Lebala la metshameko la motse wa Serowe

Go tswa ko Wikipedia

Lebala la metshameko la Serowe ke kwa mediro e farologaneng e dirwang teng, lebala le le mo toropong ya Serowe, Botswana. Ke lengwe la mafelo a go tshamekelwang metshameko e farologaneng, lefelo le le kgobokanyeditswe madi a kana ka di dikadike tse di masome mabedi le bopupa, le ne la agiwa ka ngwaga wa 2002 ebile la tlhomiwa simmoso ka ngwaga wa 2003. Lebala la metshameko le sephara sa selekanyo sa dikete tse thataro. Lebala la metshameko le ke la mangmang ka le na le lebala la motshameko wa kgwele ya dinao, le bo le dikaganyediwa ke lebala la batabogi Mo legareng ga lebala la metshameko le go na le di dirisiwa tsa metshameko ya high-jump, long-jump, pole vault le dirisiwa tsa metshameko e mengwe. Kwa ntle ga lebala la metshameko, mme go le mo lefelong le lengwe fela, go na le metshameko e mentsi ya jaaka bolotloa, volleyball, softball le tennis. Lefelo le le nnile mosola thata mo motseng wa Serowe, ka le naya didirisiwa tsa lebala la metshameko le le haphegileng. Lefelo le le itshopile fa le nonofile thata mo le letang go ka nna lefelo le bommampodi ba lefatshe ba ka ithuthuntshang teng gape e ka nna lefelo la bonno la ditlhopha tsa lefatshe, se se fokotsa phetelelo ya tiriso mo lebaleng la metshameko la sechaba, le e leng lone fela mo bogompienong e leng lebala lametshameko la mangmang.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Mo dingwageng tse di fagare ga 2007, go ne ga tlhatlhoga mathata ka dikago tsa lebala la motshameko le, mathata e le morwalo o feteletseng se sene sa tlama gore go fudusiwe didirisiwa tsotlhe. Go nnile le dikakgelo tse dintsi thata go tsweng makgotlha a mangwe ka phudogo ya di dirisiwa ka ntlha ya mabotana a thubegang a dikaganyetseng tsa mabala a metshameko le a di ofisi. Mathata a mangwe e ne le gore lebala la metshameko le tla tshwanelwa ke go duelelwa madi a kana ka di dikadike tse tlhano go tiisa mmu, se e le ka ntlha ya gore mmu wa teng ga go a siamela dikago. Le fa gontse jalo, meono e e neng e dirilwe e ne ya emisiwa ka ntlha ya madi a mantsi a akanyeditsweng a ka nna selekanyo sa di dikadike tse masome mabedi a neng a a ka dirisetswang phudugo.[1]

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

  1. http://www.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20070913&i=Serowe_bontsi jwa-di dikadike_jwa lebala la metshameko_bo_a_fudisiwa

Information iconPego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.