kyi."[7]


Buka e e tlhalositswe ke The Independent fa e balega e bile e nonne,[8] Africa Confidential yone ya re "ke buka e ka nako tse dingwe e leng botlhoko, mme e bua boammaruri, e lebelela matshelo a batho le sepolotiki sa bangwe ba batho ba kwa Nigeria"[9] Publishers Weekly yone mmegi wa yone o ne a re "buka e e tseneletseng e ya ga Wiwa, e supa popego ya sepolotiki sa kwa Nigeria, le tebego e ntle ya ga rragwe."[10] In the shadow of a saint e fentse seetsele sa ngwaga wa 2002 sa Hurston-Wright Nonfiction Award.[6]

Mothusi o o faphegileng[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2005, o ne a boela kwa Nigeria, mme ngwaga o o latelang, tautona wa nako eo Olusegun Obasanjo a fira Wiwa e le mothusi o o faphegileng wa tsa kagiso, tharabololo kgotlhang le tetlanyo. O berekile le tautona Umaru Yar'Adua e le mothusi o o faphegileng wa dikgang tsa mafatshefatshe. Wiwa o nnile gape mothusi o o faphegileng wa bobegadikgang jwa mafatsefatshe wa ga tautona Goodluck Jonathan go tswa ka ngwaga wa 2012.[11]

Loso lwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Wiwa o tlhokafetse ka tshoganetso morago ga go swa mohama kwa Lontone ka ngwaga wa 2016, kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi, a le dingwaga di le masome mane le bosupa.[12][13] Tautona wa kwa Nigeria Muhammadu Buhari o ne a isa tlotla ya gagwe a re " Wiwa e ne e le modumedi wa kgolagano, tswelelopele le tshitshibalo mo sechabeng. Ke gwetlha ba lolwapa, ditsala le ba a kileng a dirisana le bone go tlotla botshelo jwa gagwe ka go netefatsa gore toro ya gagwe ya go somarela tikologo, le go netefatsa gore Ogoniland o a atlega.[3]

Mekwalo e e tlhophilweng[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Ken Wiwa". Encyclopedia.com. Retrieved 19 October 2016.
  2. Saro-Wiwa Jr, Ken (10 May 2014). "This is not just Nigeria's war on terrorists – it's the world's fight too". The Guardian.
  3. 3.0 3.1 Vidal, John (20 October 2016). "Nigerian president leads tributes to oil activist Ken Wiwa". The Guardian.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 4.4 4.5 "Ken Wiwa". Fondation Pierre Elliott Trudeau Foundation. Retrieved 29 December 2020.
  5. York, Geoffrey (19 October 2016), "Nigerian author, political activist Ken Wiwa dies", The Globe and Mail.
  6. 6.0 6.1 6.2 6.3 "Ken Saro-Wiwa Jr". World Economic Forum. Retrieved 29 December 2020.
  7. Jordan, Sandra (19 November 2000). "The loyal hunt of the son". The Guardian.
  8. Hirst, Christopher (25 January 2002). "Paperback: In the Shadow of a Saint by Ken Wiwa". The Independent.
  9. "In the Shadow of a Saint". Africa Confidential. Retrieved 16 August 2021.
  10. "In the Shadow of a Saint: A Son's Journey to Understand His Father's Legacy". Publishers Weekly. 9 July 2001. Retrieved 16 August 2021.
  11. "Nigeria's Domestic and Foreign Policy Priorities". CSIS – Center for Strategic & International Studies. 24 September 2012.
  12. "Breaking: Ken Saro-Wiwa's son is dead", Vanguard, 18 October 2016.
  13. "Son of Nigeria's Ken Saro-Wiwa dies", BBC News, 19 October 2016.
  14. Wiwa, Ken (6 November 2005). "In the name of my father". The Observer.
  15. Wiwa, Ken (8 December 2013). "We Nigerians are celebrating Mandela as the kind of hero we've never had". The Guardian.
  16. Wiwa, Ken (10 November 2015). "Finally it seems as if Ken Saro-Wiwa, my father, may not have died in vain". The Guardian.