LaDainian Tomlinson

Go tswa ko Wikipedia

LaDainian Tarshane Tomlinson (yo o tshotsweng ka Seetebosigo a le masome a mabedi le boraro, 1979) e ne e le motshameki wa kgwele ya seAmerika (American football) e le running back a tshamekile mo National Football League (NFL) ditlha di le lesome le motso. Fa a sena go fetsa tiro ya gagwe ya kgwele ya mmadikole (college football) e e neng e atlegile kwa TCU Horned Frogs, San Diego Chargers ya mo tlhopha e le motlhophiwa wa votlhano palogotlhe mo 2001 NFL Draft. O ntse dingwaga di ferabongwe kwa Chargers, a tsenelela Pro Bowl ga tlhano, a tlhophiwa mo setlhopheng sa ntlha sa All-Pro ke ba Associated Press, le bosimega bo le bobedi jwa go kgomoga (rushing title) mo NFL. Tomlinson gape o ne a tlhophilwe NFL Most Valuable Player (MVP) ka 2006 a sena go roba rekote ya di touchdown mo setlheng se le sengwe. O tshamekile ditlha tse pedi gape le New York Jets, pele ga a tlogela tiro. O ne a tlhophiwa go ya kwa Pro Football Hall of Fame ka 2017.

Dingwaga tsa pele[fetola | Fetola Motswedi]

Tomlinson o tshotswe ka Seetebosigo a le masome a mabedi le boraro, 1979, kwa Rosebud, Texas, e le ngwana wa ga Loreane Chappelle le Oliver Tomlinson. Mmaagwe o ne a bereka e le moreri; rraagwe o ne a tlogela lelwapa fa Tomlinson a le dingwaga tse supa.[1] Tomlinson o ne a seke a bona rraagwe gantsi go tswa foo.[2] O godile a na le morwarraagwe le morwadiarraagwe mme morago, a nna le morrwadiarraagwe le barwarraagwe ba le bararo ba ba tlhakanetseng motsadi a le mongwe.[3] Fa a le dingwaga di ferabongwe, Tomlinson o ne a tsena mo thulaganyong ya Pop Warner Little Scholars ya kgwele ya seAmerika mme a nosa touchdown e le lantlha a tshwara kgwele.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Savage, Jeff (2009), LaDainian Tomlinson, Lerner Publishing Group, pp. 9–10, ISBN 978-0-8225-9989-0, Retrieved 30/10/2023 – via Internet Archive
  2. Edwards, Ethan (2008). Meet Ladainian Tomlinson: Football's Fastest Running Back. The Rosen Publishing Group. p. 6. ISBN 978-1-4042-4491-7.
  3. LaDainian Tomlinson – Class of 2017 [1] Pro Football Hall of Fame. Retrieved 30/10/2023.