Jump to content

Leopoldo Zea Aguilar

Go tswa ko Wikipedia

Leopoldo Zea Aguilar (Seetebosigo 30, 1912 - Seetebosigo 8, 2004) e ne e le rafilosofi wa kwa Mexico.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Zea o tsholetswe kwa Mexico City.

Zea o ne a tuma ka ntlha ya thesis ya gagwe ya master, El Positivismo en México

Leopoldo Zea Aguilar
Tsalo(1912-06-30)Seetebosigo 30, 1912
LesoSeetebosigo 8, 2004(2004-06-08) (aged 91)

(Positivism in Mexico, 1943), e mo go yone a neng a dirisa le go ithuta ka positivism mo nageng ya gaabo le lefatshe ka nako ya phetogo magareng ga lekgolo la bo19 le la bo20 la dingwaga. Ka yone o ne a simolola go sireletsa Kopanyo ya Amerika, e e neng ya akantshiwa la ntlha ke Liberator le Monna wa Puso Simón Bolívar, a e naya tlhaloso ya gagwe e e ikaegileng ka maemo a bokoloniale jo bosha ka nako ya go kgaogana ga Mmusomogolo wa Amerika le Mexico.

Mo ditirong tsa gagwe, Zea o bontsha gore dintlha tsa hisitori ga di ikemele ka nosi mo megopolong, le gore ga di tswe mo go se se tsewang se sa tlwaelega, mme di tswa mo go arabeleng ka tsela e e motlhofo mo maemong mangwe a botshelo jwa motho.

Mo ponatshegelong ya gagwe ya Latin America e e kopaneng, o ne a femela dilo tse a neng a di dumela malebana le seabe sa batho mo kgaolong eo. Zea o ne a tlhalosa gore go ribololwa ga 1492 e ne e se sepe fela fa e se go iphitlha mo dilong tsa setso le tse di itsegeng, e le selo se se bakilweng ke go tswakana ga megopolo ya go bopa popego ya Latin America, e leng selo se a neng a se senola ka ngwaga wa bo500 ka 1992. Moragonyana, o ne a ithuta ka tlhatlhobo ya dilo tsa tlholego tsa Latin America mo dilong tsa setso le tsa hisitori ya lefatshe.

E re ka Zea a ne a tswa mo lelapeng le le humanegileng, o ne a bereka kwa ofising ya Telégrafos Nacionales ka 1933 gore a kgone go duelela dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolwane le tsa yunibesithi.

Ka 1966, o ne a nna motsamaisi wa kholetšhe, a dira tiro eno go fitlha ka 1970. Ka nako ya fa a ne a le Motsamaisi o ne a thaya Latin American Studies College (ka 1966) mme morago a thaya Coordination and Propagation Center ya UNAM Latin American Studies (1978). O amogetse dikgele di le dintsi go akaretsa Premio Nacional de Ciencias y Artes ka 1980, Premio Interamericano de Cultura "Gabriela Mistral" (wa OAS) le Medalla Belisario Domínguez (wa Senate ya Mexico) ka 2000.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Medalla Belisario Domínguez" (in Spanish). Senado de la Republica. 31 Oct 2000. Retrieved August 28, 2020.[1]