Jump to content

Larona Kgabo

Go tswa ko Wikipedia

Larona Motlatsi Kgabo ( a tshotswe 13 Phukwi 1986) ke mmabontle wa motswana yo o ileng a fenya dikgaisano tsa ngwaga wa 2011 tsa mmalobopo mo Botswana( 2011 Miss Universe Botswana).[1][2]

Tiro Jaaka Mmabontle[fetola | Fetola Motswedi]

O tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi ale lesome le boraro  ngwaga wa 1986 mo Gaborone, e e leng toropo kgolo ya Botswana. Larona Motlatsi oile a tlhophiwa jaaka yo o gaisetseng mo dikgaisanong tsa mmalobopo tsa Botswana tsa 2011(2011 Miss Universe Botswana) kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boraro ngwaga wa 2021 kwa Gaborone International Conference Centre. Larona Motlatsi one a tlhophilwe mo go ba ba kwa godimo ba ba lesome le bobedi(top 12).[1] [2]One a longwa serota ke Jacqueline Sesa le Maungo Gwazai bao ba neng ba le mo maemong a bobedi le boraro a kgaisano ya mmalobopo ka tatelano.[3]

Fa Larona Motlatsi ane a newa tlotla ya go nna mmalobopo yoo gaisetseng, one gape a aloga kwa sekolong sa ithutelo ditiro ka digerata tsa Architecture. [3]Phenyo e ya ga Larona Motlatsi Kgabo, e ile ya mmulela  monyetla wa go tlhophiwa go emela lefatshe la Botswana kwa dikgaisanong tsa mmalobopo ka ngwaga wa 2011 tse di neng di tshwaretswe kwa Sao Paulo Brazil, kgwedi ya Lwetsi ngwaga wa 2011.[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Yara Khoury-Mikhael Profile". Yara Khoury-Mikhael Profile ~ Lebanese Pageant. 2011-07-10. Retrieved 2017-11-07
  2. 2.0 2.1 Toledo, Edwin. "Miss Universe Botswana 2011". www.timesofbeauty.com. Retrieved 2017-11-07
  3. 3.0 3.1 @stylehatch, Style Hatch - http://stylehatch.co |. "opmb worldwide". opmb worldwide. Retrieved 2017-11-07
  4. Roslina, Penulis Ana. "NEWS HERE: Miss Universe Botswana 2011, Larona Motlatsi Kgabo". NEWS HERE. Retrieved 2017-11-07.