Khaled Hosseini

Go tswa ko Wikipedia
Khaled Hosseini
خالد حسینی
Hosseini in 2013
Tsalo
Khaled Hosseini

(1965-03-04) March 4, 1965 (age 59)
Kabul, Afghanistan
Ke moUnited States
Thuto
  • Santa Clara University (BS)
  • University of California, San Diego (Doctor of Medicine
  • MD)
TiroNovelist, physician
Dingwaga tsa a le mo tirong2003–present (as an author)
Notable work
The Kite Runner
A Thousand Splendid Suns
MosadiRoya Hosseini
Tempolete:Listen
Maranyanewww.khaledhosseini.com

Khaled Hosseini o tshotswe ka ngwaga wa 1965, kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le mane. Ke mokwadi wa dibuka wa lotso lwa Afghan - American, moemedi wa UNHCR gape a kile a nna ngaka.[1][2] Buka ya gagwe ya ntlha ya ngwaga wa 2003, The Kite Runner,e nnile le katlego mo thekisong le mo batshwayadiphosong; buka e le tse di e salang morago, ditiragalo tsa tsone bontlha bongwe jwa tsone di diragala kwa Afghanistan, di na le moanelwamogolo wa lotso lwa Afghan.


Hosseini o tsholetswe kwa Kabul kwa Afghanistan, rragwe e le moemedi wa lefatshe kwa go le lengwe, o tsere nako a nna kwa Iran le kwa France. Fa Hosseini a le dingwaga di le lesome le botlhano, lolwapa lwa gagwe lo ne lwa ikopela legae la botshabelo kwa United States, kwa a neng a tloga tsaya boagedi teng. Hosseini o ne a seka a boela Afghanistan go fitlhelela ka ngwaga wa 2003 [3] a le dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi, maitemogelo a a tshwanang le a moanelwamogolo mo bukeng ya The Kite Runner. Mo dipuisanong tsa moragonyana, Hosseini o ne a dumalana gore o ne a ipona molato gore a bo a kgonne go tswa kwa lefatsheng pele ga ditlhaselo tsa Soviet le dintwa tse di neng tsa latela.


Morago ga go aloga kwa sekolong, Hosseni o ne a bereka e le ngaka kwa California, golo mo a go tshwantshitseng le lonyalo lo lo rulaganyeditsweng motho.[4] Katlego ya The Kite Runner e ne ya dira gore a kgone go ithola marapo mo kalafing mme a kwala botshelo jwa gagwe botlhe. Dibuka tsa gagwe tsotlhe ka boraro di nnile le katlego.[5] The Kite Runner e feditse dibeke di le lekgolo le bongwe mo lenaneong la dibuka tse di rekilweng thata la New York Times.[6] Buka ya gagwe ya bobedi "A Thousand Splendid Suns" ya ngwaga wa 2007, e nnile dibeke di le lekgolo le bongwe,[7][8] fa ya boraro ya And the Mountains Echoed ya ngwaga wa 2013 e nnile dibeke tse di masome mararo le boraro.[9] [10]Kwa ntle ga go kwala, Hosseini o bueletse go emiwa nokeng ga batshabi, go akaretsa go simolola Khaled Hosseini Foundation le ba UNHCR go ema nokeng batshabi ba ma Afghan ba ba neng ba boela kwa Afghanistan.[11]

Botshelo jwa gagwe le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a le mmotlana[fetola | Fetola Motswedi]

Hosseini o tshotswe ka ngwaga wa 1965, Mopitlo a le malatsi a le mane kwa Kabul kwa Afghanistan, e le ngwana wa ntlha mo baneng ba le batlhano.[12] Rragwe ebong Nasser, o berekile e le moemedi kwa lephateng la merero ya mafatshe kwa Kabul fa mmagwe ene a berile e le morutabana wa puo ya Persian kwa sekolong sa basetsanyana, bobedi jo bo tlholega kwa Herat.[12] Fa go tla mo go tsa merafe, Hosseini o tlhalositse gore ga se wa morafe ope o o feletseng, bontlha bongwe jwa gagwe ke mo Pashtun fa bontlha jo bongwe e le jwa Tajik.[13] Lolwapa lwa ga mmagwe go dumelwa fa lo tswa kwa morafeng wa Mohammadzai ba morafe wa Pashtun.[14] Hosseini o tlhalosa gore o godisitswe a na le tshiamelo. O feditse dingwaga di ferabobedi tsa bongwana jwa gagwe kwa tikologong ya batho ba ittsholelo e e kwa godimo kwa Wazir Akbar Khan kwa Kabul.[12][13][15] Hosseini ga a gakologelwe kgaitsadie Raya a tlhaolelwa go nna mosetsana, o gakologelwa Kabul e le toropo e e golang, ebile e tlhabologa, a kgona go fofisa dikhaete le bontsalae.[16]

