Jump to content

Le Havre AC (bomme)

Go tswa ko Wikipedia
Le Havre
Setshwantsho:Le Havre AC logo.svg
Leina ka botlaloHavre Athletic Club
Maina a tshamekoLes Havraises
Les Ciel et Marine (The Sky-and-Navy)
Tshimologo2015; 9 years ago (2015)
LebalaStade Océane
Palo25,181[1]
PresidentVincent Volpe
Head coachRomain Djoubri
LekiDivision 1 Féminine
2022–23Division 1 Féminine, 8th of 12
MaranyaneClub website

Le Havre Athletic Club, e e itsegeng fela jaaka Le Havre (French pronunciation: [lə ɑvʁ]), ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa bomme sa kwa Fora sa kwa Le Havre, kwa Normandy. Se tlhamilwe ka ngwaga wa 2015, mme se tshameka metshameko ya sone kwa Stade Océane mo toropong. Se gaisana mo Division 1 Féminine go tloga ka setlha sa 2023-24.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Ka tlhotloetso ya tautona wa mokgatlho wa Le Havre AC, Jean-Michel Kociszewski, le komiti ya gagwe ya botsamaisi, HAC e ne ya tlhama karolo ya bomme ka 2010. Sa ntlha, e ne ya katisa banana ba ba simololang, dingwaga di le mmalwa, pele ka 2014 se bulela batshameki ba ba kwadisitsweng dikgoro se bo se kwadisa ditlhopha tsa U11 le U13 mo kgaisanong ya semmuso.[2] Ka 2015, letlhakore la bomme la HAC le ne le na le batshameki ba le masome a ferabongwe, ba bopa ditlhophana mo ditlhopheng tsotlhe tsa dingwaga go tloga ka U8 go ya ko go ba bagolo.[3]

Ka Lwetse a le masome mabedi le bosupa ka 2015, setlhopha sa bomme sa Le Havre AC se ne sa tshameka motshameko wa sone wa ntlha mo kgaisanong ya semmuso mo lebaleng la Saint-Nicolas-d'Aliermont. Ka Motsheganong a le malatsi a le matlhano ka 2016, Le Havre e ne ya fenya Coupe de Normandie ka go fenya ESM Gonfreville l'Orcher. E ntse e le kgatlhanong le setlhopha seo, setlhopha sa Le Havre se ne sa fenya DMF Cup (Maritime Football District).[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Archived copy". Archived from the original on 7 January 2019. Retrieved 7 January 2019.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)
  2. "La séction féminine du HAC". hac-foot.com. Retrieved 16 April 2020.
  3. "Football - DH féminines : le Havre AC se met au féminin". Paris-normandie.fr (in French). 16 September 2015. Retrieved 16 April 2020.
  4. "Football - DH féminine : le HAC et Gonfreville ont des ambitions". Paris-normandie.fr (in French). 28 September 2016. Retrieved 16 April 2020.