Lance Alworth

Go tswa ko Wikipedia

Lance Dwight Alworth (o tshotswe ka Phatwe a tlhola ga raro, 1940), yo o neng a fiwa leina la matshamekwane (nickname) la "Bambi", ke motshameki wa kgwele ya seAmerika (American football) yo o neng a tshameka e le moamogedi wa ditlhago (wide receiver) a tshameketse setlhopha sa San Diego Chargers sa American Football League (AFL) le National Football League (NFL) le sa Dallas Cowboys sa NFL. Gantsi o lebiwa e le ene moamogedi wa ditlhago yo o gaisang botlhe wa nako tsotlhe,[1][2][3][4] o tshamekile ditlha di le lesome le motso, go tswa ka ngwaga wa 1962 go tsena ka wa 1972, o ne a tlhophiwa go tsena mo Pro Football Hall of Fame ka ngwaga wa 1978. E ne ele ene motshameki wa ntlha go tsenngwa koo yo o neng tiro ya gagwe ya go tshameka e remeletse thata kwa AFL. Alworth gape ke leloko la College Football Hall of Fame. Batshameki ka ene ba ne ba mmitsa Bambi ka gore o ne a le sefatlhego se okareng sa lesea ebile a kgona go taboga jaaka deer.[5]

Botshelo jwa pele[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa Houston, Texas, Alworth o godiseditswe kwa Hog Chain, Mississippi.[6] O tshamekile kgwele ya seAmerika kwa Brookhaven High School pele ga a ya go tsena kwa University of Arkansas.[7][8] Fa a le kwa sekolong se segolwane, o ne a amogela mafoko a le lesome le botlhano.[8] Kgaitsadie Alworth, Ann o ne a le bonako thata mo mabelong a 50 le 70 yards mo a neng a laletswa go tsenelela diteko tsa Olympic Games, le fa a ne a ganana le taletso eo.[8] Morago ga sekolo se segolwane, Alworth o ne a neelwa dikonteraka tsa baseball ke setlhopha sa New York Yankees le sa Pittsburgh Pirates.[8]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Alworth le mosadi wa gagwe wa boraro ebong Laura, yo a mo nyetseng ka ngwaga wa 1997, ba nna kwa San Diego. O na le bana ba le barataro, a le mongwe o tlhokafetse e santse e le lesea.

Fa dingwaga tsa bo 1980 di simologa, Alworth o ne a tlhama All-Aboard Mini Storage, e e neng e na le mabeelo go ralala California. O ne a rekisa kompone eo ka ngwaga wa 2013 a e rekisetsa ba Extra Space Storage ka madi a kanang ka didikadike di le lekgolo le masome a ferabongwe le metso ele merataro ya didolara ($196 million).

Mosadi wa ga Alworth wa ntlha yo o neng a bidiwa Betty Jeanne Allen, o ne ya re moragonyana a nyalwa ke Governer ya Arkansas ebong Jim Guy Tucker. Ngwana-wa-ngwana wa ga Alworth, Brian Driscoll, ke motshameka pele wa ka ha moleng kwa University of California, Berkeley.

Kitso-Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. The Top 10 NFL Wide Receivers of All Time [1] David Kenyon , Retreived 14/10/2023
  2. Ten best receivers of all time. [2] NFL.com. Retrieved 24/10/2023.
  3. 25 Greatest Wide Receivers in NFL History [3] AthlonSports.com. Retrieved 24/10/2023.
  4. Ranking The 20 Greatest NFL Wide Receivers Of All Time [4] ClutchPoints. Retrieved 24/10/2023.
  5. Lance Dwight "Bambi" Alworth (1940 [5] encyclopediaofarkansas.net. Retrieved 24/10/2023.
  6. Lance Dwight "Bambi" Alworth (1940–) at The Encyclopedia of Arkansas History & Culture [6] Retrieved 24/10/2023
  7. Lance "Bambi" Alworth. [7] College Football Hall of Fame. Retrieved 24/10/2023.
  8. 8.0 8.1 8.2 8.3 Eiland, William U (2002) [1992]. Dawson, Dawn P (ed.). Great Athletes. Vol. 1 (Revised ed.). [8] Salem Press. pp. 52–54. ISBN 1-58765-008-8.