Ka ngwaga wa 1970, Hosseini le lolwapa lwa gagwe ba ne ba fudugela kwa Iran kwa rragwe a neng a berekela Embassy ya Afghanistan kwa Tehran, Ka ngwaga wa 1973 lolwapa lo ne lwa boela kwa Kabul mme monnawe Hosseini o monnye a tsholwa ka Phukwi ngwaga one oo. Ka ngwaga wa 1976, Hosseini a le dingwaga di le lesome le motso, rragwe o ne a bona tiro kwa Paris, France mme a fudusetsa lolwapa lwa gagwe koo.[17] Ba ne ba seka ba kgona go boela Afghanistan ka ntlha ya go tsaya taolo ga People's Democratic Party of Afghanistan (PDPA). Ka ngwaga wa 1980, moragonyana ga ntwa ya Soviet-Aghan, ba ne ba ikopela botshabelo kwa United States mme ba nna kwa San Jose kwa California. Hosseini o neng a le dingwaga di le lesome le botlhano ka nako eo, o ne a sa itse puo ya sekgoa. O tlhalosa fa a ne a sa tlwaela ngwao ya koo.[17]

Le ntswa ba ne ba le kgakala le diphuduego tsa kwa lefatsheng la bone, lolwapa lo ne lo itse ka diemo tse ditsala tsa bone le ba losika ba nnileng mo go tsone.Hosseini o tlhalositse jaana:

"Re ne re na le ditsala tse intsi le lolwapa kwa Kabul. Mme tlhaselo e e ne e le mashetla thata fa o e tshwantshanya le ya ngwaga wa 73. Batho ba le bantsi ba bolailwe, fa ba bangwe ba tsentswe ka kgolegelo. Mongwe le mongwe o neng a na le kamano le puso ya pele kgotsa le lolwapa lwa bogosi o ne a bolawa, a golegwa kgotsa a nyelela. Ka jalo re ne re utlwa dikgang ka ditsala le ba re ba itseng le ba lolwapa ba ba diragaletsweng ke dilo tse. Mmamalome e ne e le moopedi o o tumileng kwa Kabul o o neng lentswe la gagwe le utlwala ka fa a sa rateng puso e ntsha ka jalo o ne a nyelela, le gompieno ga re itse gore o diragaletswe ke eng. Ka jalo re ne re utlwa dikgang kwa Europa tsa dipolao tsa batho le tse di tshosang. Re ne re sa dumele e kete re a lora."[12]

Thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Hosseini o alogile kwa Independence High School kwa San Jose ka ngwaga wa 1984, a ya go tsena kwa Santa Clara University kwa a alogileng ka degree tsa biology ka ngwaga wa 1988. Ngwaga o o latelang o ne a tsena kwa University of California, San Diego School of Medicine a aloga ka M.D ka ngwaga wa 1993. O feditse thuto pereko kwa Cedars-Sinai Medical Center kwa Los Angeles ka ngwaga wa 1997. O bereke mo go tsa kalafi dingwaga di le lesome, go fitlhelela buka ya The Kite Runner e sala ka ngwaga le sephatlo pele ga e gatisiwa.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Dibuka[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2003, Hosseini o ne a gatisa buka ya gagwe ya ntlha ya The Kite Runner, polelo ka mosimanyana Amir o neng a retelelwa ke go tsalana le rragwe mme a leka go amogela manokonoko a tiragalo ya matlhotlhapelo e e mo diragaletseng a le monnye. Ditiragalo tsa buka e di kwa Afghanistan ka nako e puso ya bogosi e neng ya phutlhama go fitlhelela go phutlhama puso ya Taliban, bontlha bongwe jwa yone bo kwa San Francisco Bay Area, e remeletse kwa Fremont kwa California. Buka e e ne ya nna e e gaisitseng ka ngwaga wa 2005 kwa United States go ya ka Nielsen BookScan. The Kite Runner e gatisitswe gape e le lentswe le le gatisitsweng. The Kite Runner e ne ya fetolwa go nna filimi ka lone leina le ka Morule ngwaga wa 2007. Hosseini o tlhagelela kwa phelelong ya filimi e le motho o o ikemetseng fela fa Amir a reka khaete e a e fofisang le Sohrab moragonyana.


