Lekgotlana la Botswana Scouts Association

Go tswa ko Wikipedia

Botswana Scouts Association ke lekgotlana la lekalana la Masupatsela mo lefatsheng la Botswana le le tlhamilweng ka ngwaga wa 1936, le le nna leloko la World Organisation of The Scout Movement wa setlhopha sa Masupatsela ka ngwaga wa 1958. Setlhopha sa basimane fela ba Botswana Scouts Association le ile la ikgapela boloko godimo ga Masupatsela a le dikete tse dimasome (10,000); [1]ka jalo WOSM e ne ya ntsha maloko a le dikete tse pedi le masome a supa le botlhano (2,075) mo ngwageng wa 2011.[2]

Ditiro[fetola | Fetola Motswedi]

Masupatsela a mo Botswana ba gola ba ithutela ditiro tsa diatla go tswa kwa batsading le ba malwapa a bone. Ba dirisa boitseanape bo tshwana le go gotsa molelo, go apaya, go batla dikaelo tsa mosepele ba dirisa letsatsi, dinaledi, go kokoana ga batho, bosimolodi, thuso tsa potlako le tse dingwe hela jalo mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi.

Ditlhophana tsa masupatsela di kopana mo dikoleng tsa dikgaolo tsa tsone kana kontle fela mo metseng. Masupatsela ba amane le mananeo a ithutuntsho ya go itirelo ka diatla gammogo le tse dingwe ditiro tsa motseselegae.Dingwe tsa mananeo a ke thuo ya dikoko, thuo ya dinotshe, go betla, go thula ditshipi le temo ya maungo le merogo.

Masupatsela a nna a tsaya lobaka lo lo leele mo maetong a masa a itloso bodutu mo dikgweng. Maeto a bone a tlhokana le kelotlhoko e e tseneletseng, ka go na le diphologolo tse di ntsi tse borai jaaka ditlou le ditau.

Boeteledipele jwa bo rre ba bagolwane bo dingalo mo Botswana, ka borre ba sa ikamanye le bana go fitlhelela bana ba fitlha dingwa di le lesome le bone (14). Ka mabaka a se bontsi jwa baeteledi ke bomme, barutabana le baruti ba bo rre.

Bontsi jwa ditlhophana tsa Masupatsela ba na le ditshingwana tsa merogo gape ba ruitwa ka go tlhokomela dikgomo,dinku le dipodi.

Thulaganyo ya dikarolo[fetola | Fetola Motswedi]

  • Cub Scouts
  • Boy Scouts
  • Rovers

Sekano sa Bosupatsela ke Nna o i Paakantse, Be Prepared ka Setswana

Sekano[fetola | Fetola Motswedi]

Sekopelo sa boloko ba lekgotlana la Botswana Scouts Association le na le bontlha bongwe jwa tlhogo ya tau, e leng sesupo se se dirisiwang mo lefatsheng la Botswana ka jaana e ne e le lefatshe le neng le busiwa ke lekalana la Bosupatsela jwa kwa ga Mmamosadinyana (British Scounting).

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "The History of BSA" Botswana Scouts Association. Retrieved 2022-10-31.[1]
  2. "Triennal review: Census as at 1 December 2010" (PDF). World Organization of the Scout Movement. Archived from the original (PDF) on 8 May 2012. Retrieved 2022-11-31.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]