Letsatsi la Boditšhabatšhaba la loleme lwa ga Mmè

Go tswa ko Wikipedia

 

Letsatsi la Boditšhabatšhaba la loleme lwa ga Mmè ke Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa lefatshe lotlhe o o tshwarwang ka 21 Tlhakole go rotloetsa temogo ya dipuo le ditso tse di farologaneng le go rotloetsa dipuo di le dintsi. E ne ya itsisiwe la ntlha semmuso ke UNESCO ka 17 Ngwanatsele ka ngwaga wa 1999,[1] mme ya amogelwa semmuso ke Kokoanokakaretso ya Ditšhaba Tse di Kopaneng ka go amogelwa ga tshwetso ya ditshaUN 56/262[2] ka ngwaga wa 2002.

Letsatsi [3] la loleme lwa ga Mmè ke karolo ya maitlhomo a magolo "go rotloetsa go bolokiwa le go sirelediwa ga dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ke batho ba lefatshe" jaaka di amogetswe ke Kokoanokakaretso ya UN ka 16 Motsheganong 2007 mo maitekong a UN 61/266,[4] a gape a tlhomileng 2008 jaaka Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Dipuo.[5][6][7]Kgopolo ya go keteka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la loleme lwa ga Mmè e ne e le maitlhomo a kwa lefatsheng la Bangladesh.

  1. "The General Conference proclaim"International Mother Language Day" to be observed on 21 February". unesdoc.unesco.org. 1999-11-16. Retrieved 2019-04-21.
  2. "A/RES/56/262 - e - A/RES/56/262 -Desktop". Retrieved 9 November 2019.
  3. . pp. 97–. {{cite book}}: Missing or empty |title= (help)
  4. "A/RES/61/266 - e - A/RES/61/266 -Desktop". Retrieved 9 November 2019.
  5. "International Mother Language Day, 21 February". www.un.org. Retrieved 2019-11-09.
  6. "Links to documents". Un.org. 2002-09-09. Retrieved 2016-07-02.
  7. . pp. 102–. {{cite book}}: Missing or empty |title= (help)