Laura Pearson

Go tswa ko Wikipedia

Laura Pearson ke sebini sa mmino wa ballet go tswa kwa Australia. O tsene sekolo kwa ABS kwa Melbourne.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Pearson ga ise a ithutele tsa kapari, ka dinako tsa a santse a le dingwaga di le masome a mabedi, o ne a tsaya loeto go ya kwa Brazil le kwa Ecuador kwa a kopaneng teng le balogi ba kwa Ecuador ba ba neng e le maloko a lekgotla le le simolotsweng ke ba Peace Corps.[1] Morago ga go simolola ka go reka dijesi kwa Ecuador paka e le nngwe ka ngwaga wa 1976, Pearson o ne a tsaya tshwetso ya go simolola go ithokela a dirisa leina la Tijuca kwa New York.[2] Pele o ne a thapa babereki ba kwa Ecuador ba le masome a mararo go mo rokela, palo e, e ene ya oketsega go nna lekgolo le masome a matlhano ka ngwaga wa 1982.[1][2] [3]Ka nako e o dijesi tsa gagwe tsa borre le bomme, di ne di sa tshwane le dipe tse di neng di rekisiwa,ka fa di utlwalang ka teng fa di tshwarwa, le tiriso ya mekgabisa ya ma India a kwa South America. O ne a fenya seetsele sa Special Coty Award ka ngwaga wa 1982.[1][4] Ka 1987, New York Times e ne ya tlhalosa gore dijesi tsa Tijuca le ntswa di le bokete di siametse go aparwa a bo a tlhalosa fa batho bantlha go dira tiro ya diatla ba ne ba fetola mmala wa ulu mo dipitseng mo mmolong o o neng o tsweletse o tuka.[5]


Pearson o ne a tloga a dira le dikausu, mme a thapiwa ke ba Signal Apparel Corporation go dira tse di rokilweng di le dintsi ka motshine, a dirisa leina la Laura Pearson USA.[1] Le fa tse Pearson a di rokileng di ne di tshegeditse mekgabisa le ka fa diutlwalang ka teng mo dilong di tshwana le dijesi, dibaki, le dikete le marokgwe, di ne di nna lobaka ebile di kgatlhisa le morago ga sebaka se seleele.[1] Dilwana tsa gagwe di ne di filwe maina a tshwana le "Laura's Backyard", "Falling leaves" le "Barn Door", di rotloeditswe ke metswedi e e farologaneng, e akaretsa segotlo sa lolwapa lwa moroki ka sebele kwa Sag Harbor New York.[1] Nngwe ya dilwana tsa letlhafula-mariga tsa 1986 go tsena 87 di ne di rotloeditswe ke tebego ya masimo a Uruguay fa o le mo sefofaneng.[6] O tlhalositse fa tiro ya gagwe e le botaki bo bo aparwang,mme ka 1988 Deseret News e supile fa tiro ya gagwe e le kgobokanyo ya dijesi.[1]

Kgwebo ya gagwe ya kaparo e tsere dingwaga di le masome a mabedi le botlhano. Pearson o fudugile kwa Sarasota Florida ka ngwaga wa 2009 mme jaanong o bereka e le morekisi wa matlo.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 1.6 Pedersen Budge, Rose Mary (21 November 1988). "Laura Pearson's Artistic Medium? Knit Sweaters!". Deseret News. Retrieved 4 June 2022.
  2. 2.0 2.1 "Untitled article clipping reprinted in "Peace Corps, 1961-1981, for 20 Years, Making a World of Difference."". Contra Costa Times. 9 July 1981. Retrieved 4 June 2022.
  3. "Dyed in the Wool". Working Woman. MacDonald Communications Corporation. 7 (1–6): 72. 1982.
  4. McDowell, Colin (1984). McDowell's Directory of Twentieth Century Fashion. Frederick Muller. pp. 299–301. ISBN 0-584-11070-7.
  5. la Ferla, Ruth (15 November 1987). "MEN'S STYLE; CLOSELY KNIT". The New York Times. Retrieved 4 June 2022.
  6. Hawkins, Timothy (28 February 1986). "NEW YORK : --a Swing to More Relaxed Silhouettes". Los Angeles Times. Retrieved 4 June 2022.
  7. "Laura Pearson, Real Estate Agent". Premier Sotheby's International Realty. Retrieved 4 June 2022.