Kgomotso Moahi

Kgomotso Hildegard Moahi, ke mme wa modira le tshwaraganyo ya dithutego mo Botswana, o bereka ele morutabana mogolo le mothusa moeteledipele ka tse di amanang le ditiro tsa baithuti kwa sekolong se segolwane sa Botswana Open University. O ne a kile a bereka mo lephateng la Library and Information Studies kwa sekolong se segolwane sa Mmadikolo ele modula setilo mo lephateng la information studies, Kgosikgadi ya lephata la Humanities gape ele leloko la Council of the University of Botswana. Mo lobakeng lwa dikgwedi tse boroba bongwe ka ngwaga wa 2017, Mme Moahi o ne a bereka ele mothusa moeteledipele wa sekolo wa nakwana.
Tshimologo
[fetola | Fetola Motswedi]O kile a emela sekolo mabapi le tsa mmereko kwa a neng a tsere karolo mo dikarolong tse di mmalwa a ikaeletse go rotloetsa tiriso ya tsa maranyane (ICT) ya tshedimosetso go tlhama pholisi ya ICT ya Botswana ka ngwaga wa 2004.E ne e le modulasetilo mmogo wa komiti ya tsa boitekanelo kwa khonferenseng ya bobedi ya World Information Technology Forum (WITFOR) e e neng ya tshwarelwa mo Gaborone ka 2005.
Botshelo ba gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Moahi o tsweletse mo Springs, Afrika Borwa ka ngwaga ya 1959, go Ben Marengwa, moenjiniere wa lefatshe yo o tswang Afrika Borwa le Mma Marengwa. Ke ngwana wa bone wa ntlha wa mosadi magareng ga bana na batlhano ba ba nang le bone. Batsadi, bao e neng e le balwela-kgololosego ba Pan African Congress (PAC), ba ne ba tshaba go tshaba go tshwenngwa ke puso ya tlhaolele ya Afrika Borwa.[ O nyetswe ke Lucky Tebalebo Moahi, mme ba segofaditswe ka bana ba le bararo, Refilwe Motsetselele, Neo Wandile, le Kaelo Sabelo.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go tsena dikolo tsa poraemari le tsa sekontari, o ne a amogelwa kwa Yunibesithing ya Botswana le Swaziland ka 1977. O ne a fetsa dingwaga tse pedi tsa ntlha a le mo lenaneong la saense la pele ga a tsena mo sekolong, pele a fetogela mo go ithuteng le go dira dikirii ya Bachelor of Arts mo go tsa saense ya dipolotiki le tsamaiso ya setšhaba. O ne a aloga ka 1982.[ 4]
Moragonyana, o ne a dira dikirii ya Master of Science mo thutong ya tshedimosetso, kwa Yunibesithing ya Botswana. Ngaka ya gagwe ya dikirii ya Philosophy mo library le information sciences e ne ya abelwa ka ngwaga wa 2000, ke Yunibesiti ya Pittsburgh, kwa United States. 4][5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go bona dikirii ya gagwe ya ntlha, o ne a boela kwa Lobatse mme a thapiwa ke Botswana Meat Commission jaaka morulaganyi wa dikhomputara yo o ithutelang tiro. O ne a dira mo lefapheng la data processing la khamphani ka dingwaga di le tharo. 4]
Ka 1985, o ne a simolola go dira kwa Yunibesithing ya Botswana National Institute of Research jaaka motsamaisi wa data. Tiro eno e ne e mo tlhoka gore a dire gore dibuka tsa yunibesithi di tsenngwe mo khomputareng. Badiri ba le bantsi ba yunibesithi, ba ba rutegileng le ba e seng ba rutegileng, ba ne ba tlhoka go rutiwa go dirisa khomputara. O ne a dira tiro eo go fitlha ka 1993. Moahi o ne a tlhomiwa go nna motlhatlheledi, mo lefapheng la dithuto tsa laeborari le tshedimosetso kwa yunibesithing. 4]