Buka ya gagwe ya bobedi ya A Thousand Splendid Suns e gatisitswe ka ngwaga wa 2007, le yone ditiragalo tsa yone e le kwa Afghanistan. polelo e e ama dikgang tse di tshwanang le tsa buka ya gagwe ya ntlha mme di lebilwe ka leitlho la motho wa mme. E sala morago polelo ya basadi ba babedi Mariam le Laila, ba matshelo a bone a amanang fa monna wa ga Mariam a nyala Laila e le mosadi wa bobedi. Polelo e diragala kwa Afghanistan ka dingwaga tsa phetogo go tswa mo Soviet go tsena mo Taliban le morago ga Taliban. Buka e e ntshitswe ke ba Riverhead Books ka ngwaga wa 2007, Motsheganong a le masome mabedi le bobedi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Bilal ibn Rasheed The not-so-curious case of Khaled Hosseini Tempolete:Webarchive. Jang Group of Newspapers
  2. "A Critical Response to the Pashtun Bashing in The Kite Runner, by Nationalist Pashtun Rahmat Rabi Zirakyar". Dawat Independent Media Center (DIMC). Archived from the original on August 15, 2014.
  3. Grossman, Lev (May 17, 2007). "The Kite Runner Author Returns Home". Time. ISSN 0040-781X. Retrieved May 28, 2021.
  4. Miller, David (June 7, 2013). "Khaled Hosseni author of Kite Runner talks about his mistress: Writing". Loveland Magazine. Archived from the original on August 31, 2013. Retrieved August 4, 2013.
  5. Kaur, Harmeet (August 21, 2021). "The author of 'The Kite Runner' has a message for anyone worried about Afghanistan". CNN. Retrieved August 22, 2021.
  6. "Best Sellers: Paperback Trade Fiction: Sunday, September 18th 2011". The New York Times. September 18, 2011.
  7. Schuessler, Jennifer. "Hardcover". The New York Times.
  8. "Hardcover Fiction". The New York Times. May 11, 2008.
  9. Dallas Morning News archive. Retrieved February 11, 2015.
  10. New York Times Best Seller list, January 12, 2014. Retrieved February 11, 2015.
  11. Refugees, United Nations High Commissioner for. "Khaled Hosseini". UNHCR. Retrieved March 25, 2021.
  12. 12.0 12.1 12.2 12.3 "Khaled Hosseini, M.D. Biography and Interview". www.achievement.org. American Academy of Achievement.
  13. 13.0 13.1 Tranter, Kirsten (June 1, 2013). "Remaking home". The Sydney Morning Herald. Retrieved August 4, 2013.
  14. Rabi Zirakyar, Rahmat (May 31, 2013). "KITE RUNNER: A PSYCHOLOGICAL OPERATION?". Sabawoon Online. Retrieved August 4, 2013.
  15. Young, Lucie (May 19, 2007). "Despair in Kabul". Telegraph.co.uk. Retrieved August 4, 2013.
  16. "'Kite Runner' Author On His Childhood, His Writing, And The Plight Of Afghan Refugees". Radio Free Europe. June 21, 2012. Retrieved August 4, 2013.
  17. 17.0 17.1 Hoby, Hermione (May 31, 2013). "Khaled Hosseini: 'If I could go back now, I'd take The Kite Runner apart'". The Guardian. Retrieved July 2, 2013.